Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Bahebera 13 - BAEBELE e e Boitshepo


Tirelo e e itumedisang Modimo

1 A go rata bakaulengwe go tswelele pele.

2 Se lebaleng go itshupa lorato mo baennyeng; gonne bangwe ba kile ba tshogana ka ba tshotse baengele ka gone ba sa itse.

3 Gopolang ba ba mo dikgoleng, jaaka fa lo ka bo lo golegilwe nabo; le ba ba direlwang maswe, jaaka le lona lo sa ntse lo le mo mmeleng.

4 A nyalo e tlotlwe mo go botlhe, a bolao bo se leswefadiwe; gonne Modimo o tlaa sekisa bagokafadi le ba boaka.

5 Lo ikgolole mo go rateng khumo ya madi; lo nne boitumelo ka dilo tse lo nang natso; gonne go buile ene ka esi a re: “Ga nketla ke go tlhokafalela gope, le gone ga nketla ke go latlha gope.”

6 Jalo re bua ka go inametsa pelo re re: “Jehofa ke mothusi wa me, ga nketla ke boifa; ana motho o ka ntirang?”

7 Gopolang ba ba kileng ba lo laola, ba lo bolelela lefoko la Modimo; mme lo re lo akanya bofelelo jwa botshelo jwa bone, lo tle lo etse tumelo ya bone.

8 Jesu Keresete e ntse ke ene wa maabane le wa gompieno, ee, le wa ka bosakhutleng.

9 Lo se ka lwa utswiwa dipelo ke dithuto dingwe le dingwe le tsa seeng; gonne go molemo gore pelo e tlhomamisiwe ka tshegofatso, e seng ka dijo, tse e rileng batho ba itapisa ka tsone, ba se ka ba bona thuso mo go tsone.

10 Rona re na le sebeso se bone ba ba direlang motlaagana ba se nang tshiamelo ya go ja ga sone.

11 Gonne ditoto tsa ditshedi tseo di tle di jewe ke molelo kwa ntle ga motse, e bong tse madi a tsone a isiwang mo Felong ga Boitshepo ke moperesiti yo mogolo, e le tshupelelo ya boleo.

12 Ke gone ka moo, Jesu le ene a boga loso kwa ntle ga kgoro ya motse, gore a tle a itshepise batho ka madi a e leng a gagwe.

13 Ke gone, le rona a re tsweleng kwa go ene kwa ntle ga motse, re belege kgobo ya gagwe.

14 Gonne mono ga re na motse o o tlhomameng, re batla one motse o o tlaa tlang.

15 Jalo a re nneng re isetse Modimo tshupelo ya pako ka ene ka metlha yotlhe, e bong loungo lwa melomo e e ipolelang leina la gagwe.

16 Go dira molemo le go thusanya, lo se ka lwa go lebala, gonne Modimo o kgatlhwa ke ditlhabelo tse di ntseng jalo.

17 Utlwang ba ba lo laolang, lo ba ineele; gonne ba disitse mewa ya lona, jaaka ba ba tlaa ikarabelang, gore ba tle ba dire jalo ka boitumelo, e seng ka bohutsana, gonne mo go ka bo go se na thuso mo go lona.

18 Lo re rapelele, gonne re a tlhomamisa fa re na le segakolodi se se siameng; re eletsa go tshela ka go tlhoka matsoketsane mo dilong tsotlhe.

19 Bogolo ke lo laya thata gore lo dire jalo, gore ke tle ke bone go akofa ke lo rebolelwa.


Tshegofatso le ditumediso tsa bofelo

20 Jaana Modimo wa kagiso, o o bileng o busitse Modisa yo Mogolo wa dinku mo baswing, ka madi a kgolagano e e sa khutleng, e bong Morena wa rona Jesu,

21 a o lo dire go nna boitekanelo mo go sengwe le sengwe se se molemo, go dira go rata ga one, ka go dira mo go rona se se kgatlhang mo matlhong a one, ka Jesu Keresete; yo kgalalelo e ka kang ya nna kwa go ene ka bosakhutleng le ka bosaengkae. Amen.


Molaetsa wa bofelo

22 Ke a lo laya bagaetsho ka re, a lo ke lo reetseng sentle lefoko la tao; gonne ke lo kwaletse ka mafoko a le makhutshwane.

23 Itseng fa mokaulengwe Timotheo a golotswe, yo e tlaa reng fa a ka akofa a tla, ke be ke tla ke ya go lo bona ke na nae.

24 Dumedisang botlhe ba ba lo laolang, le baitshepi botlhe. Bone ba Itale ba a lo dumedisa.

25 A tshegofatso e nne le lona lotlhe. Amen.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan