1 Petero 5 - BAEBELE e e BoitshepoLetsomane la Modimo 1 Ke gone, bagolwane ba ba mo go lona ke a ba laya, ke le mogolwane ka bone le mosupi wa dipogiso tsa ga Keresete, ke bile ke le yo o nang le kabelo mo kgalalelong e e tlaa senolwang: 2 Ka re: Disang letsomane la Modimo le le mo go lona, lo ntse lo lebela, e seng ka go patelelwa, mme ka pelo e e ratang, ka fa mokgweng wa Modimo; e seng gore lo tle lo bone khumo ka bokhutlo jo bo itumelang; 3 le fa e le ka mokgwa wa go rena mo go ba lo ba tshwaetsweng, fa e se ka go itira dikao mo letsomaneng. 4 Mme e tlaa re mogang Modimo o mogolo o bonatsiwang, lo tlaa bona serwalo sa kgalalelo se se sa onaleng. 5 Le lona babotlana, lo nne kutlo mo go ba e leng bagolwane. Ee, lotlhe lo itlame ka boikokobetso, go tla lo direlana, gonne Modimo o tlhabana le ba ba ikgogomosang, mme ba ba ikokobetsang o ba neye tshegofatso. 6 Ke gone ikokobeletseng fa tlase ga letsogo le le nonofileng la Modimo, gore o tle o lo goletse mo lobakeng lo e leng lone; 7 lo ntse lo latlhela tlhobaelo yotlhe ya lona mo go one, ka o a lo babalela. 8 Lo nne lo ikgape, lo nne tiso: mmaba wa lona, diabolo, o potologa jaaka tau e e dumang, a batla yo o ka mo kometsang. 9 Lo emalane nae lo nitame mo tumelong ya lona, lo ntse lo itse fa tsone dipogiso tseo di dirafalela bakaulengwe ba lona ba ba mo lefatsheng. 10 Modimo wa tshegofatso yotlhe, o o lo bileditseng kwa kgalalelong ya one, e e sa khutleng mo go Keresete, e tlaa re lo sena go nna lo boga botlhoko ka lobakanyana, one ka osi o tlaa lo dira boitekanelo, o lo tiisa o lo thatafatsa. 11 Puso a e nne kwa go one ka bosakhutleng le ka bosaengkae. Amen. Ditumediso tsa bofelo 12 Ke lo kwaletse go le go khutshwane ka Silefano, mokaulengwe yo o boikanngo, ke raya jaaka nna ke mo kaile, ke laya ke ba ke supa fa e, e le yone tshegofatso ya Modimo ya ammaaruri: lo emeng ka tlhomamo mo go yone. 13 Phuthego e e mo Babilone, e e itshenketsweng mmogo le lona, e a lo dumedisa; le Mareko morwaake o bua jalo. 14 Lo dumedisanye ka katlo ya lorato. A kagiso e nne le lona lotlhe ba lo mo go Keresete. |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa