Bahebera 1 - BAEBELE e e BoitshepoModimo o buile ka Morwa wa one 1 Modimo, o e rileng ka o buile le borara mo metlheng ya bogologolo ka baperofeti, ka mafoko mangwe le mangwe, le ka mekgwa mengwe le mengwe, 2 o buile le rona mo bokhutlong jwa metlha eno ka Morwa one, yo o mmeileng morui wa dilo tsotlhe, yo o bileng wa dira dipopo ka ene; 3 yo e reng ka e le ene marang a kgalalelo ya one, le setshwano ka sebele sa Bomodimo jwa one, a bile a tshegeditse dilo tsotlhe ka lefoko la nonofo ya gagwe; ka re, e rile a sena go dira bontlafatso jwa dibe, a dula ka fa letsogong le legolo la Borena kwa godimodimo. Bogolo jwa Morwa Modimo 4 O diregile mogolo go feta baengele, fela jaaka a ruile leina le le gaisang la bone. 5 Gonne o kile wa raya ofe wa baengele ka lobaka longwe wa re: “O Morwaake, ke go tsetse gompieno”? Gape, “Ke tlaa nna Rraagwe, Mme ene o tlaa nna Morwaake”? 6 Gape ya re o tlisa motsalwapele wa one mo lefatsheng wa re: “A baengele botlhe ba Modimo ba mo obamele.” 7 Ka ga baengele o buile wa re: “O dira baengele ba one diphefo, le badiredi ba one kgabo ya molelo.” 8 Mme ka ga Morwa one o buile, wa re: “Setulo sa gago sa bogosi, Modimo, se ntse ka bosakhutleng le ka bosaengkae; tsamma ya thokgamo ke yone tsamma ya bogosi jwa gago. 9 O ratile tshiamo mme wa ila boikepo; ke gone Modimo, Modimo wa gago, o go tloditseng ka lookwane lwa boitumelo godimo ga bankana ba gago.” 10 Gape: “Wena Morena, e rile mo tshimologong wa thaya motheo wa lefatshe, mme magodimo ke ditiro tsa diatla tsa gago; 11 tsone di tlaa nyelela, mme wena o nnetse ruri; tsone tsotlhe di tlaa onala jaaka seaparo; 12 mme o tlaa di mena jaaka morepo, jaaka seaparo, mme di tlaa fetolwa; mme wena o bo o ntse jaaka o ntse fela, dinyaga tsa gago ga di ketla di fela.” 13 O kile wa bua ka ga ofe wa baengele ka lobaka longwe wa re: “Dula ka fa letsogong la me le legolo, ke tle ke tsamaye ke dire baba ba gago sebeo sa dinao tsa gago”? 14 Bone botlhe a ga se mewa e e direlang, e e rongwang mo tirong ka ntlha ya ba ba tlaa ruang poloko? |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa