1 Bakorinta 16 - BAEBELE e e BoitshepoGo ntshetsa baitshepi 1 Jaana, ka ga madi a a phuthelwang baitshepi, jaaka ke laotse diphuthego tsa Galatia, le lona lo dire jalo. 2 E re ka letsatsi la ntlha la beke, a mongwe le mongwe wa lona a beele sengwe fa thoko, ka fa o bonyeng go bapala ka teng, gore e tle e re ke tla, go bo go sa tlhole go na le go phutha. 3 E tlaa re ke fitlha, ba lo tlaa ba kayang ka dikwalo gore ba tshwanetse, ke bone ba ke tlaa ba romang, ba isa dikatso tsa lona kwa Jerusalema. 4 Fa e le tshwanelo gore le nna ke tsamaye, ba tlaa tsamaya le nna. Dithulaganyo tsa ga Paulo 5 Ke tlaa tla koo go lona ke sena go ralala Maketonia; gonne ke tlaa bo ke ralala Maketonia; 6 e tlaa re kgotsa ke diege mo go lona, le fa e le go nna mariga, gore lo tle lo nkise kwa pele mo loetong lwa me lwa kwa ke yang teng fela. 7 Gonne ga ke rate go lo bona gompieno fa ke feta, gonne ke solofetse go diega mo go lona ka lobaka, fa e le go rata ga Morena. 8 Mme ke tlaa diega mo Efeso go ya go fitlha mo lobakeng lwa Pentekoste; 9 gonne ke buletswe kgoro teng, le e go nang le tiro mo go yone, mme go na le baganetsi ba le bantsi. 10 Jaana fa Timotheo a ka tla, lo bone koo gore a nne mo go lona a se na poifo; gonne o dira tiro ya Morena, jaaka le nna ke dira. 11 Ka re, a go se nne motho ope yo o mo nyatsang. Lo mo tswedisetse pele mo loetong lwa gagwe ka kagiso, gore a tle kwa go nna; gonne ke mo lebeletse go tla le bakaulengwe. 12 Mme ka ga Apolose mogaetsho, ke mo rapetse thata, gore a ye koo go lona le bakaulengwe; mme e ne e se go rata ga gagwe gope go ya ka lobaka lono; o tlaa ya mogang o bonang lobaka. Kopo ya bofelo le ditumediso 13 Disang, lo eme ka tlhomamo mo tumelong, lo dire jaaka banna, lo nne thata. 14 Gotlhe mo lo go dirang, a go dirwe ka lorato. 15 Ke a lo rapela bagaetsho, lo a ba itse ba ntlo ya ga Setefanase, fa e le mabutswapele a lefatshe la Akaia, e le ba ba ineetseng go direla baitshepi. 16 Ka re, le lona lo ingotlele ba ba ntseng jalo, le mo go mongwe le mongwe yo o thusang, le yo o dirang mo tirong. 17 Ke itumelela go tla ga Setefanase, le Foretunato, le Akaiko, gonne se se neng se tlhokafala ntlheng ya lona ba se tladitse. 18 Gonne ba lapolositse mowa wa me le wa lona, mme ka re: Tsholanang le ba ba ntseng jalo. 19 Diphuthego tsa lefatshe la Asia di a lo dumedisa. Akwila le Perisila ba lo dumedisa thata mo Moreneng, ba na le phuthego e e mo ntlong ya bone. 20 Bakaulengwe botlhe ba a lo dumedisa. Dumedisanyang ka katlo e e boitshepo. 21 Tumediso ya me, ke le Paulo, e kwadilwe ka seatla sa me. 22 Fa motho mongwe a sa rate Morena, a a hutsege. Morena o etla. 23 Tshegofatso ya Morena Jesu Keresete e nne le lona. 24 Lorato lwa me lo nne le lona lotlhe mo go Keresete Jesu. Amen. |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa