Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Amose 7 - BAEBELE e e Boitshepo


Ponatshegelo ya tsie

1 Morena Modimo o ne a ntshupetsa jaana; mme bonang, a bopa tsie mo tshimologong ya go tlhoga ga bojang jwa morago; bonang, ya bo e le bojang jo bo tlhogileng morago kgosi e sena go sega.

2 Mme ga dirala ya re e sena go wetsa go ja bojang jwa lefatshe, foo ka re: “Morena Modimo ke a go rapela, o itshwarele. Jakobe o ka ema jang gonne o mmotlana?”

3 Jehofa a ikwatlhaela seo a re: “Ga go ketla go dirala.”


Ponatshegelo ya molelo

4 Morena Modimo o ne a ntshupetsa jaana; bonang, Morena Modimo a bitsa gore go ganelwe ka molelo; mme wa laila bodiba jo bo boteng jo bogolo, mme o ne o rata o ka bo o laila lefatshe.

5 Foo ka re: “Morena Modimo, ke a go rapela khutla. Jakobe o ka ema jang gonne o mmotlana?”

6 Jehofa a ikwatlhaela seo: “Le sone se, ga se ketla se dirala.” Go bua Morena Modimo.


Ponatshegelo ya selekanyo sa thokgamo

7 A ntshupetsa jaana: Morena a bo a eme fa lomoteng longwe lo lo dirilweng ka selekanyo sa thokgamiso, a tshotse selekanyo sa thokgamiso mo seatleng.

8 Jehofa a nthaya a re: “Amose, o bonang?” Mme ka re: “Ke bona selekanyo se se thokgamisang.” Foo Morena a re: “Bona, ke tlaa baya selekanyo se se thokgamisang mo gare ga batho ba me Baiseraele; ga nketla ke tlhola ke ba feta fela gope.

9 Mafelo a a tlotlometseng a ga Isake a tlaa swafala, le mafelo a a boitshepo a ga Iseraele a tlaa kgakgabadiwa; mme ke tlaa tsogologela ba ntlo ya ga Jeroboame ka tšhaka.”


Amose le Amasia

10 Foo Amasia moperesiti wa Bethele a roma kwa go Jeroboame kgosi ya Iseraele, a re: “Amose o go rerile mo gare ga ntlo ya Iseraele, lefatshe ga le a nonofa go belega mafoko otlhe a gagwe.

11 Gonne Amose o bua jaana, a re: ‘Jeroboame o tlaa swa ka tšhaka, ruri Iseraele o tlaa tswa lefatsheng la ga gabo a isiwa botshwarong.’ ”

12 Le ene Amasia a raya Amose a re: “Wena mmoni, tsamaya o tshabele kwa lefatsheng la Juta, mme o je dijo teng, o perofese gone;

13 o se ka wa tlhola o perofesa kwa Bethele, gonne ke felo ga boitshepo ga kgosi, e bile ke ntlo ya segosi.”

14 Foo Amose a fetola Amasia a mo raya, a re: “Ke ne ke se moperofeti wa sepe, le gone ke ne ke se ngwana wa moperofeti; mme ke ne ke le modisa fela, le maakanyi wa ditlhare tsa masekamore.

15 Jehofa a ntlosa mo go saleng letsomane morago, mme a nthaya a re: ‘Ya, o perofesetse batho ba me Baiseraele.’

16 Ke gone jaana utlwa lefoko la ga Jehofa. Wa re, ke se ka ka perofesetsa ka nyatsa ntlo ya ga Iseraele, le gone ke se ka ka lotlega lefoko ka nyatsa ba ntlo ya ga Isake.

17 Ke gone Jehofa o bua jaana, a re: ‘Mosadi wa gago o tlaa nna seaka mo motseng, le bomorwao le bomorwadio ba tlaa wa ka tšhaka, le lefatshe la gago le tlaa kgaoganngwa ka mogala; wena ka wesi o tlaa swela mo lefatsheng lengwe le le itshekologileng, mme ruri Iseraele o tlaa ntshiwa mo lefatsheng la gagwe a isiwa botshwarong.’ ”

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan