Baefeso 2 - BAEBELE e e BoitshepoGo tswa losong go ya botshelong 1 Le lona o lo rudisitse, jale ka lo ne lo sule ka ditlolo tsa lona le dibe, 2 tse e rileng gale lwa sepela mo go tsone ka fa mokgweng wa lefatshe leno, ka fa taolong ya kgosana ya thata ya loapi, ya mowa o gompieno o dirang mo baneng ba ba kgopo. 3 Le rona rotlhe re kile ra tshela nabo mo dithatong tsa nama ya rona, ra dira dikeletso tsa nama ya rona, ra dira dikeletso tsa nama le tsa megopolo, mme mo tlholegong ya rona re le bana ba re tshwanetseng bogale, fela jaaka ba bangwe. 4 Mme Modimo, ka o humile boutlwelobotlhoko, le ka ntlha ya lorato lo logolo lwa one, lo o re ratileng ka lone, 5 le fa re ne re sule ka ditlolo tsa rona; wa re rudisa mmogo le Keresete – lo bolokilwe ka tshegofatso – 6 wa re tsosa nae, wa re dudisa nae mo mannong a selegodimo, mo go Keresete Jesu; 7 gore e tle e re mo metlheng e e tlang o bo o supe dikhumo tse dikgolo tse di feteletseng tsa tshegofatso ya one ka bopelonomi ntlheng ya rona mo go Keresete Jesu. 8 Gonne lo ntse lo bolokilwe ka tshegofatso ka tumelo; mme le gone go bile go sa tswe mo go lona; ke neo ya Modimo; 9 go sa tswe mo ditirong, gore go se nne motho ope yo o tlaa ipelafatsang. 10 Gonne re tiro ya one, re bopetswe ditiro tse di molemo mo go Keresete Jesu, tse Modimo o di baakantseng gale gore re sepele mo go tsone. Phuthego e nngwe fela mo go Keresete 11 Ke gone, lo gakologelweng fa e rile gale, lona ba lo leng Baditšhaba ka fa bošabeng, ba lo bidiwang Bokgola ke ba go tweng Bogwera, e le jo bo dirilweng ka diatla mo nameng; 12 ka re, lo tle lo gakologelwe fa e rile ka baka loo lwa bo lo le kwa ntle ga Keresete, lo ikgogonne mo lekgotleng la Iseraele, lo le baeng ka ga dikgolagano tsa polelo tsa tsholofetso, lo se na tsholofelo, lo se na Modimo mo lefatsheng. 13 Jaanong, mo go Keresete Jesu, lona ba e rileng gale lwa bo lo le kgakala lo atameditswe ka madi a ga Keresete. 14 Gonne ke ene kagiso ya rona yo o dirileng bobedi bongwe fela, mme a thubaganya lomota lwa tomologano, 15 ka a nyeleditse mo nameng ya gagwe kilano, e bong molao wa ditaolo tse di emeng mo ditaong; gore a bope motho a le mongwe fela yo moša ka ba babedi, mo go ene ka esi, mme a dire kagiso jalo; 16 le gore a ba letlanye le Modimo boo babedi, ba le mmele o le mongwe fela, ka mokgoro, a sena go bolaya kilano ka ona. 17 Mme a tla a rera kagiso mo go lona ba lo neng lo le kgakala, le kagiso mo go ba ba neng ba le gaufi. 18 Gonne roo babedi, re na le katamelo ya rona kwa go Rara ka ene, ka Mowa o le mongwe fela. 19 Jalo lo bo lo sa tlhole lo le baeng le bajaki fela, mme lo bana ba motse mmogo le baitshepi, lo bile lo ba ntlo ya Modimo. 20 Ka lo agilwe mo motheong wa baaposetole le baperofeti, Keresete Jesu ka esi e le ene lentswe le legolo la kgokgotsho; 21 yo kago nngwe le nngwe e e kitlantsweng ka tomagano e ntle, e golelang mo go ene, e le tempele e e boitshepo mo Moreneng; 22 yo le lona lo agilweng mmogo mo go ene gore lo nne boago jwa Modimo ka Mowa. |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa