Amose 3 - BAEBELE e e Boitshepo1 Utlwang lefoko le Jehofa o lo nyaditseng ka lone, lona bana ba Iseraele; ke nyatsa losika lotlhe lo ke lo ntshitseng mo lefatsheng la Egepeto, ka re: 2 “Ke itsile lona fela lo le losi mo ditshikeng tsotlhe tsa lefatshe; ke gone ka moo ke tlaa lo kgopololela maikepo otlhe a lona.” Tiro ya Moperofeti 3 A batho ba le babedi ba ka tsamaya mmogo, fa ba se ka ba dumalana? 4 A tau e tle e dume mo sekgweng fa e se na sepe se e se bolayang? A ledumedi le tle le dumadume le le mo mongobong wa lone fa le sa bolaya sepe? 5 A nonyane e ka wela fa fatshe mo serung, fa seru se sa raelwang gone? A mutlwane o ka tsipoga fela mo mmung, o sa tshwara sepesepe? 6 A lonaka lo ka lediwa mo motseng, batho ba se ke ba boife? A bosula bo tlaa wela motse, Jehofa a sa bo dira? 7 Ruri Morena Modimo o tlaa bo a sa dire sepe, fa e se ka go senolela batlhanka ba gagwe baperofeti leoma la gagwe. 8 Tau e dumile, e be e le mang yo o se ketlang a boifa? Morena Modimo o buile, e be e le mang yo o ka nnang fela a sa perofese? Phelelo ya Iseraele 9 Utlwatsang mo matlong a dikgosi kwa Ašetota, le mo matlong a dikgosi mo lefatsheng la Egepeto; lo re: “Phuthegelang mo dithabeng tsa Samaria, lo bone dipheretlho tse dikgolo tsa teng, le dipatiko tse di mo gare ga teng.” 10 “Gonne ga ba itse go dira tshiamo,” go bua Jehofa: “e bong ba ba bolokang tsa thubakanyo le bogodu mo matlong a bone a dikgosi.” 11 Ke gone ka moo Morena Modimo o bua jaana, a re: “Go tlaa nna moganetsi, e bong mo tikologong ya lefatshe; mme o tlaa folosa thata ya gago mo go wena, matlo a gago a dikgosi a tlaa thopiwa.” 12 Jehofa o bua jaana, a re: “Jaaka modisa a tla a swabole dirope di le pedi kgotsa ntlhanngwe ya tsebe mo ganong la tau; bana ba Iseraele ba tlaa swabolwa jalo; e bong ba ba dutseng mo Samaria mo boikaegelong jwa sekanamelo, le mo mesamong ya sei ya bolao. 13 Utlwang, mme lo supe lo nyatse ba ntlo ya ga Jakobe;” go bua Morena Modimo, Modimo wa masomosomo. 14 “Gonne e tlaa re mo motlheng o ke kgophololelang Iseraele ditlolo tsa gagwe ka one, le gone ke tlaa kgopholola dibeso tsa Bethele, mme dinaka tsa sebeso di tlaa kgaolwa, di wela fa fatshe. 15 Ke tlaa itaya ntlo ya mariga le ntlo ya selemo mmogo; le matlo a dinaka tsa ditlou a tlaa nyelela, le matlo a magolo a tlaa nna le bokhutlo.” Go bua Jehofa. |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa