Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

1 Petero 2 - BAEBELE e e Boitshepo


Lentswe le le tshedileng le morafe o o itshepileng

1 Ke gone, latlhang boikepo jotlhe, le boferefere jotlhe, le maitimokanyo, le mapelotshetlha, le dipuo tsotlhe tse di maswe.

2 Fela jaaka banyana ba e leng gone ba tsalwang, lo tlhologelelwe maši a semowa a a se nang boferefere, gore lo tle lo golele polokong ka one.

3 Ke raya fa e rile lo mo lekeletsa lwa fitlhela Morena a le pelotshweu.

4 Yo e reng lo tla mo go ene, e le lentswe le le tshedileng, le gale e le le le gannweng ke batho, mme mo Modimong e be e le le le itshenketsweng, le le tlhokegang.

5 Ka re, le lona, jaaka maje a a tshedileng, go agiwa ntlo ya semowa ka lona, go tla lo nna boperisiti jo bo itshepileng jwa go isa ditlhabelo tsa semowa, tse di lebosegang mo Modimong ka Jesu Keresete.

6 Gonne go mo Lokwalong, ga twe: “Bonang ke baya mo Sione lentswe le legolo la kgokgotsho, le le itshenketsweng, le le le tlhokegang: yo o dumelang mo go ene ga a ketla a tlhabisiwa ditlhong.”

7 Ke gone botlhokego bo kwa go lona ba lo dumetseng; mme kwa go ba ba sa dumelang: “Lentswe le baagi ba le ganneng, ke lone le dirilweng la tlhogo ya kgokgotsho.”

8 Gape: “Lentswe la kgokgweetso, le lefika la kgopiso,” gonne ba kgweetsega mo lefokong, ka e le ba sa utlweng; e le mo ba bileng ba go laoletswe.

9 Mme lona lo losika lo lo itshenketsweng, lo boperesiti jwa segosi, morafe o o boitshepo, lo tšhaba e e ruilweng ke Modimo ka sebele, gore lo tle lo bonatse go tlotlomala ga yo o lo biditseng, a lo bitsa lo le mo lefifing, a lo isa leseding la gagwe le le gakgamatsang;

10 e bong lona ba e rileng mo metlheng e e fetileng lwa bo lo se tšhaba epe, gompieno lo tšhaba ya Modimo; lwa bo lo ne lo ise lo bone boutlwelobotlhoko, mme gompieno lo bonye boutlwelobotlhoko.


Go tshela jaaka batlhanka ba Modimo

11 Bagaetsho, ke a lo rapela jaaka bajaki ba baeti, ka re, lo ithibe mo dithatong tsa senama tse di tlhabanang le mowa wa motho;

12 lo bo lo tshele ka mokgwa o montle mo go Baditšhaba; e tle e re mo ba lo bolelang jaaka badira bosula ka teng, bo ba galaletse Modimo mo motlheng wa tekolo, ka ditiro tsa lona tse di molemo, tse ba di bonang.

13 Lo ineele mo taolelong nngwe le nngwe ya motho ka ntlha ya Morena: le fa e le mo kgosing ka e le tlhogo;

14 le fa e le mo balaodisiweng, ka ba romilwe ke yone go tla ba lefetsa badira bosula, le go baka ba ba dirang sentle.

15 Gonne go rata ga Modimo go ntse jalo, gore lo tle lo didimatse botlhoka go itse jwa ba ba dieleele ka go dira sentle ga lona.

16 Lo nne jaaka ba ba gololesegileng, kgololesego ya lona lo se e ntshe kobo ya go bipa boikepo, lo nne jaaka batlhanka ba Modimo.

17 Tlotlang batho botlhe. Ratang bokaulengwe. Boifang Modimo. Tlotlang kgosi.


Go tsaya malebela mo go bogeng ga Keresete

18 Lona batlhanka lo nne kutlo mo go beng ba lona ka poifo yotlhe; e seng mo go ba ba molemo, le ba ba bonolo fela, e leng le mo go ba ba logala fela.

19 Gonne mo, go a lebosega, fa e ka re ka ntlha ya go gopola Modimo, motho a ba a itshokela mahutsana, a utlwa botlhoko a se na molato.

20 Gonne pelafalo lo bo lo na le efe, fa e ka re lo leofa, lo itewa ka ntlha ya gone, lwa go itshokela ka bopelotelele? Mme fa e tlaa re lo dira sentle, lo utlwisiwa botlhoko ka ntlha ya gone, lwa go itshokela ka bopelotelele, mo go bo go lebosega mo Modimong.

21 Gonne lo bileditswe gone moo; gonne Keresete le ene o bogile botlhoko mo boemong jwa lona, a lo tlogelela sekao, gore lo tsamaye mo dikgatong tsa gagwe:

22 “Yo o se kang a dira boleo bope, le boferefere bo se kang jwa fitlhelwa mo molomong wa gagwe.”

23 Yo e rileng a kgojwa, a se ka a ba a kgoba; yo e rileng a boga botlhoko, a se ka a bopa; mme a ineela fela mo go yo o atlholang ka tshiamo;

24 yo e leng ene ka esi o belegeng dibe tsa rona mo mmeleng wa gagwe a le mo setlhareng, gore rona, ka re sule ka ga dibe, re tle re tshelele tshiamo; yo e leng ene yo lo fodisiwang ka dingalo tsa gagwe.

25 Gonne lo ne lo timela jaaka dinku; gompieno lo boetse mo go Modisa le Mookami wa mewa ya lona.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan