Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

3 Yohane 1 - BAEBELE e e Boitshepo


Tumediso

1 Ke nna mogolwane; ke kwalela Gaio moratwa, yo ke mo ratang ruri.

2 Moratwa, ke rapela gore mo dilong tsotlhe o tle o tlhogonolofale, o robale sentle, fela jaaka mowa wa gago o a bo o ntse o tlhogonolofetse.

3 Gonne nkile ka itumela thata jale ka bakaulengwe bangwe ba tla, ba supa ka ga boammaaruri jwa gago, fela jaaka o ntse o tsamaya mo boammaaruring.

4 Ga ke na boitumelo bope jo bo fetang jo, jwa go utlwa fa bana ba me ba ntse ba tsamaya mo boammaaruring.


Gaio o a bokiwa

5 Moratwa, o dira tiro ya boikanngo mo go sengwe le sengwe se o se direlang ba e leng bakaulengwe, e bile e le baeng;

6 ba ba supileng ka ga lorato lwa gago fa pele ga phuthego; ba e tlaa reng o ba tsamaisetsa pele mo loetong lwa bone, ka mokgwa o o tshwanetseng Modimo, o tlaa bo o dira sentle;

7 ka ba bolotse ka ntlha ya Leina fela, ba sa amogele sepe mo go Baditšhaba.

8 Ke gone, re tshwanetse go gorosa ka pula ba ba ntseng jalo, gore re tle re nne badiri mmogo le boammaaruri.


Dioterefese le Demeterio

9 Nkile ka kwalela phuthego lefoko lengwe; mme Dioterefese, yo o eletsang ya bo e le ene tlhogo mo go bone, ga a re tshole.

10 Ke gone, fa ke ka ya koo, ke tlaa gakologelwa ditiro tsa gagwe tse o di dirang, ka a ntse a re balabalela ka mafoko a a bosula; mme le mo, go bo go sa lekane; go le ene ga a tshole bakaulengwe, le ba ba eletsang go dira jalo o a ba itsa, a ba leleke mo phuthegong.

11 Moratwa, o se ka wa etsa se se bosula, fa e se se se molemo fela. Yo o dirang molemo ke wa Modimo; yo o dirang bosula ga a ise a bone Modimo.

12 Demeterio o na le tshupo ya batho botlhe, le ya jone boammaaruri ka josi. Ee, le rona re a supa; mme o a itse fa tshupo ya rona e le boammaaruri.


Ditumediso tsa bofelo

13 Ke ne ke na le dilo di le dintsi go di go kwalela, mme ga ke rate go di go kwalela ka enke le pene.

14 Ke solofetse gore ke tlaa akofa ke go bona, mme re tlaa bua re lebanye. Kagiso e nne nao. Ditsala di a go dumedisa. O tle o dumedise ditsala ka maina.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan