Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

1 Yohane 1 - BAEBELE e e Boitshepo


Lefoko la botshelo

1 Se se sa leng se nna le mo tshimologong, se re se utlwileng, se re se bonyeng ka matlho, se re se lebileng, le se diatla tsa rona di se tshweretshwereng ka ga Lefoko la Botshelo;

2 – mme Botshelo ja bonatshega, mme re bonye, re bile re a supa, re lo bolelela botshelo jo, botshelo jo bo sa khutleng, jo bo neng bo na le Rara, jwa bonatshediwa rona –

3 se re se bonyeng ra se utlwa, ke sone se re se lo bolelelang le lona, gore le lona lo bone bolekane le rona. Ruri bolekane jwa rona ke go kopana le Rara, le Morwawe Jesu Keresete.

4 Mme dilo tse re di kwala gore boitumelo jwa rona bo dirafale.


Modimo ke lesedi

5 E ke yone taetso e re e utlwileng mo go ene, re bile re e lo bolelela gore, Modimo ke lesedi, mme ga go na lefifi lepe mo go one.

6 Fa re re re na le bolekane le one, mme re tsamaya mo lefifing, re a aka, mme ga re dire boammaaruri.

7 Mme fa re tsamaya mo leseding, jaaka one o le mo leseding, re na le bolekane, mongwe le yo mongwe; mme madi a ga Jesu Morwa one a re tlhapisa mo boleong jotlhe.

8 Fa re re ga re na boleo bope, re a itsietsa, le boammaaruri ga bo yo mo go rona.

9 Fa re ipolela dibe tsa rona, one o boikanngo le tshiamo ya go re itshwarela dibe tsa rona, le go re tlhapisa mo tshiamololong yotlhe.

10 Fa re re, ga re a leofa, re a o akisa, le lefoko la one ga le yo mo go rona.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan