Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Amose 1 - BAEBELE e e Boitshepo


Modimo o atlhola ba ba bapileng le Iseraele

1 Mafoko a ga Amose, yo o ne a le mo badiseng ba Tekoa, a o ne a a bua ka ga Iseraele, go le mo metlheng ya ga Usia kgosi ya Juta, le mo metlheng ya ga Jeroboame morwa Joase kgosi ya Iseraele, dinyaga di le pedi pele ga thoromo ya lefatshe.

2 A re: “Jehofa o tlaa duma a le mo Sione, o tlaa ntsha lentswe a le mo Jerusalema; mme mafulo a badisa a tlaa hutsafala, le tlhora ya Karemele e tlaa swaba.”


Dikatlholo tsa Siria

3 Jehofa o bua jaana, a re: “Ka ditlolo di le tharo tsa Damaseko, ee, ka di le nne, ga nketla ke faposa petso ya teng; ka ba phothile Gileate ka diphotho tsa tshipi.

4 Ke tlaa tsenya molelo mo ntlong ya ga Hasaele, mme o tlaa laila matlo a dikgosi a ga Benehatate.

5 Ke tlaa roba mophakalego wa Damaseko, ke kgaola monni mo molapong wa Afene, le yo o tshotseng thobane ya bogosi mo ntlong ya ga Etene, mme batho ba Siria ba tlaa ya botshwarong kwa Kire.” Go bua Jehofa.


Dikatlholo tsa Filisitia

6 Jehofa o bua jaana, a re: “Ka ditlolo di le tharo tsa Gasa, ee, ka di le nne, ga nketla ke faposa petso ya teng; ka ba tlositse batho ba le mmogo e le ditshwarwa, go ya go ba neela Etome.

7 Ke tlaa tsenya molelo mo lorakong lwa Gasa, mme o tlaa laila matlo a teng a dikgosi.

8 Ke tlaa kgaola monni mo Ašetote, le yo o tshotseng thobane ya bogosi mo Ašekelone; ke tlaa busetsa seatla sa me kwa go Ekerone, mme masalela a Bafilisitia a tlaa nyelela.” Go bua Morena Modimo.


Dikatlholo tsa Ture

9 Jehofa o bua jaana, a re: “Ka ditlolo di le tharo tsa Ture, ee, ka di le nne, ga nketla ke faposa petso ya teng; ka ba neetse Etome tšhaba yotlhe e le mmogo, mme ba se ka ba gakologelwa kgolagano ya bokaulengwe.

10 Ke tlaa tsenya molelo mo lorakong lwa Ture, mme o tlaa laila matlo a teng a dikgosi.”


Dikatlholo tsa Etome

11 Jehofa o bua jaana, a re: “Ka ditlolo di le tharo tsa Etome, ee, ka di le nne, ga nketla ke faposa petso ya teng; ka a ne a konatelela morwa rraagwe ka tšhaka, a latlha bopelotlhomogi jotlhe, mme bogale jwa gagwe jwa nna jwa garola ka metlha yotlhe, mme a tshegetsa tšhakgalo ya gagwe ka bosakhutleng.

12 Ke tlaa tsenya molelo mo Temane, o tlaa laila matlo a dikgosi a Bosera.”


Dikatlholo tsa Amone

13 Jehofa o bua jaana, a re: “Ka ditlolo di le tharo tsa bana ba Amone, ee, ka di le nne, ga nketla ke faposa petso ya teng; ka ba ropositse basadi ba ba baimana ba Gileate, gore ba tle ba katose molelwane wa bone.

14 Ke tlaa tshuba molelo mo lorakong lwa Raba, mme o tlaa laila matlo a teng a dikgosi ka lošalaba mo motlheng wa tlhabano, ka ledimo la phefo mo motlheng wa sefefo.

15 Mme kgosi ya bone e tlaa ya botshwarong, yone le dikgosana tsa yone mmogo.” Go bua Jehofa.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan