1 Bakorinta 1 - BAEBELE e e BoitshepoTumediso 1 Ke nna Paulo, yo ke biditsweng go nna moaposetole wa ga Jesu Keresete ka go rata ga Modimo, ke na le Sosethenese mokaulengwe wa rona. 2 Re kwalela phuthego ya Modimo e e kwa Korinthe, e bong bone ba ba itshepisitsweng mo go Keresete Jesu, ba biditswe go nna baitshepi, ba na le botlhe mo mafelong a otlhe ba ba bitsang leina la Morena wa rona Jesu Keresete, Morena wa bone le wa rona. 3 Ka re, a tshegofatso e nne le lona, le kagiso e e tswang mo Modimong Rraetsho, le mo go Morena Jesu Keresete. Malebogo mo go Keresete 4 Ke leboga Modimo wa me ka metlha yotlhe ka ga lona, ka ntlha ya tshegofatso ya Modimo e lo e neilweng mo go Keresete Jesu; 5 ka lo humisitswe mo go ene mo dilong tsotlhe, mo puong yotlhe, le mo kitsong yotlhe; 6 fela jaaka tshupo ya ga Keresete e tlhomamisitswe mo go lona. 7 Lwa ba lwa tla lwa se ka lwa tlhaela mo neong epe; lo ntse lo lebeletse tshenolo ya Morena wa rona Jesu Keresete; 8 yo o bileng a tlaa lo tlhomamiseletsa le kwa bokhutlong, gore lo nne lo se na ka fa lo ka nyadiwang ka teng mo letsatsing la Morena wa rona Jesu Keresete. 9 Modimo o boikanngo, o lo bileditsweng bolekaneng le Morwa one Jesu Keresete Morena wa rona ka one. Dikgaogano mo phuthegong 10 Jaana bagaetsho, ke a lo rapela, ka leina la Morena wa rona Jesu Keresete, gore lo nne puo nngwe fela lotlhe, le gore go se nne dikgaogano mo go lona; mme lo ko lo itekanele mmogo, le mo mogopolong o le mongwe fela, le mo tshekatshekong e le nngwe fela. 11 Gonne bagaetsho, ke boleletswe ka ga lona, ke ba e leng ba ntlo ya ga Keloe, fa go na le dikgang mo go lona. 12 Ke bua jaana ka re, mongwe le mongwe wa lona o tlaa re: “Nna ke oo rra Paulo, le nna ke oo rra Apolose, le nna ke oo rra Kefase, mme nna ke oo rra Keresete.” 13 A Keresete o kgaoganye? A Paulo o lo bapoletswe? Kgotsa a lo kolobeditswe mo ineng la ga Paulo? 14 Ke leboga Modimo ka gobo ke se ka ka kolobetsa ope wa lona, fa e se Kerisepo le Gaio; 15 gore go se nne motho ope yo o tlaa reng, lo kolobeditswe mo ineng la me. 16 Ka ba ka kolobetsa le ba ntlo ya ga Setefanase. Kwa ntle ga bao, ga ke itse fa ke kolobeditse ope o sele. 17 Gonne Keresete ga a a ka a nthoma gore ke ye go kolobetsa, fa e se gore ke ye go rera Mafoko a a Molemo; mme e be e se ka botlhale jwa puo, e se re kgotsa mokgoro wa ga Keresete wa dirwa lefela fela. Keresete nonofo le botlhale jwa Modimo 18 Gonne lefoko la mokgoro ke dinyana mo go ba ba senyegang; mme mo go rona ba re bolokwang, ke nonofo ya Modimo. 19 Gonne go kwadilwe ga twe: “Ke tlaa senya botlhale jwa matlhale, le matsetseleko a ba ba ikelelelang ke tlaa a gana.” 20 Motlhalefi o kae? Mokwadi o kae? Moganedi wa lefatshe leno o kae? A Modimo ga o a ntsha botlhale jwa lefatshe dinyana fela? 21 Gonne e rile ka lefatshe, ka botlhale jwa lone, le se ka la lemoga Modimo mo botlhaleng jwa Modimo, ga kgatlha Modimo go boloka ba ba dumelang ka dinyana tsa thero. 22 Ka Bajuta ba lopa ditshupo, le Bagerika ba batla botlhale; 23 mme rona re rera Keresete a bapotswe, e le sekgopiso mo Bajuteng, mme mo go Baditšhaba e le dinyana fela; 24 mo go ba ba biditsweng, Bajuta le Bagerika, re rera Keresete, e le nonofo ya Modimo, le botlhale jwa Modimo. 25 Ka gobo dilo tsa Modimo tse di kaiwang dinyana, di botlhale bogolo go batho; le tsa Modimo tse di kaiwang bokoa, di nonofile bogolo go batho. 26 Gonne bagaetsho, a lo ko lo lebeng go bidiwa ga lona, jaaka go se bantsi ba ba botlhale ka fa nameng, go se bantsi ba ba nonofileng, go se bantsi ba ba tlotlegang, ba ba biditsweng; 27 Modimo o itshenketse dilo tse di kaiwang dinyana ke lefatshe, gore o tlhabise ba ba botlhale ditlhong; e bile gape Modimo o itshenketse dilo tse di kaiwang bokoa ke lefatshe, gore o tlhabise dilo tse di nonofileng ditlhong. 28 Le tse di kaiwang matlakala a lefatshe, le dilo tse di nyatsegang, Modimo o di itshenketse, ee, le dilo tse di seyong, gore o nyeletse dilo tse di teng; 29 gore go se ka ga ikgantsha nama epe fa pele ga Modimo. 30 Mme lona lo ba one mo go Keresete Jesu, yo o re diretsweng botlhale jo bo tswang Modimong, le tshiamo, le boitshepiso, le thekololo; 31 e le gore go nne jaaka go kwadilwe ga twe: “Yo o ikgantshang, a a ikgantshe ka Jehofa.” |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa