Yoele 3 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)KHAOLO 3. 1 GONE, bonañ, go tla rihala mo metleñ euo, le ka motla ouo, mogañ ki bosañ bocuaro yoa Yuda le Yerusalema, 2 Ki tla phutha merahe eotle, mi ki tla e holosetsa mo mogorogoroñ oa ga Yehoshafate, mi ki tla sekisanya le eona gona kaga bathu ba me, le Bayeserela boshua yoa me, ba e ba halaleritseñ mo meraheñ, ea abalana hatse ya me. 3 Mi ea thelela bathu ba me likelero; mi ea nela seaka mosimane, mi ea bapatsa moroetsana ka boyaloa, gore e noe. 4 Mi le lona Tsura le Tsidona le meleloane eotle ea Filesitia, lo ’nñoke-tseñ? a lo tla ba lo ’nkhopolola? mi ha lo ka ’nkhopolola, ki tla akoha ki bosetsa khopololo ea lona mo tlogoñ tsa lona ka bonako; 5 Ka gone lo tlositse selevera sa me le gouda ea me, mi lilo tsa me tse ri molemo, tse ri eletsegañ lo li isitse mo tempeleñ tsa lona: 6 Mi bana ba Yuda le bana ba Yerusalema, lo ba baparitse go bomoroa Bagerika, gore lo ba tlosetse khakala mo moleloaneñ oa bona. 7 Bonañ, ki tla ba cosa mo heloñ ha lo ba baparitseñ gona; mi ki tla bosetsa khopololo ea lona mo tlogoñ tsa lona: 8 Mi ki tla bapatsa bomoroa lona, le bomoroaria lona mo atleñ tsa bana ba Yuda, mi ba tla ba bapatsa go Basabea, morahe o o khakala; gone Yehova o buile. 9 ¶ Küa se mo meraheñ: Bakanyañ tlabano, cosañ ligañka, a batlabani ba atamele; ba tle botle: 10 Thulañ megoma ea lona licaka, le lisekela tsa lona marumo: a eo oa sekoa a re, Ki senatla. 11 Akohañ, mi tlañ lona merahe e e mo tikologoñ: mi iphutheñ eotle: Yehova, u holosetse ligañka tsa gago gona. 12 A merahe e coge, mi e bololele mogorogoro oa ga Yehoshafate: mi ki tla lula gona go sekisa merahe eotle tikologoñ. 13 ¶ Tsenyañ sekela, gone thobo e burule: eañ, hologañ: gone khatisho ea boyaloa e tletse, liribeleco lia culoga; gone boshula yoa bona bo bogolu. 14 Bontsintsi, bontsintsi mo mogorogoroñ oa tsekisho: gone tsatsi ya ga Yehova le gauhe mo mogorogoroñ oa tsekisho. 15 ¶ Letsatsi le khueri li tla hihala, mi linaleri li tla gonyetsa phatsimo ea cona. 16 Mi Yehova o tla ruma a le mo Tsiona, mi o tla ntsa koru ea gague mo Yerusalema; mi legorimo le lehatse a tla tlakasela; mi Yehova o tla na botsabelo yoa bathu ba gague, le kago e e thata ea bana ba Yeserela. 17 Mi lo tla itse ha ki le Yehova Morimo oa lona; eo o nntseñ mo Tsiona, thaba ea me ea boitsepho; mi Yerusalema o tla na itsepho, mi baeñ ga ba kitla ba tlola ba ralala go ona. 18 ¶ Mi go tla rihala mo tsatsiñ yeuo, lithaba li tla rotha boyaloa yo bosha, mi lithabana li tla ela mashi; mi melacoana eotle ea Yuda e tla ela metse, mi mocoeri o tla coa mo tluñ ea ga Yehova, mi o tla nosa mogorogoro oa maoka. 19 ¶ Egepeto le tla na tsenyego, mi Edoma le tla na bogareganaga yoa tsenyego, ka tsenyo e e sentseñ bana ba Yuda, gone ba le ba culola mari a a sinañ molatu mo hatsiñ ya bona. 20 Mi Yuda le tla nnoa ka basakhu-tleñ, le Yerusalema ka kokomana cotle. 21 Mi ki tla latuholola mari a ki si kañ ka a latuholola, mi Yehova o tla nna mo Tsiona. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society