Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

1 Petero 3 - BAEBELE e e Boitshepo


Basadi le banna ba bone

1 Fela jalo le lona basadi ba lo nyetsweng, lo nne kutlo mo banneng ba lona; e tle e re, le fa bangwe ba sa utlwe lefoko le, ba tle ba kgonwe kwa ntle ga lefoko ke mokgwa o montle wa basadi ba bone;

2 ba bone mokgwa o montle wa lona, lo le bori go pataganye le poifo.

3 Go kgaba ga lona a e se nne go kgaba mo go kwa ntle, e bong ga go iphora moriri loetse, le ga go rwala mekgabo ya gouta, kgotsa ga go apara diaparo tse di maphatsiphatsi;

4 mme a e nne motho yo o sa bonaleng wa pelo, le ka diaparo tse di sa boleng tsa mowa wa boikokobetso le tidimalo, e le gone mo go kaiwang go tlhokega thata mo matlhong a Modimo.

5 Gonne le bone basadi ba ba boitshepo ba ba solofetseng mo Modimong, ba ne ba ikgabisa ka one mokgwa o mo motlheng wa pele, ba le boineelo mo banneng ba bone;

6 jaaka Sara a utlwa Aberahame, a mmitsa morena; yo lo leng bana ba gagwe gompieno, fa lo dira sentle, fa lo sa boifisiwe ke therego epe.

7 Fela jalo le lona banna ba lo nyetseng, lo age le basadi ba lona ka fa kitsong, ka go naya mosadi tlotlo, jaaka e le sejana se se seng thata, ka lo bile lo le barui mmogo nabo ba tshegofatso ya botshelo; gore merapelo ya lona e tle e se ka ya kgoreletsega.


Go bogela go dira tshiamo

8 Sa bofelo, nnang maikutlo mangwe fela lotlhe, lo le pelotlhomogi, lo ratana jaaka bana ba monna, lo le pelonamagadi, le boikokobetso:

9 Lo sa lefetse bosula ka bosula, le fa e le kgobo ka kgobo; mme bogolo e nne ka go segofatsa; gonne lo bileditswe gone moo, gore lo rue tshegofatso boswa.

10 Gonne ga twe: “Yo o eletsang go rata botshelo, le go bona metlha e e molemo, a kganele loleme lwa gagwe mo bosuleng, le molomo wa gagwe, gore o se bue boferefere bope.

11 A a fapoge bosula, a dire molemo; a a batle kagiso, mme a a e latelele.

12 Gonne matlho a ga Jehofa a mo basiaming, le ditsebe tsa gagwe mo mekokotlelong ya bone; mme sefatlhogo sa ga Jehofa se bifetse ba ba dirang bosula.”

13 Mang yo o tlaa lo utlwisang botlhoko, fa lo tlhoafaletse se se molemo?

14 Mme e tlaa re fa lo ka boga botlhoko ka ntlha ya tshiamo, lo bo lo le sego; lo se ka lwa boifa poitsho ya bone, le gone lo se ka lwa huduega;

15 mme lo itshepise Keresete mo dipelong tsa lona e le ene Morena; lo ntse lo iketleeditse ka metlha yotlhe go fetola motho mongwe le mongwe yo o lo botsang ka ga tsholofelo e e mo go lona go re e tswa kae. Le fa go ntse jalo e nne ka boikokobetso le poifo:

16 Lo le segakolodi se se siameng, gore e tle e re mo go se se bosula se ba se buang ka ga lona, bone ba ba kgalang go tshela sentle ga lona mo go Keresete, ba be ba tlhajwe ke ditlhong.

17 Gonne go molemo bogolo, fa go rata ga Modimo go ka nna jalo, lwa boga botlhoko ka ntlha ya go dira molemo, e seng ka ntlha ya go dira bosula.

18 Ka Keresete le ene a bogile botlhoko gangwe fela, ka ntlha ya maleo, a le mosiami mo boemong jwa basiamolodi, gore a re lere mo Modimong; a bolawa mo nameng, a rudisiwa mo moweng;

19 o e leng one o ileng a rerela mewa e e mo ntlong ya kgolegelo ka one,

20 e e rileng mo metlheng ya pele ya bo e gana go utlwa, jale ka bopelotelele jwa Modimo bo ba lebeletse mo metlheng ya ga Noa, ntlo e e kokobalang e sa ntse e baakanngwa, e bobotlana, e bong batho ba ba 8, ba bolokilweng mo go yone ka metsi.

21 A le one a bolokang lona gompieno, ka fa setshwanong sa ammaaruri, e bong kolobetso, e seng go tlosiwa ga leswe la nama, fa e se potsiso ya segakolodi se se siameng, se botsa ka ga Modimo, ka go tsoga ga Jesu Keresete;

22 yo o ntseng ka fa letsogong le legolo la Modimo, ka a tsenye kwa legodimong; baengele, le balaodi, le bathata, ba bile ba beilwe mo taolong ya gagwe.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan