Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Amose 5 - BAEBELE e e Boitshepo


Iseraele o bilediwa boikwatlhaong

1 Utlwang lefoko le ke le lo tlhabeleletsang khutsafalo, lona ba ntlo ya Iseraele:

2 “Kgarebane ya Iseraele e ole, ga e ketla e tlhola e ema; e digetswe mo lefatsheng la ga yone; ga go na ope yo o e kakatlololang.”

3 Gonne Morena Modimo o bua jaana, a re: “Motse o e rileng o bolola wa bo o le makgolo a le some o tlaa salelwa ntlo ya Iseraele ke lekgolo le le lengwe fela; le o e rileng o bolola wa bo o le lekgolo o tlaa salelwa ke lesome fela.”

4 Gonne Jehofa o bua jaana, a raya ba ntlo ya Iseraele, a re: “Mpatlang mme lo tlaa tshela!

5 Lo se ka lwa batla Bethele le fa e le go tsena mo Gilegale, lo bo lo se ka lwa fetela kwa Beerešeba; gonne ruri Gilegale o tlaa ya botshwarong, le Bethele o tlaa nyelela.”

6 Batlang Jehofa mme lo tlaa tshela; o ka tla a thunya jaaka molelo mo ntlong ya ga Josefe, wa laila, mme go se ke go nne le ope yo o ka o timang mo Bethele;

7 lona ba lo fetolang katlholo longana, lo digela tshiamo fa fatshe.

8 Batlang ene yo o dirang Selemela le Kgogamisigo, yo o fetolang lefifi le lentsho gore le nne bosa, o dire motshegare gore o nne lefifi la bosigo; o bitsa metsi a lewatle o a thele fa godimo ga lefatshe; Jehofa ke leina la gagwe;

9 yo o tlisang tshenyego ya tshoganetso mo bathating, tshenyego e be e tle mo kagong ya tlhabanelo.

10 Ba ila ene yo o kgalemang mo kgotleng, ba fedisiwe pelo ke yo o buang ka thokgamo.

11 Ke gone e re ka lo gatakela mohumanegi, lo tsaya mo go ene lekgetho la mabele, lo agile matlo ka maje a a betlilweng, mme ga lo ketla lo nna mo go one; lo tlhomile masimo a mafine, mme ga lo ketla lo nwa bojalwa jwa mofine jwa one.

12 Gonne ke a itse jaaka ditlolo tsa lona di le dintsintsi, le jaaka dibe tsa lona di le thata bobe; lona ba lo patikang basiami, ba lo amogelang neo e e faposang tshiamo, lo faposa batlhoki mo kgotleng mo tshiamelong ya bone.

13 Ke gone ka moo yo o itseng go itisa o tlaa didimala fela mo lobakeng lo lo ntseng jalo; gonne ke lobaka lo lo bosula.

14 Batlang molemo, e seng bosula, gore lo tshele; mme jalo Jehofa Modimo wa masomosomo o tlaa nna le lona, jaaka lo bua.

15 Ilang se se bosula, lo rate se se molemo, lo tlhomamise katlholo mo kgotleng; e tlaa re kgotsa Jehofa Modimo wa masomosomo a nne pelontle mo masaleleng a ga Josefe.

16 Ke gone ka moo, go bua jaana Jehofa Modimo wa masomosomo, Morena, a re: “Dikuruetso di tlaa nna mo dipatlelong tsotlhe; mme ba tlaa bua mo mebileng yotlhe, ba re: ‘Ija! Ija we!’ mme ba tlaa raya molemi ba re a tle khutsafalong, le ba ba rutegileng mo selelong gore ba tle go kuruetsa.

17 Le mo masimong otlhe a mafine go tlaa nna kuruetso, gonne ke tlaa ralala mo gare ga gago.” Go bua Jehofa.

18 A bo go latlhega lona ba lo eletsang letsatsi la ga Jehofa! Ana lo ratelang lwa bo lo ka bona letsatsi la ga Jehofa? Ke lefifi, e seng lesedi.

19 Ke jaaka fa motho a tshaba tau, mme bera e kgatlhana nae; kgotsa a tsena mo ntlong a ikaega fa lomoteng ka seatla, mme noga e mo loma.

20 A letsatsi la ga Jehofa ga le ketla le nna lefifi e seng lesedi, e bong lefifi le lentsho, go bile go se na phatsimo epe mo go lone?

21 “Ke a e ila, ke nyatsa mediro ya lona, ga nketla ke kgatlhega gope ka diphuthego tsa lona tse di masisi.

22 Ee, le fa lo nkisetsa ditshupelo tsa lona tse di fisiwang, le ditshupelo tsa lona tsa boupe, ga nketla ke di amogela, le gone ga nketla ke tlhokomela ditshupelo tsa lona tsa kagiso tsa dikgomo tsa lona tse di nonneng.

23 Tlosa fa go nna modumo wa dipina tsa gago; gonne ga ke rate go utlwa go koteketsa ga diletso tsa gago.

24 A katlholo e phothosele jaaka metsi, le tshiamo jaaka noka e kgolo.

25 “A lo ne lo tle lo nteretse ditlhabelo le ditshupelo mo nageng ka dinyaga tse di masome mane, lona ba ntlo ya Iseraele?

26 Ee, lo ntse lo belege Sikuthe kgosi ya lona le Kiune, ditshwantsho tsa lona, naledi ya modimo wa lona, e le dilo tse lo di itiretseng.

27 Ke gone ka moo ke tlaa lo isa kwa botshwarong, go pota Damaseko ka kwa pele.” Go bua Jehofa, yo leina la gagwe e leng Modimo wa masomosomo.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan