2 Petero 1 - BAEBELE e e BoitshepoTumediso 1 Ke nna Simone Petere, motlhanka le moaposetole wa ga Jesu Keresete; ke kwalela ba ba bonyeng tumelo e e tlhokegang le e e ntseng jaaka ya rona, mo tshiamong ya Modimo wa rona le Mmoloki Jesu Keresete. 2 Ka re: Tshegofatso e nne le lona, le kagiso e lo totafalele mo kitsong ya Modimo le ya ga Jesu Morena wa rona. Go bidiwa le go tlhophiwa 3 Ka gobo thata ya gagwe ya Semodimo, e re neile dilo tsotlhe tse e leng tsa botshelo le tsa poifomodimo, ka go itse ene yo o re biditseng ka kgalalelo ya gagwe le molemo wa gagwe; 4 mo e leng gone ka fa o re neileng dipolelo tsa one tsa tsholofetso, tse di tlhokegang le tse dikgolo thata ka teng; gore lo tle lo nne baabedwi ba tlholego ya Semodimo ka tsone, lo sena go falola mo sebodung se se mo lefatsheng ka dithato tsa batho. 5 Ee, ka ntlha ya gone moo, le lona lo ke lo oketse ka tlhaofalo, ke go re, mo tumelong ya lona lo tsenye go dira molemo, le mo go direng molemo ga lona lo tsenye kitso. 6 Le mo kitsong ya lona lo tsenye boikgapo; mo boikgapong jwa lona lo tsenye pelotelele; mo bopeloteleleng jwa lona lo tsenye poifomodimo; 7 le mo poifong Modimo ya lona lo tsenye go rata bakaulengwe; le mo go rateng bakaulengwe lo tsenye lorato. 8 Gonne fa dilo tse e le tsa lona, fa di bile di totile, di a bo di lo dira gore lo se nne bobodu, le fa e le botlhoka loungo, mo kitsong ya Morena wa rona Jesu Keresete. 9 Gonne yo o tlhokileng dilo tse, o foufetse, o bona fela se se fa gaufi, ka a lebetse go tlhapisiwa ga gagwe mo dibeng tsa bogologolo. 10 Ke gone bagaetsho, lo tlhoafalele bogolo go rurifatsa go bidiwa ga lona le go itshenkelwa ga lona; gonne fa lo dira dilo tse, ga lo ketla lo kgotswa gope. 11 Gonne jalo lo tlaa newa go tsena ka megolokwane e megolo mo bogosing jo bo sa khutleng jwa Morena wa rona le Moreboloki, Jesu Keresete. 12 Ka re: Ke tlaa bo ke ntse ke iketleeleditse go lo gopodisa dilo tse, le fa lo di itse, lo bile lo tlhomame mo boammaaruring jo bo mo go lona. 13 Ke ithaya ke re, go siame fa ke sa ntse ke le mo motlaaganeng o, go nna ke lo tlhagafatsa ka go lo gopodisa. 14 Ke ntse ke itse fa go apola motlaagana wa me go tla ka bofefo, fela jaaka Morena wa rona Jesu Keresete a kile a nkitsise. 15 Ee, ke tlaa tlhoafalela gore e tle e re ke sena go tloga, lo sale lo ntse lo na le ka fa lo ka ikgakololang ka ga dilo tse ka teng, ka motlha mongwe le mongwe. Basupi ba ba bonyeng kgalalelo ya ga Keresete 16 Gonne e rile fa re lo itsise nonofo ya Morena wa rona Jesu Keresete, le go tla ga gagwe, ra bo re sa bolele ditlhamane tse di rulagantsweng ka botlhale, mme re ne re le basupi ba re bonyeng borena jwa gagwe ka matlho. 17 Gonne a amogela tlotlo le kgalalelo mo Modimong Rara, jale ka go tla mo go ene lentswe le le ntseng jalo, le tswa kgalalelong e e feteletseng le re: “Yo ke Morwaake yo o rategang yo ke kgatlhegang thata mo go ene.” 18 Lentswe le, le rona ka rosi re le utlwile le tswa mo legodimong, jale ka re na nae mo thabeng e e boitshepo. 19 Mme re na le lefoko la polelelopele le rurifaditswe bogolo; le lo tlaa bong lo dira sentle fa lo le tlhokomela, jaaka fa e ka bo e le lobone lo lo phatsimang mo felong fa go lefifi, go tle go tsamaye bosa bo o se, le naledi ya moso e lo tswele mo dipelong; 20 lo ntse lo itse mo pele, gore ga go na polelelopele epe ya dikwalo e e iphuthololelwang ke motho a le mongwe fela. 21 Gonne ga go polelelopele epe e e kileng ya tla ka go rata ga motho fela; mme go bua ga batho ga tswa mo Modimong, ka ba tlhotlhelediwa ke Mowa o o Boitshepo. |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa