Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

1 Petero 1 - BAEBELE e e Boitshepo


Tumediso

1 Ke nna Petere, moaposetole wa ga Jesu Keresete, ke kwalela baitshenkedwi ba e leng bajaki ba Phaladi kwa lefatsheng la Ponto, le la Galatia, le la Kapatokia, le la Asia, le la Bithunia,

2 ba ba itshenketsweng ka fa kitsetongpele ya Modimo Rara, ka go itshepisiwa ke Mowa, go tla ba bona kutlo, le kgatsho ya madi a ga Jesu Keresete. Ka re: Tshegofatso e nne le lona le kagiso e lo totafalele.


Tsholofelo e e tshedileng

3 A go bakwe Modimo le Rra Morena wa rona Jesu Keresete, o o bileng o re tsaletse go re isa tsholofelong e e tshedileng, ka fa boutlwelong botlhoko jo bogolo jwa one, ka go tsoga ga Jesu Keresete mo baswing.

4 Go tla re bona boswa jo bo sa boleng, le jo bo sa leswafalang, le jo bo sa nyeleleng, jo lo bo beetsweng kwa legodimong,

5 e bong lona ba lo dibelwang ke thata ya Modimo ka tumelo, go tla lo bona poloko nngwe e e etleetsegetseng go senolwa mo motlheng wa bofelo.

6 Mo lo itumelang thata mo go gone, le fa gompieno ka lobakanyana, fa go lopiwa jalo, lo bo lo tsenye mo bohutsaneng ka diteko dingwe le dingwe di le dintsi,

7 gore go lekwa ga tumelo ya lona, ka e ratega bogolo go gouta e e nyelelang, le fa e lekilwe ka molelo, go fitlhelwa e le pako le kgalalelo le tlotlo, mo tshenolong ya ga Jesu Keresete;

8 yo, le fa lo ise lo mmone lo a mo rata; yo, le fa lo sa mmone gompieno, le fa go ntse jalo, ka lo dumela mo go ene, lo bo lo itumela thata mo go ene, ka boitumelo jo bo sa ka keng jwa bolelwa, jo bo tletseng kgalalelo;

9 ka lo amogela bofelelo jwa tumelo ya lona, e bong poloko ya mewa ya lona.

10 Ke poloko e baperofeti ba kileng ba botsa, ba ba ba keleka ka tlhoafalo ka ga yone, e bong bone ba ba boleletseng pele ka ga tshegofatso e e neng e tlaa tla mo go lona.

11 Ba keleka ka ga motlha, le ka fa motlha oo o tlaa nnang ka teng, o Mowa wa ga Keresete o o neng o le mo go bone o o supang, ka o kaile gale dipogisego tsa ga Keresete, le dikgalalelo tse di tlaa di salang morago.

12 Ga senolelwa bone bao fa ba sa itirele, mme ba direla lona ka dilo tseo, tse gompieno lo di itsisitsweng ke ba ba lo reretseng Mafoko a a Molemo, ka Mowa o o Boitshepo o o romilweng o tswa legodimong; e le dilo tse baengele ba eletsang go leba mo go tsone.


Piletso ya go tshelela mo boitshepong

13 Ke gone, ka go itlama mo megopolong, lo nne tekano, mme lo tlhome tsholofelo ya lona ka botlalo, mo tshegofatsong e e tlaa tlisiwang mo go lona ka go senolwa ga Jesu Keresete.

14 Lo nne jaaka bana ba ba utlwang, lo sa ipope ka fa dithatong tsa lona tsa gale, tsa motlha wa go tlhoka go itse ga lona.

15 Mme jaaka yo o lo biditseng a le boitshepo, le lona lo nne boitshepo mo go tsheleng gongwe le gongwe gotlhe ga lona;

16 ka go kwadilwe ga twe: “Lo nne boitshepo; gonne nna ke boitshepo.”

17 Fa lo mmitsa jaaka Rraeno, e bong ene yo o atlholang ka fa tirong ya motho mongwe le mongwe e ntseng ka teng, a sa tlhaole batho, lo fetise lobaka lo lo sa ntse lo tlhotsetlhotse ka lone mono, ka poifo.

18 Lo ntse lo itse fa lo rekolotswe mo mokgweng wa boithamako wa go tshela ga lona, o lo sa leng lo o rutwa ke borraeno; ka re, lo rekolotswe e seng ka dilo tse di bolang jaaka selefera le gouta;

19 fa e se ka madi a a tlhokegang, e kete a kwanyana e e se nang bogole, le fa e le selabe, e bong madi a ga Keresete.

20 Yo le gale o sa le a itsiwe pele ga motheo wa lefatshe, mme a senolwa mo bofelong jwa metlha ka ntlha ya lona,

21 lona ba lo dumelang ka ene mo Modimong, o o mo tsositseng mo baswing, mme wa mo naya kgalalelo; gore go dumela ga lona, le go solofela ga lona, e nne mo Modimong.

22 E re ka lo itshekisitse mewa ka go ineela ga lona mo boammaaruring, lwa tsamaya lwa fitlha mo go rateng bakaulengwe, mo go se nang boitimokanyo, ka re, lo ratane mo pelong ka tlhoafalo;

23 ka lo bile lo tsetswe gape, e seng ka peo e e bolang, mme e le ka e e sa boleng, ka lefoko la Modimo le le tshedileng le le nnetseng ruri.

24 Gonne ga twe: “Nama yotlhe ke bojang, le go kgaba gotlhe ga yone go etsa sethunya sa bojang. Bojang bo a swaba, sethunya se we;

25 mme lefoko la ga Jehofa le ntse ka bosakhutleng.” Mme leo ke lone polelo ya Mafoko a a Molemo a lo a reretsweng.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan