Baefeso 3 - BAEBELE e e BoitshepoTirelo ya ga Paulo mo go Baditšhaba 1 Ke gone ka moo, nna Paulo, mogolegwa wa ga Keresete Jesu ka ntlha ya lona Baditšhaba, 2 ke raya fa lo utlwile ka ga tebalebo ya tshegofatso eo ya Modimo, e ke e neilweng ka ga lona: 3 Ka fa ke itsisitsweng bosaitsiweng ka tshenolo ka teng, jaaka ke kwadile gale ka mafoko a le makhutshwane, 4 a e tlaa reng lo a bala, lo bo lo ka lemoga go tlhaloganya ga me ka ga bosaitsiweng jwa ga Keresete. 5 E rile mo metlheng e e fetileng, bo ne bo se ka jwa itsisiwe ke bana ba batho, jaaka gompieno bo senoletswe baaposetole ba gagwe ba ba boitshepo le baperofeti, ka Mowa. 6 Ke go re, Baditšhaba ke baruaboswa mmogo nabo, le ditokololo tsa mmele mmogo nabo, le batlhakanedi nabo ba polelo ya tsholofetso mo go Keresete Jesu, ka Mafoko a a Molemo, 7 a ke dirilweng modiredi wa one, ka fa neong ya tshegofatso eo ya Modimo, e ke e neilweng ka fa go direng ga thata ya one. 8 Ka re, nna yo ke leng mmotlana bogolo go yo o leng mmotlana wa baitshepi botlhe, tshegofatso eo ke e neilwe, gore ke rerele Baditšhaba mahumo a a sa ka keng a hukudiwa a ga Keresete. 9 Le go dira gore batho botlhe ba bone kabo ya bosaitsiweng jo, jo bo sa leng bo fitlhwa go tswa tsose, mo Modimong o o tlhodileng dilo tsotlhe; 10 e le gore, jaanong botlhaletlhale jo bontsi jwa Modimo bo tle bo itsisiwe magosana le bathata mo mannong a selegodimo ka phuthego. 11 Ke ka fa boikaelelong jwa metlha e e se nang tshimologo, jo o bo ikaeletseng mo go Keresete Jesu Morena wa rona, 12 yo re nang le botlhoka poifo le katamelo ya boikanyo mo go ene, ka go dumela ga rona mo go ene. 13 Ke gone ke lopang gore lo se ka lwa lapisiwa pelo ka dipitlagano tsa me ka ga lona, tse e leng kgalaletso ya lona. Go itse lorato lwa ga Keresete 14 Ke gone ka moo ke khubamelang Rara ka mangole, 15 ene yo ditshika tsotlhe kwa legodimong le mo lefatsheng di bidiwang ka ene; 16 gore a lo neye go thatafadiwa ka nonofo mo mothong yo o kwa teng, ka Mowa wa gagwe, ka fa mahumong a kgalalelo ya gagwe; 17 gore Keresete a age mo dipelong tsa lona ka tumelo; e tle e re ka lo namisitswe medi lo nitame mo loratong. 18 Lo bo lo nonofele go tlhaloganya le baitshepi botlhe jo e leng boatlhamo, boleele, bogodimo le boteng, 19 le go itse lorato lwa ga Keresete lo lo fetang kitso, gore lo tladiwe go ya go fitlha kwa botlalong jotlhe jwa Modimo. 20 Jaana one o o nonofileng go dira segolo thata bogolo go tsotlhe tse re di lopang le tse re di gopolang, ka fa nonofong e e dirang mo go rona, 21 kwa go one, a go nne kgalaletso mo phuthegong le mo go Keresete Jesu go ya tshikatshikeng, ka bosakhutleng le ka bosaengkae. Amen. |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa