Bafilipi 1 - BAEBELE e e BoitshepoTumediso 1 Ke nna Paulo, ke na le Timotheo, re batlhanka ba ga Keresete Jesu; re kwalela baitshepi botlhe ba ba kwa Filipi, ba ba mo go Keresete Jesu, ba na le baokami le batiakone: 2 A tshegofatso e nne le lona, le kagiso e e tswang Modimong Rraetsho le Morena Jesu Keresete. Paulo o rapelela Bakeresete ba Filipi 3 Ke leboga Modimo wa me ka metlha yotlhe e ke lo gopolang ka yone. 4 Ka metlha yotlhe mo merapelong yotlhe ya me ka ga lona, ke dira morapelo wa me ka boitumelo, 5 ka ntlha ya bolekane jwa lona mo go tsamaiseng Mafoko a a Molemo, e sa le ka letsatsi la ntlha le go tla motlheng wa gompieno. 6 Ke ntse ke ikantse mo, gore yo o simolotseng tiro e e molemo mo go lona, o tlaa e sweletsa go ya kwa motlheng wa ga Jesu Keresete; 7 fela jaaka go ntshiametse, gore ke nne ke lo gopole jalo lotlhe, gonne ke na le lona mo pelong ya me, ka lotlhe lo tlhakanetse tshegofatso le nna mo dikgolegong tsa me, le mo go femeleng Mafoko a a Molemo, le mo go a tlhomamiseng. 8 Gonne Modimo ke mosupi wa me, wa ka fa ke lo tlhologeletsweng lotlhe ka teng mo mautlwelong botlhoko a manana a ga Keresete Jesu. 9 Ke lo rapelela mo, gore lorato lwa lona lo totafale bogolo bogolo mo kitsong le mo temogong; 10 gore lo ke lo dumalane le dilo tse di molemo, gore lo ke lo nne peloephepa le botlhoka sekgopi, go ya go fitlha mo motlheng wa ga Keresete; 11 ka go tladiwa maungo a tshiamo, a a leng kgalaletso le pako ya Modimo ka Jesu Keresete. Go tshela ke Keresete 12 Jaana ke rata lwa itse, bagaetsho, fa dilo tse di ntirafaletseng di dirafaletse botswelelopele jwa Mafoko a a Molemo bogolo; 13 ga tsamaya dikgolego tsa me tsa bonatshega ka Keresete mo mophatong otlhe wa molaodi wa motse, le mo go botlhe ba bangwe; 14 bontsi jwa bakaulengwe ba ba mo Moreneng, ka ba ikantse dikgolego tsa me, ba nna tshosologo bogolo go bua lefoko la Modimo ba se na poifo. 15 Le gale bangwe boo ba rera Keresete ka bopelotshetlha le kgang; mme bangwe le bone ka pelo e ntle; 16 ba bangwe ba go dira ka lorato, ka ba itse fa ke beilwe go femela Mafoko a a Molemo; 17 ba bangwe ba rera Keresete ka mokgwa wa go itira lekoko, e seng ka peloephepa, ba gopotse go ntsosetsa pitlagano mo dikgolegong tsa me. 18 Mme e be e le eng? E be e le go re ka mekgwa yotlhe, le fa e le ka boitimokanyo, le fa e le ka boammaaruri, Keresete o a bolelwa; mme ke itumelela gone moo; ee, ke tlaa nna ke itumela fela. 19 Gonne ke a itse fa golo mo go tlaa tswa polokego ya me, ka ntlha ya merapelo ya lona le neo ya Mowa wa ga Jesu Keresete. 20 Ka fa tebelelong ya me e e thata, le tsholofelo ya gore, ga nketla ke tlhabisiwa ditlhong ke sepe, fa e se gore, jaaka gale, le gompieno, Keresete o tlaa godisiwa mo mmeleng wa me, le fa e ka ne e le ka botshelo, le fa e ka ne e le ka loso. 21 Gonne mo go nna, go tshela ke Keresete, mme go swa ke poelo. 22 Mme fa go tshela mo nameng, fa mo e le lone loungo lwa tiro ya me, foo ga ke itse se ke ka se itshenkelang. 23 Ke mo pitlaganong fa gare ga dilo tse pedi tse; ke na le keletso ya go tsamaya, ke ya go nna le Keresete; gonne mo, go molemo bogolo thata; 24 le fa go ntse jalo go nna mo nameng go tlhokega bogolo ka ntlha ya lona. 25 E re ka ke na le boikanyo jo, ke a itse fa ke tlaa nna, ke ba ke nna le lona lotlhe, gore lo bone botswelelopele le boitumelo mo tumelong; 26 gore go ipelafatsa ga lona ka nna go totafale mo go Keresete Jesu, ka go nna ga me gape mo go lona. 27 Fela, a mokgwa wa lona wa botshelo e nne o o tshwanetseng Mafoko a a Molemo a ga Keresete, gore, e tle e re le fa ke ka tla go lo bona, kgotsa ke se yo, ke be ke utlwele go tshela ga lona, fa lo eme ka tlhomamo mo moweng o le mongwe fela, lo ntse lo ganelela tumelo ya Mafoko a a Molemo ka mowa o le mongwe fela; 28 lo sa boifisiwe mo go sepe ke baganetsi; mo e leng sesupo se se bonalang sa tatlhego mo go bone, mme mo go lona sa poloko, e e bileng e le e e tswang mo Modimong. 29 Gonne lona lo neilwe ka ga Keresete, e seng go dumela mo go ene go le gosi, mme le gone go utlwisiwa botlhoko ka ntlha ya gagwe, 30 ka lo le mo go yone ntwa e lo mponyeng ke le mo go yone, e gompieno lo bileng lo utlwa fa ke le mo go yone. |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa