Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

2 Bakorinta 12 - BAEBELE e e Boitshepo


Diponatshegelo le ditshenolelo tsa ga Paulo

1 Ke na le go ipelafatsa fela, le fa go se molemo; ke tlaa bolela diponatshegelo le ditshenolo tsa Morena.

2 Ke itse motho mo go Keresete, yo o kileng a phamolelwa fela kwa legodimong la boraro, ngwaga ono e le wa 14; kana a o ne a le mo mmeleng, ga ke itse, kgotsa a dule mo mmeleng, ga ke itse, go itse Modimo.

3 Mme ke itse motho yo o ntseng jalo, kana a le mo mmeleng, kgotsa a le kwa ntle ga mmele, ga ke itse; go itse Modimo;

4 jaaka a phamolelwa kwa Paradiseng, a ya a utlwa mafoko teng a a sa ka keng a bolelwa, a motho o sa letlelelwang go a bua.

5 Ke tlaa ipelafatsa ka ga yo o ntseng jalo; ga nketla ke ipelafatsa ka ga me, fa e se ka ga makoa a me fela.

6 Gonne fa ke ka bo ke rata go ipelafatsa, ke tlaa bo ke se seeleele; gonne ke tlaa bo ke bolela boammaaruri. Ke a ithiba, gore e se re kgotsa mongwe a ntlotla go fetisa mo o go mponang, kgotsa mo o go utlwang ka ga me.

7 E rile ka ntlha ya bogolo jo bo feteletseng jwa ditshenolo, gore ke se ka ka ikgodisa bobe, ka tsenngwa mutlwa mo nameng ya me, e le morongwa wa ga Satane go ntlhabaka, gore ke se ka ka ikgodisa bobe.

8 Nkile ka rapela Morena gararo ka ga sone selo se, gore se ke se ntlogele.

9 Mme o ntheile a re: “Tshegofatso ya me e go lekanye; gonne thata ya me e lekanyediwa mo bokoeng.” Ke gone bogolo thata ke tlaa ipelafatsa ka makoa a me, gore thata ya ga Keresete e tle e nne mo go nna.

10 Ke gone ke itumelang mo makoeng, mo dikutlwisong botlhoko, mo go tlhokeng le mo dipogisong le mo dipitlaganong, ka ntlha ya ga Keresete, gonne mogang ke leng bokoa, e be e le gone ke leng thata.


Kamego ya ga Paulo ka ga phuthego ya Korinthe

11 Ke dule seeleele; ka patelelwa ke lona; gonne ke ne ke tshwanetse ka bo ke bakwa ke lona. Gonne ka bo ke se kwa morago ga baaposetole ba bagolo mo go sepe, le fa ke se ope.

12 Ruri ditshupo tsa moaposetole di ne tsa dirwa mo go lona ka bopelotelele jotlhe, ka ditshupo le dikgakgamatso, le ditiro tsa nonofo.

13 Gonne ke eng se lo tlhaedisitsweng ka ga sone mo diphuthegong tse dingwe, fa e se gore nna ga ke a ka ka lo ineela? Intshwareleng tshiamololo e.

14 Bonang gompieno ke iketleeditse lwa boraro go ya koo go lona; mme ga nketla ke lo imela. Gonne ga ke senke ditsalona, fa e se lona fela; gonne bana ga ba a tshwanela go beela batsadi ba bone, fa e se batsadi go beela bana.

15 Ke tlaa itumela go ipolaisa letsapa le go le bolaisediwa mewa ya lona. A e re fa ke lo rata bogolo, a ke gone ke ratwang bobotlana?

16 Mme a go nne jalo, ga ke a ka ka lo tshwarisa bokete; mme e re ka ke le maano, ka lo tshwara ka go lo fepa.

17 A nkile ka bapala sengwe mo go lona ka mongwe wa ba ke ba romileng kwa go lona?

18 Ka laya Tito, ka ba ka roma mokaulengwe nae. A Tito o bapetse sengwe mo go lona ka gongwe? A ga re a sepela ka Mowa o le mongwe fela? A ga re a sepela mo motlhaleng o le mongwe fela?

19 Lo a bo lo ntse lo gopola gore re a lo ipatela. Mo ponong ya Modimo re bua mo go Keresete. Baratwa, dilo tsotlhe ke tsa kagelelo ya lona.

20 Gonne ke a boifa, gore e se re kgotsa motlha mongwe, fa ke fitlha, ka lo fitlhela lo sa nna jaaka nka bo ke rata; mme le nna ka fitlhelwa ke ntse ka fa lo sa rateng ka teng; ka re e se re kgotsa motlha mongwe ga nna kgang, le lefufa, le magale, le dikgaogano, le ditshebo, le go loma tsebe, le dipudulogo, le dikhuduego;

21 ka re, e tle e re kgotsa fa ke fitlha gape, Modimo wa me wa nkokobetsa fa pele ga lona, mme ka lelela ba le bantsi ba bone ba ba leofileng gale, ba se ka ba ikwatlhaela bomaswe, le boaka, le bopepe, bo ba di dirileng.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan