1 Timoteo 3 - BAEBELE e e BoitshepoMaemo a baokami ba phuthego 1 Go boikanngo polelo ya go re: Fa motho a senka boemo jwa mookami wa phuthego o eletsa tiro e e molemo. 2 Ke gone mookami wa phuthego o na le go nna motho yo o se nang molato, e le monna yo o mosadi mongwe fela, a ikgapile, a le mogopolo o o lekalekanyeng, a le mokgwa montle, e le yo o tsholang batho sentle, a itse go ruta; 3 a se borumolang, a se moitei, a le bonolo, a se segagapa, a se morati wa go huma madi. 4 A itse go laola ntlo ya gagwe sentle, bana ba gagwe ba mo utlwa ka tshisimogo yotlhe; 5 ka e a re fa motho a sa itse go laola ntlo ya gagwe tota, o tlaa babalela jang phuthego ya Modimo? 6 A se moša, e se re gongwe a ikgogomosa mme a wela mo tshekisong ya diabolo. 7 Gape o tshwanetse go bolelwa ka molemo ke ba ba kwa ntle; e se re kgotsa a wela mo kgobong le mo serung sa diabolo. Maemo ka ga bagolwane ba phuthego 8 Bagolwane ba phuthego le bone ba tshwanetse go nna batho ba ba masisi, ba se diteme pedi, ba sa lemalele bojalwa, ba sa bolaelwe khumo e e maswe ke pelo; 9 ba tshegeditse boteng jwa tumelo ka segakolodi se se itshekileng. 10 Le bone bao, a ba lekwe pele; foo a ba direle e le bagolwane ba phuthego, fa ba se na molato. 11 Basadi ba e leng bagolwane le bone ba tshwanetse go nna batho ba ba masisi jalo, ba se bapateletsi, ba le mogopolo o o lekalekanyeng, ba le boikanngo mo dilong tsotlhe. 12 A bagolwane ba phuthego e nne banna ba ba mosadi a le mongwe fela, ba laole bana ba bone le matlo a bone sentle. 13 Gonne ba ba dirileng sentle e le bagolwane ba phuthego, ba iponela boemo jo bo molemo, le tshosologo e kgolo mo tumelong e e mo go Keresete Jesu. Bosaitsiweng jwa tumelo ya rona 14 Dilo tse ke a di go kwalela, ke solofetse go akofa ke ya koo go wena; 15 e tle e re fa ke ka diega thata, o bo o itse ka fa batho ba tshwanetseng go dira ka teng mo ntlong ya Modimo, e e leng phuthego ya Modimo o tshedileng, lekotwana le setshegetso sa boammaaruri. 16 Kwa ntle ga kgang, boteng jwa bosaitseweng jwa poifo Modimo bo bogolo; ke go re: Ene yo o bonaditsweng mo nameng, a siamisiwa ke Mowa, a bonwa ke baengele, a rerwa mo merafeng, a dumelwa mo lefatsheng, a tsholelediwa kwa kgalalelong. |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa