Bafilipi 2 - BAEBELE e e BoitshepoGo ikokobetsa le go godisiwa ga Keresete 1 Ke gone fa go na le kgomotso nngwe mo go Keresete, fa go na le nametso nngwe ya lorato, fa go na le bolekane bongwe le Mowa, fa go na le mautlwelobotlhoko a manana le mapelotlhomogi, 2 dirafatsang boitumelo jwa me, jwa gore lo nne kgopolo e le nngwe fela, lo tshwane mo loratong, lo le mo tumalanong e le nngwe fela, lo le pelo e le nngwe fela. 3 Lo se dire sepe ka go re lo itira lekoko, le fa e le ka go ipelafatsa fela, fa e se go re, ka boikokobetso jwa pelo, mongwe le mongwe a kaya yo mongwe fa a mo gaisa ka molemo. 4 A mongwe le mongwe a se tlhokomele dilo tse e leng tsa gagwe fela, fa e se go re, mongwe le mongwe o tlhokomela le tse e leng tsa bangwe. 5 Lo nne le pelo e mo go lona, e e neng e le mo go Keresete Jesu le ene, 6 yo e rileng a le mo tshwanong ya Modimo, a se ka a kaya fa go lekana le Modimo e le se se ka huparelwang, 7 mme a ikhudula, a tsaya tshwano ya motlhanka, ka a dirwa mo tshwanong ya batho. 8 Mme o rile a fitlhelwa a le mo popegong ya motho, a ikokobetsa, a ineela fela le mo losong, e bong e e leng loso lwa mokgoro. 9 Ke gone ka moo Modimo le one o mo godisitseng thata, mme wa mo naya lone leina le le fetang maina a otlhe; 10 gore mangole otlhe a khubame ka leina la ga Jesu, e bong a dilo tse di kwa legodimong, le a dilo tse di mo lefatsheng, le a dilo tse di kwa tlase ga lefatshe, 11 le gore diteme tsotlhe di bolele fa Jesu Keresete e le Morena, kgalaletsong ya Modimo Rara. Go phatsima jaaka masedi mo lefatsheng 12 Jalo, barutwa ba me, fela jaaka lo ntse lo utlwa gale, e seng kwa ke leng gone go le gosi, mme bogolo thata gompieno ke seyo, lo itireleng poloko ka losi, ka poifo le ka thoromo; 13 gonne Modimo ke one o o dirang mo go lona go ikaelela le go dira, e le go re o dira go kgatlhega ga one. 14 Dirang dilo tsotlhe ka mo go se nang dingongorego le dikgang; 15 gore lo nne ba ba se nang molato, le ba ba bokgwabo, lo le bana ba Modimo ba ba se nang bogole mo gare ga losika lo lo kgopo le logwadi, ba lo bonalang mo go bone jaaka masedi mo lefatsheng; 16 lo ntse lo ntshitse lefoko la botshelo ka letsogo; gore ke tle ke dirane le mo ke ipelafatsang ka gone mo motlheng wa ga Keresete, ka go re, ga ke a ka ka sianela, le fa e le go direla lefela. 17 Ee, le gone fa ke ka thelwa tshupelo ya noo mo godimo ga setlhabelo le tirelo ya tumelo ya lona, ke a itumela, ke itumela le lona lotlhe. 18 Le lona lo itumele fela jalo, lo bo lo itumele le nna. Timotheo le Epaferodito 19 Ke solofetse mo go Morena Jesu fa ke tlaa akofa ke roma Timotheo kwa go lona, gore le nna ke gomotsege, mogang ke tlhaloganyang ka fa lo ntseng ka teng. 20 Gonne ga ke na ope yo o pelo e tshwanang le ya gagwe, yo o tlaa tlhokomelang ka tlhomano ka fa lo tshelang ka teng. 21 Gonne botlhe ba ipatlela dilo tsa bone, e seng dilo tsa ga Jesu Keresete. 22 Mme ene, lo itse go lekega ga gagwe, gore jaaka ngwana a tle a direle rraagwe, le ene o dirile le nna jalo mo go tswedisetseng Mafoko a a Molemo kwa pele. 23 Ke gone ke ene yo ke solofetseng go akofa ke mo roma ke sena go bona ka fa go tlaa nnang le nna ka teng. 24 Ke ikantse mo Moreneng, gore le nna ke tlaa akofa ke ya koo. 25 Mme ka gopola gore ke tshwanetse go roma kwa go lona Epaferodito wa mokaulengwe, le modiri ka nna, le motlhabani ka nna. Yo e leng morongwa wa lona, le yo o ntirelang mo go tlhokeng ga me; 26 ka a lo tlhologeletswe lotlhe, a hutsafetse thata, ka ntlha ya gobo lo ne lo utlwile fa a lwala. 27 Gonne ruri o ne a lwala, a ba a nna gaufi le go swa; mme Modimo wa mo utlwela botlhoko; mme e seng ene esi, e leng le nna gore ke se ka ka bona bohutsana bo tlhatlaganye le bohutsana. 28 Ke gone ke potlakileng ka mo roma bogolo, gore e tle e re lo mmona, lo itumele, le gore bohutsana jwa me bo ngotlege. 29 Ke gone, mo amogeleng mo Moreneng ka boitumelo jotlhe; lo tlotle yo o ntseng jalo; 30 gonne o ne a nna gaufi le go swa ka ntlha ya tiro ya ga Keresete, a tlhokomologa botshelo jwa gagwe, gore a ntirele se se tlhokafetseng mo go ntireleng ga lona. |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa