Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yone 3 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


KHAOLO 3.

1 MI lehuku ya ga Yehova ya ba ya rihahalela Yone, ya re,

2 Ñanoga, u ee kua Nineve, motse o mogolu ouo, mi küa küo kaga ona e ki tla e buañ le uena.

3 Mi Yone a nanoga, mi a ea Nineve kaha hukuñ ya ga Yehova. Mi Nineve e le le motse o mogolu segolu oa lipaka tsa malatsi a teri.

4 Mi Yone a simolola go ralala motse ka sebaka sa tsatsi leñue, mi a küa, a re, Go sale malatsi a forte, mi Nineve o tla ribegerioa.

5 ¶ Mi banona ba Nineve ba rumela Morimo, mi ba küa gore pisho go ya e ne, mi ba ikapesa ka letsela ya khetse, go simolola ka ba bagolu ba bona go ea go babotlaneñ ba bona.

6 Gone lehuku le hitlile khosiñ ea Nineve, mi ea nanoga mo teroneñ ea eona, mi ea apola seaparo se seiñtle sa eona, mi ea ikapesa letsela ya khetse, mi ea lula mo moloreñ.

7 Mi ga rihoa küo mo Nineve ka taolo ea khosi le ea bagoluane ba eona, go re, A go si ye mothu ope, khotsa khomu, khotsa letlape, khotsa lecomane: a li si hule, khotsa go noa metse:

8 Mi a bathu ba bicoe le likhomu ka letsela ya khetse, mi a ba biletse thata go Morimo: mi a moñue le moñue oa bona a boee mo tseleñ ea gague ea boshula, le mo tsenyoñ ea atla tsa gague.

9 Go itse mañ ha ekare khotsa Morimo oa menoga oa ikuatlaea, le go iposa mo bogaleñ yoa ona yo bo hisañ, gore re si hele?

10 ¶ Mi Morimo oa bona tiho tsa bona kaha ba boeañ mo tseleñ ea bona ea boshula: mi Morimo oa ikuatlaela boshula yo o lo oa bo bua go bo ba rihela; mi o si ka oa bo riha.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan