Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

1 Bakorinta 15 - BAEBELE e e Boitshepo


Tsogo ya ga Keresete

1 Jaana bagaetsho, ke lo itsise Mafoko a a Molemo a ke a lo reretseng, a le lona lo a amogetseng, le a lo emeng mo go one,

2 a lo bileng lo bolokwa ka one; ka re, ke lo itsise mantswe a ke a lo reretseng, fa lo sa ntse lo a tshegeditse, fa lo se ka lwa dumelela lefela.

3 Gonne e rile pelepele ka lo neela mo le nna ke go amogetseng, e bong gore Keresete o swetse dibe tsa rona ka fa dikwalong; le gore, o ne a fitlhwa;

4 le gore, o tsositswe ka letsatsi la boraro ka fa dikwalong;

5 le gore, a bonwa ke Kefase; le ke ba ba 12 morago ga moo.

6 Morago a bonwa ke badumedi ba ba fetang 500 ka lobaka lo le longwe fela, ba bontsi jwa bone ba sa ntseng ba leyo le gompieno, bangwe ba setse ba robetse;

7 morago a bonwa ke Jakobe; morago ke baaposetole botlhe.

8 Moragorago, a bonwa le ke nna, ke le motho yo e keteng ke tsetswe ka lobaka lo e seng lone.

9 Gonne ke mmotlana wa baaposetole, yo ke bileng ke sa tshwanela go bidiwa moaposetole, ka ke bogisitse phuthego ya Modimo.

10 Ke ntse jaaka ke ntse jaana ka ntlha ya tshegofatso ya Modimo; tshegofatso ya one e e ntirafaletseng, ga e a ka ya fitlhelwa e le lefela, mme ka dira bogolo go bone botlhe, le fa go ntse jalo ya bo e se nna, mme e le tshegofatso ya Modimo e ke ntseng ke na nayo.

11 Ke gone le fa e le nna, le fa e le bone, re rera jalo, le lona lo dumetse jalo.


Tsogo ya baswi

12 Jaana fa Keresete a rerwa gore o tsositswe mo baswing, ana bangwe mo go lona ba bua jang ba re, ga go na go tsoga ga baswi?

13 Fa go se na tsogo ya baswi, le ene Keresete ga a a tsosiwa;

14 mme fa Keresete a sa tsosiwa, foo thero ya rona ke lefela; tumelo ya lona le yone ke lefela.

15 Ee, re bile re fitlhelwa re le basupi ba Modimo ba re akang fela; ka re supile fa Modimo o tsositse Keresete mo baswing; ga o a ka wa mo tsosa, fa e le ruri baswi ba sa tsosiwe.

16 Gonne fa baswi ba sa tsosiwe, le ene Keresete ga a a tsosiwa.

17 Mme fa Keresete a sa tsosiwa, tumelo ya lona ke lefela; lo sa ntse lo le mo dibeng tsa lona.

18 Jalo le ba ba robaletseng mo go Keresete ba tlaa bo ba nyeletse.

19 E ka re fa re solofetse mo go Keresete mo botshelong jono bo le josi fela, ke rona ba re tlhomolang pelo bogolo go batho botlhe.

20 Nnyaa, jaanong Keresete o tsositswe mo baswing, e le lebutswapele la ba ba robetseng.

21 Gonne e re ka loso lo tsile ka motho, go tsoga ga baswi le gone go tsile ka motho.

22 Gonne jaaka botlhe ba swa ka Atame, go ntse jalo, botlhe ba tlaa tshedisiwa ka Keresete.

23 E tlaa bo e le mongwe le ka fa thulaganyong ya gagwe: Keresete e le ene lebutswapele; foo go tle ba e leng ba ga Keresete, mo go tleng ga gagwe.

24 Foo go tle bokhutlo jo o tlaa neelang Modimo, e bong Rara, bogosi ka jone, a sena go nyeletsa puso yotlhe le taolo, le nonofo.

25 Gonne o na le go busa fela, a ba a tla a tsamaye a beye baba botlhe ba gagwe fa tlase ga dinao tsa gagwe.

26 Mmaba wa bofelo yo o tlaa nyelediwang ke loso.

27 “Gonne, o beile dilo tsotlhe mo taolong fa tlase ga dinao tsa gagwe.” Fa o re: “Dilo tsotlhe di beilwe mo taolong,” go a bonala fa go sa rewe one o o beileng dilo tsotlhe mo taolong ya gagwe.

28 E tlaa re dilo tsotlhe di sena go bewa mo taolong ya gagwe, foo Morwa one le ene ka esi, o tlaa bewa mo taolong ya one o o beileng dilo tsotlhe mo taolong ya gagwe, gore Modimo o nne gotlhe mo go tsotlhe fela.

29 Fa go sa nna jalo, ba ba kolobelediwang baswi ba tlaa dirang? Fa baswi ba sa tsosiwe gope, ba tlaa ba ba kolobelediwe go reng?

30 Le rona, re emetseng mo poitshegong ka dipaka tsotlhe?

31 Ke a ikana ka go ipelafatsa ga me ka lona bagaetsho, mo ke nang nago mo go Keresete Jesu Morena wa rona, ka re, ke a swa ka malatsi otlhe.

32 Fa ke lole le dibatana kwa Efeso, ka fa mokgweng wa batho, go a bo go nthusang? A e re fa baswi ba sa tsosiwe, a re jeng, re nweng, gonne re tsoga re swa ka moso.

33 Lo se ka lwa tsietsega: “Go ikopanya le ba ba bosula, go tle go bodise mekgwa e mentle.”

34 Tsitsibogelang kwa tshiamong, mme se leofeng; gonne bangwe ga ba na kitso ya Modimo; mo, ke go bua go lo tlhabisa ditlhong.


Mmele wa tsogo

35 Mme mongwe o ba a tla a re: “Ana baswi ba tsosiwa jang? Mme ba tlaa tla ka mmele o o ntseng jang?”

36 Seelele ke wena! Le se wena ka wesi o se jalang, ga se ke se tshela, fa se sa swe pele.

37 Aitse se o se jalang, ga o jale mmele o o tlaa nnang, fa e se tlhaka fela, kgotsa e le ya mabele, gongwe e le ya peo e sele.

38 Mme Modimo o e naya mmele ka fa go kgatlhileng one ka teng, o naya peo nngwe le nngwe mmele o e leng wa yone.

39 Nama yotlhe ga e tshwane; mme go nama e nngwe ya batho, e nngwe nama ya phologolo, e nngwe nama ya dinonyane, e nngwe nama ya ditlhapi.

40 Go bile go na le mebele ya selegodimo, le mebele ya selefatshe; mme kgalalelo ya mebele ya selegodimo e sele, le kgalalelo ya mebele ya selefatshe e sele.

41 Go na le kgalalelo nngwe ya letsatsi, e nngwe ke kgalalelo ya kgwedi, e nngwe ke kgalalelo ya dinaledi; gonne naledi nngwe e farologanye mo go e nngwe ka kgalalelo.

42 Go tsoga ga baswi le gone go ntse jalo. Go jalwa e le mo go bolang, go tsosiwe e le mo go sa boleng.

43 Go jalwa e le mo go tlotlologileng; go tsosiwe go le mo kgalalelong; go jalwa go le bokoa; go tsosiwe go le thata.

44 Go jalwa e le mmele wa tlholego; go tsosiwe e le mmele wa semowa. E re fa go na le mmele wa tlholego, wa semowa le one o teng.

45 Le gone go kwadilwe jalo ga twe: “Motho wa pele, e bong Atame, a dirwa motho yo o tshedileng.” Atame wa morago a dirwa mowa o o tshedisang.

46 Le fa go ntse jalo sa pele e ne e se sa semowa, fa e se sa tlholego fela; mme sa semowa sa tla kwa morago.

47 Motho wa pele ke wa mmu, wa selefatshe; motho wa bobedi ke wa legodimo.

48 Jaaka wa selefatshe a ntse, ba ba leng ba selefatshe le bone ba ntse jalo; jaaka wa selegodimo a ntse, ba ba leng ba selegodimo le bone ba ntse jalo.

49 Jaaka re ne re ntse mo tshwanong ya wa selefatshe, re tlaa nna jalo mo tshwanong ya wa selegodimo.

50 Jaana, bagaetsho, ke bua lefoko le, ka re, nama le madi ke dilo tse di sa ka keng tsa rua bogosi jwa Modimo; le gone go bola ga go ka ke ga rua bosaboleng.

51 Bonang, ke lo bolelela bosaitsiweng: Ga re ketla re robala rotlhe, mme re tlaa fetolwa rotlhe fela,

52 ka gangwe fela, ka ponyo ya leitlho, ka lobaka lwa lonaka lwa bofelo. Gonne lonaka lo tlaa gelebetega, mme baswi ba tlaa tsosiwa ka mo go sa boleng, mme rona re tlaa fetolwa.

53 Gonne mo go bolang mo, go na le go apara bosaboleng, le mo go swang mo, go na le go apara bosasweng.

54 E tlaa re mo go bolang mo go sena go apara bosaboleng, le mo go swang mo go sena go apara bosasweng, foo go tlaa dirafala lefoko le le kwadilweng ga twe: “Loso lo meditswe ke phenyo.”

55 “Loso, phenyo ya gago e kae? Loso, lobelela lwa gago lo kae?”

56 Lobelela lwa loso ke boleo; mme thata ya boleo ke molao.

57 Mme a go lebogwe Modimo, o o re nayang phenyo ka Morena wa rona Jesu Keresete.

58 Ke gone bagaetsho ba ba rategang, lo tlhomame, lo nitame, lo ntse lo totafetse mo tirong ya Morena ka metlha yotlhe, ka lo itse fa tiro ya lona e se ketla e nna lefela mo Moreneng.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan