Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Baefeso 4 - BAEBELE e e Boitshepo


Bokopano jwa Mowa

1 Ke gone, nna mogolegwa mo Moreneng, ke lo rapela thata, gore lo sepele mo go tshwanetseng pitso e lo biditsweng ka yone.

2 Ka boikokobetso jotlhe le bonolo, le ka bopelotelele, ka go iphapaanya mo loratong;

3 le ka go tlhoafalela go tshegetsa bongwe fela jwa Mowa mo tumalanong ya kagiso.

4 Go mmele o le mongwe fela, le Mowa o le mongwe fela, fela jaaka le lona lo bileditswe tsholofelo, e le nngwe fela ya go bidiwa ga lona;

5 go Morena a le mongwe fela, tumelo e le nngwe fela, kolobetso e le nngwe fela.

6 Modimo o le mongwe fela, le Rara wa botlhe, yo o godimo ga botlhe, le yo o dirang ka botlhe, le yo o mo go botlhe.

7 Mme mongwe le mongwe wa rona o neilwe tshegofatso ka fa selekanyong sa go aba lebole la ga Keresete.

8 Ke gone o reng: “E rile a tlhatlogela godimo, a gogela bogolegwa kgolegong, mme a naya batho dineo.”

9 Jaana fa go twe: “A tlhatloga,” ke go reng, fa e se go re, le gone o ne a fologetse mo mafelong a a kwa tlase a lefatshe?

10 Yo o fologileng e ntse ke ene yo o tlhatlogetseng kwa godimodimo ga magodimo otlhe, gore a tle a tlale ka dilo tsotlhe.

11 A neela bangwe gore ba nne baaposetole; ba bangwe gore ba nne baperofeti; ba bangwe bareri ba Mafoko a a Molemo; le ba bangwe badisa ba phuthego, le baruti;

12 gore baitshepi ba itekanediwe, le gore ba dire tiro ya tirelo ya phuthego, le gore ba agelele mmele wa ga Keresete.

13 Go tle go tsamaye re fitlhe rotlhe mo bongwefeleng jwa tumelo le jwa kitso ya Morwa Modimo, go ya go fitlha boemong jwa monna yo o godileng, le mo selekanyong sa go gola ga botlalo jwa ga Keresete;

14 gore re se ka ra tlhola re le banyana ba go heheutlelwa kwano le kwa le go kgarakgatshiwa ke phefo nngwe le nngwe ya thuto, ka boferefere jwa batho, ka bohelepa jo bo latedisang timelo.

15 Mme ka go bua boammaaruri mo loratong, re be re golele ene mo dilong tsotlhe, ene yo e leng tlhogo, e bong Keresete;

16 yo go tswang mo go ene go bopega sentle le go kitlana ga mmele otlhe ka se se tswang mo tokololong nngwe le nngwe, ka fa go direng ka tekanyo ga nama nngwe le nngwe, go thuthugisetsa mmele mo go ikageng ga one mo loratong.


Botshelo jo boša mo go Keresete

17 Ke gone ke bua lefoko le, ke bile ke supa mo Moreneng, ka re, lo se ka lwa tlhola lo sepela jaaka Baditšhaba ba sepela, mo boithamakong jwa dipelo tsa bone.

18 Ka ba fifaditswe mo tlhaloganyong ya bone, ba le baeng ba sa itse botshelo jwa Modimo ka ntlha ya botlhokakitso jo bo mo go bone, ka go kgwaralala ga dipelo tsa bone,

19 ba e reng ka ba fegetswe ke maikutlo, boo ba ineela mo bopepeng, go dira maswe otlhe ka bopelotshetlha.

20 Mme lona ga lo a ka lwa ithuta Keresete jalo;

21 ke raya fa lo utlwile, lwa rutwa mo go ene, fela jaaka boammaaruri bo le mo go Jesu.

22 Ke go re, ka ga mokgwa wa botshelo jwa lona jwa gale, lo apole motho wa bogologolo, yo o bolang ka fa dithatong tsa tsietso;

23 le go re, lo šafadiwe mo moweng wa pelo tsa lona.

24 Lo apare motho yo moša, yo ka fa Modimong o bopilweng mo tshiamong, le mo boitshepong jwa boammaaruri.

25 Ke gone, apolang kako, a mongwe le mongwe a bue boammaaruri le wa ga gabo, gonne mongwe le mongwe wa rona ke tokololo ya yo mongwe.

26 Lo nne bogale, mme lo se ka lwa leofa; a letsatsi le se lo phirimele lo sa le bogale;

27 le gone lo se ka lwa naya diabolo sebaka.

28 Yo o utswileng a a se tlhole a utswa, mme bogolo a a dire, a dire se se molemo ka diatla tsa gagwe, gore a tle a dirane le se o ka se nayang yo o tlhokang.

29 A go se tswe puo epe e e bodisang mo melomong ya lona, fa e se e e molemo fela go agelela ka fa go tlhokafalang ka teng, gore e tle e neye ba ba utlwang lesego.

30 Lo se ka lwa hutsafatsa Mowa o o Boitshepo wa Modimo, o lo kaneletsweng letsatsi la thekololo ka one.

31 A go latlhwe mangadingadi, kgakalo, bogale, komang, go kgala le kilo yotlhe.

32 Lo nne pelonomi mongwe mo go yo mongwe le pelonamagadi, lo itshwarelane fela jaaka Modimo le one o itshwaretse lona mo go Keresete.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan