Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Bafilipi 4 - BAEBELE e e Boitshepo


Ditaelo

1 Ke gone bagaetsho ba ba rategang, le ba ba tlhologeletsweng boitumelo jwa me, le serwalo sa me, ka re, baratwa ba me, emang ka tlhomamo jalo mo Moreneng.

2 Ke laya Euodia, ke laya Senthuke, gore ba nne pelo nngwe fela mo Moreneng.

3 Ee, le wena ke a go rapela, mmelegajokwe ka nna wa mmaanete, ka re, thusa basadi bao, gonne ba kile ba dira le nna mo Mafokong a a Molemo, le ene Kelemente, le ba bangwe badiri ka nna, ba maina a bone a mo lokwalong lwa botshelo.

4 Itumeleng mo Moreneng ka metlha yotlhe; ke tlaa ba ke re: Itumeleng.

5 A boiphapaanyo jwa lona bo itsiwe mo bathong botlhe. Morena o gaufi.

6 Lo se ka lwa tlhobaediwa ke sepe; mme mo dilong tsotlhe a ditopo tsa lona di itsisiwe Modimo ka thapelo le kokotlelo, di na le tebogo.

7 Kagiso ya Modimo e e fetang tlhaloganyo yotlhe, e tlaa dibela dipelo tsa lona le megopolo ya lona mo go Keresete Jesu.

8 Sa bofelo, bagaetsho, dilo tsotlhe tsa boammaaruri, dilo tsotlhe tse di tshwanetseng go tlotlwa, dilo tsotlhe tse di itshekileng, dilo tsotlhe tse di rategang, dilo tsotlhe tse di bolelwang ka molemo; fa go na le molemo mongwe, fa go na le pako, lo gopole dilo tse.

9 Dilo tse lo di ithutileng, lwa ba lwa di amogela, lwa ba lwa di utlwa, lwa ba lwa di bona mo go nna, dilo tseo, lo di dire; mme Modimo wa kagiso o tlaa nna le lona.


Go lebogela dimpho tsa Bafilipi

10 Ke itumela thata mo Moreneng, ka jaana lo bile lo tsosolositse mogopolo wa lona ka ga me; le gale lo kile lwa nna lwa nkgopola, mme lwa tlhoka lobaka.

11 Ga se go re ke bua ka ga go tlhoka; gonne ke ithutile gore, le fa ke ka nna mo popegong e e ntseng jang, ke be ke itumele fela mo go yone.

12 Go kokobediwa ke a go itse, le go huma ke a go itse; mo go sengwe le sengwe, le mo dilong tsotlhe ke ithutile bokwateng jwa go kgora le go bolawa ke tlala, go atlanegelwa le go tlhoka.

13 Nka dira dilo tsotlhe ka ene yo o nnonotshang.

14 Le fa go ntse jalo lo dirile sentle, ka lo ikopantse le nna mo pitlaganong ya me.

15 Le lona ka losi lo a itse, lona Bafilipi, fa e rile mo tshimologong ya Mafoko a a Molemo, jale ka ke tloga mo Maketonia, go se ka ga dira le epe phuthego e e ikopantseng le nna mo tirong ya go aba le go amogela, fa e se lona fela;

16 gonne le mo Thesalonika lo kile lwa nna lwa roma gangwe le gape go nthusa mo go tlhokeng ga me.

17 Ga se go re ke batla mpho; mme ke batla loungo lo lo tlaa totafalelang lona.

18 Ke na le dilo tsotlhe, ke bile ke atlanegetswe, ke kgotshe, ka ke amogetse mo go Epaferodito dilo tse di tswang koo go lona, e le lonko lo lo nkgang monate, e le setlhabelo se se lebosegang, se se kgatlhang Modimo.

19 Modimo wa me o tlaa lo naya sengwe le sengwe se lo se tlhokang, ka fa lohumong lwa one mo kgalalelong mo go Keresete Jesu.

20 Jaana, a kgalalelo e nne go Modimo le Rra wa rona ka bosenabokhutlo le ka bosaengkae. Amen.


Ditumediso tsa bofelo

21 Dumedisang moitshepi mongwe le mongwe mo go Keresete Jesu. Bakaulengwe ba ke nang nabo ba a lo dumedisa.

22 Baitshepi botlhe ba a lo dumedisa, segolo bone ba e leng ba ntlo ya ga Kaesare.

23 A tshegofatso ya Morena Jesu Keresete e nne le mewa ya lona.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan