Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Bafilipi 3 - BAEBELE e e Boitshepo


Tshiamo ya nnete

1 Sa bofelo, bagaetsho, itumeleng mo Moreneng. Go nna ke lo kwalela dilo di le dingwe fela, le gale ga go ntapise, ka ga lona ke go lo direla tlhomano.

2 Lo itise mo dintšeng, lo itise mo badiring ba bosula, lo itise mo go ba ba rupisang.

3 Gonne bogwera ke rona ba re obamang ka Mowa wa Modimo, re ipelafatsa ka Keresete Jesu, re bile re se na boikanyo bope mo nameng.

4 Le fa go ntse jalo, nna ka nosi, ke ne ke ka nna le go ikanya le mo go yone nama; fa motho mongwe o sele a gopotse go ikanya mo nameng, nna bogolo,

5 ka ke rupisitswe ka letsatsi la bo 8; ke wa sešaba sa Iseraele; ke wa losika lwa ga Benjamine, ke Mohebere wa Bahebere; ka fa molaong ke Mofarisai;

6 ka ga tlhoafalo, ke ne ke bogisa phuthego; ka ga tshiamo e e leng ya molao, ka fitlhelwa ke se na molato.

7 Le fa go ntse jalo dilo tse di neng di le thuso mo go nna, ke tsone tse ke di kaileng fa di ntatlhegetse ka ntlha ya ga Keresete.

8 Ee, ruri, ke kaya dilo tsotlhe di ntatlhegetse ka ntlha ya molemo o mogolo wa go itse Keresete Jesu Morena wa me; yo ke latlhegetsweng ke dilo tsotlhe ka ntlha ya gagwe, mme ke di kaya malele fela, gore ke tle ke bone Keresete.

9 Le gore ke fitlhelwe ke le mo go ene, ke se na tshiamo e e leng ya me, e bong yone e e leng ya molao, fa e se yone e e ntseng ka tumelo mo go Keresete, e bong tshiamo e e tswang mo Modimong ka tumelo;

10 gore ke itse ene, le thata ya go tsoga ga gagwe, le go tlhakanela nae dipogiso tsa gagwe, ke bopegela mo tshwanong ya loso lwa gagwe;

11 e tle e re kgotsa ka mokgwa mongwe ke ye go fitlha mo go tsogeng ga baswi.


Go lekela pele kwa phenyong

12 Ga se go re ke setse ke fitlhile, le fa e le gore ke setse ke itekanetse; mme ke lekela kwa pele, e tle e re kgotsa ke tshware se e leng sone le nna ke se tshwaretsweng ke Keresete Jesu.

13 Bagaetsho ga ke ikaye gore ke setse ke tshwere; mme selo sengwe ke a se dira, ka re, ke tlhokomologa dilo tse di kwa morago, ke gagamalela kwa dilong tse di kwa pele.

14 Ke lekela ka thata kwa sekaong, ke ya go tsaya sekgele sa piletsogodimo ya Modimo mo go Keresete Jesu.

15 Ke gone, botlhe ba ba itekanetseng mo go rona, a re nneng maikutlo a a ntseng jalo; mme fa lo le maikutlo a sele mo selong sengwe, le sone Modimo o tlaa se lo senolela;

16 fela kwa re setseng re fitlhile teng, a re ke re nneng re sepele ka fa sekaong seo fela.

17 Bagaetsho, lo nne baetsi ba me mmogo, lo ele tlhoko ba ba sepelang jalo, fela jaaka lo na le rona re le sekao.

18 Gonne batho bantsi ba sepela e le baba ba mokgoro wa ga Keresete, e le ba ke ba lo boleletseng gantsi, mme gompieno ke lo bolelela fela ka go lela;

19 ke ba bokhutlo jwa bone e leng tatlhego, ke ba modimo wa bone e leng mpa fela, le ba boipelafatso jwa bone e leng ditiro tsa bone, ke ba ba tlhokometseng dilo tsa selefatshe.

20 Gonne motse wa rona o kwa legodimong; kwa le gone re lebeletseng Mmoloki go tswa teng, e bong Morena Jesu Keresete;

21 yo o tlaa bopang seša mmele wa boikokobetso jwa rona, gore o bopege jaaka mmele wa kgalalelo ya gagwe, ka fa go direng mo o nonofileng go ipeela dilo tsotlhe mo taolong ya gagwe ka teng.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan