Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

1 Petero 4 - BAEBELE e e Boitshepo


Keresete o fetotse matshelo a batho

1 Ke gone, e re ka Keresete a kile a boga botlhoko mo nameng, le lona lo tlhomele one mogopolo oo; gonne yo o bogileng botlhoko mo nameng o baketse boleo;

2 gore e tle e re mo lobakeng lo lo setseng lwa nama, lo bo lo sa tlhole lo tshelela dithato tsa batho, fa e se go rata ga Modimo fela.

3 Gonne lobaka lo lo fetileng lo tshwanetse go bo ne ne lo lekanye lwa go dira keletso ya Baditšhaba, le lwa go tsamaya mo bopepeng le mo dithatong le mo go nweng bojalwa, le mo ditlhapelong, le mo ditagong, le mo ditirelong tse di makgapha tsa medimo ya disetwa;

4 e le dilo tse ba lo gakgamalelang ka ga tsone, ba bua bosula ka ga lona, ka lo sa sianele nabo mo tlhapelong eo e e feteletseng.

5 Ke ba ba tlaa ikarabelang ene yo o iketleeleditseng go atlhola batshedi le baswi.

6 Gonne ke ka gone moo Mafoko a a Molemo a reretsweng le e leng baswi, gore ba tle ba atlholwe jaaka batho mo nameng, mme ba tshelele Modimo mo moweng.


Tshwaro e ntle ya dimpho tsa Modimo

7 Bokhutlo jwa dilo tsotlhe bo gaufi: ke gone lo nneng maikutlo a a itekanetseng, lo ikgape gore lo bone go ineela mo thapelong;

8 mme bogolo go dilo tsotlhe, a go ratana ga lona go tuke; gonne lorato lo tle lo bipe bontsi jwa dibe;

9 lo tsholane ka go phumisetsanya lo se na ngongorego.

10 Ka fa mongwe le mongwe o amogetseng neo ka teng, lo bo lo direlane ka yone fela, jaaka balebedi ba ba molemo ba tshegofatso e ntsintsi ya Modimo;

11 fa motho mongwe a bua, a e nne jaaka fa a bua mafoko mangwe a Modimo; fa motho mongwe a direla, a e nne jaaka fa a direla ka thata e Modimo o e mo abelang; gore Modimo o galalediwe mo dilong tsotlhe ka Jesu Keresete, yo kgalalelo e leng ya gagwe, le puso, ka bosakhutleng le ka bosaengkae. Amen.


Yo o bogang jaaka Keresete, a galaletse leina la gagwe

12 Baratwa, se gakgamaleleng teko e e gotetseng e e mo go lona, e e lo tlelang go lo leka, jaaka fa e ka bo e le selo sengwe se se sa itsiweng se lo dirafaletse:

13 E re ka lo tlhakanetse le Keresete dipogiso tsa gagwe, lo itumele; gore e tle e re mo tshenolong ya kgalalelo ya gagwe le gone lo bo lo itumele, ka boitumelo jo bo feteletseng.

14 Fa lo kgojwa ka leina la ga Keresete, lo sego; ka Mowa wa kgalalelo le Mowa wa Modimo o ntse mo go lona.

15 Ope wa lona a se ka a boga botlhoko a le mmolai, kgotsa legodu, kgotsa modira bosula, kgotsa e le yo o itsenyang mo mafokong a batho ba bangwe:

16 Fa motho a boga botlhoko ka a le Mokeresete, a a se tlhajwe ke ditlhong; a a galaletse Modimo mo leineng le.

17 Gonne ke lobaka lwa gore, tshekiso e simolole mo ntlong ya Modimo; mme fa e simolola pele mo go rona, ana bofelelo jwa ba ba sa utlweng lefoko la Modimo e tlaa nna eng?

18 Fa mosiami a bolokwa ka pitlagano fela, ana moikepi o tlaa bo a bonala kae, le moleofi?

19 Ke gone, a bone ba ba utlwang botlhoko ka fa go rateng ga Modimo, a ba neele Mmopi yo o boikanngo mewa ya bone ba le mo go direng molemo.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan