Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

2 Samuele 1 - BAEBELE e e Boitshepo


Dafite o utlwalela loso lwa ga Saule

1 Ga dirala e rile morago ga loso lwa ga Saule, Dafite a sena go hulara kwa go bolayeng Baamaleke, Dafite a bo a bile a tlhotse malatsi a le mabedi mo Sikelage;

2 ga dirala, ya re ka letsatsi la boraro, ga tla motho a tswa kwa bothibelelong jwa ga Saule, diaparo tsa gagwe di gagogile, le mmu o le mo tlhogong ya gagwe; ga nna jaana, ya re a fitlha kwa go Dafite a wela fa fatshe, a ikoba.

3 Dafite a mo raya a re: “O tswa kae?” Mme a mo raya a re: “Ke falotse kwa bothibelelong jwa Baiseraele.”

4 Dafite a mo raya a re: “Go ile ga nna jang? Ke a go rapela, a ko o mpolelele.” A mo fetola a re: “Batho ba tshabile mo ntweng, le gone batho ba le bantsi ba ole ba sule; boSaule le Jonathane morwawe le bone ba sule.”

5 Dafite a raya motho wa lekau yo o mmolelelang a re: “O itse jang fa Saule le Jonathane morwawe ba sule?”

6 Motho wa lekau yo o mmolelelang a re: “Ka tshogana ka ke le mo thabeng ya Gileboa, ka fitlhela Saule a itlhabeditse ka lerumo la gagwe; mme bona, ka fitlhela dikara le bapalama dipitse ba mo konateletse ka thata.

7 O rile a gadima a mpona a mpitsa. Ka araba ka re: ‘Ke fano.’

8 A nthaya a re: ‘O mang?’ Ka mo raya ka re: ‘Ke Moamaleke.’

9 A nthaya a re: ‘Ke a go rapela, a ko o eme fa go nna o mpolaye, gonne ke tshwerwe ke sedidi ka go bo botshelo jwa me bo sa le mmogo mo go nna.’

10 Ka ema fa go ene, ka mmolaya, ka ke ne ke itse sentle fa a sa ka ke a tshela a sena go wa; ka tsaya serwalo se se mo tlhogong ya gagwe, le mofitshana mo letsogong la gagwe, ke di lerile kwano go morena wa me.”

11 Foo Dafite a itshwara diaparo, a di gagola, le banna botlhe ba o nang nabo ba dira jalo.

12 Ba hutsafala, ba lela, ba ba ba ikitsa go ja go ya maitseboeng, ka ga Saule le ka ga Jonathane, le ka ga batho ba ga Jehofa, le ka ga ntlo ya Iseraele; ka ba ole ka tšhaka.

13 Dafite a raya motho wa lekau yo o mmoleletseng a re: “O mokae?” A mo fetola a re: “Ke morwa moeng, ke Moamaleke.”

14 Dafite a mo raya a re: “Go ntse jang ka o se ka wa boifa go ntsha letsogo la gago wa bolaya motlodiwa wa ga Jehofa?”

15 Dafite a bitsa lekau lengwe a re: “Mo atamele o mo wele.” Mme a mo itaya a swa.

16 Dafita a mo raya a re: “A madi a gago a nne mo tlhogong ya gago; gonne molomo wa gago o supile ka ga gago, ka o re, O bolaile motlodiwa wa ga Jehofa.”


Dafite o lelela Saule le Jonathane

17 Dafite a hutsafalela Saule le Jonathane morwawe ka khutsafalo e.

18 A raya batho a re ba rute bana ba Juta sefela sa bora; bonang se kwadilwe mo lokwalong lwa ga Jašare.

19 A re: “Iseraele we, a bo kgalalelo ya gago e bolaetswe mo mafelong a gago a a godimo! Ana diganka di ole jang!

20 Lo se ka lwa go bolela mo Gathe, lo se ka lwa go utlwatsa mo mebileng ya Ašekelone; bomorwadia Bafilisitia ba ka tla ba itumela, bomorwadia bone ba ba sa rupang ba ka tla ba ja koma.

21 Lona dithaba tsa Gileboa, a go se ne monyo, le fa e le pula mo go lona, le fa e le maota a ditshupelo; gonne ke gone kwa thebe ya seganka e latlhetsweng gone ka bobe, thebe ya ga Saule, jaaka ekete ke ya yo o sa tlodiwang ka lookwane.

22 Mo mading a ba ba bolailweng, le mo mahureng a diganka, bora jwa ga Jonathane ga bo a ka jwa bowa fela, le tšhaka ya ga Saule ga e a ka ya bowa e iphotlhere fela.

23 Saule le Jonathane ba ne ba le bantle, ba le natefo mo matshelong a bone, le mo losong lwa bone ba ne ba sa kgaogana; ba ne ba le bofefo bogolo go bontswi ba batona, ba le thata bogolo go ditau.

24 Lona bomorwadia Iseraele, lelelang Saule yo o ne a lo apesa bohibidu jo bo letlhololo mo go kgatlhang, a baya mekgabo ya gouta mo diaparong tsa lona.

25 Ana diganka di ole jang mo gare ga tlhabano. Jonathane o bolaetswe mo mafelong a gago a a godimo.

26 Ke mo tlalelong ka ga gago Jonathane, mogolole; mo go nna, o ntse o le natefo thata; lorato lwa gago mo go nna lo ne lo gakgamatsa lo feta lorato lwa basadi.

27 Ana diganka di ole jang, le dibolao tsa ntwa di nyeletse jang!”

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan