Yobe 42 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)KHAOLO 42. 1 EREHA gona Yobe o arabañ Yehova, a re, 2 Kia itse u nonohela cotle, mi go si epe ea khopolo tsa gago e e ka khorelerioañ. 3 Ana e mañ eo o shubañ khakololo ka mahuku a a sinañ kico? yalo ki buile se ki sa se tlaloganyeñ; lilo tse ri ’nkhakhamatsañ bogolu, tse ki sa li itseñ. 4 Kia gu rapela u utlue, mi ki tla bua: ki tla gu botsa, mi u ’nkitsise. 5 Ki utluile ga gago ka kutluo ea tsebe: mi yana leitlo ya me lea gu bona. 6 Ki gona ki inyatsañ, mi ki ikuatlaea mo loroleñ le molora. 7 ¶ Mi ga rihala Yehova a sina bua mahuku a le Yobe, Yehova a raea Elifase oa Motemana, a re, Bogale yoa me bo gu tuketse, le litsala tsa gago li tu: gone ga loa ka loa bua ga me se se siameñ, yaka Yobe motlañka oa me. 8 Ki gona itseeleñ lipoana li seven, le lipheleu li seven, mi eañ go Yobe motlañka oa me, mi iphisetseñ cupelo ea phisho; mi Yobe motlañka oa me o tla lo rapelela; gone ena ki tla mo ñoka: gore ki si lo rihele yaka totsahalo ea lona, ka lo si ka loa bua se se siameñ ga me, yaka Yobe motlañka oa me. 9 ¶ Mi Elifase oa Motemana, le Biledade oa Moshuha, le Sofare oa Monamata ba ea, ba riha kaha Yehova o ba laotseñ ka gona: mi Yehova a ñoka Yobe. 10 Mi Yehova a bosa bocuaro yoa Yobe, a sina rapelela litsala tsa gague: mi Yehova a mo intsihaletsa ga tu bogolu go tse Yobe o la a na naco. 11 Ereha gona go tlañ go Yobe bana ba ga rague, le bokhantsarie, le botle ba ba mo itsileñ pele, ba ya liyo nae mo tluñ ea gague: ba mo tukuthela tlogo, ba mo gomotsa kaga boshula yotle yo Yehova o la a bo tlisa go ena: mi moñue le moñue a mo naea leri, le moñue le moñue lenyena ya gouda. 12 Mi Yehova a tsegahatsa bokhutlo yoa Yobe bogolu go ga eintla ga gague: gone a na le liñku li forten thousanda, le likamela li sekes thousanda, le likhomu tsa liiokoe li uan thousanda, le liesela tse ri namagari li uan thousanda. 13 ¶ Le gona a na le bomoroa ue ba seven le bomoroari e ba teri. 14 Mi a sha leina ya oa eintla, Yimime, le leina ya oa bo‐tu Ketsie, le leina ya oa bo‐teri Kerene‐hapuke. 15 Mi gabo go sa bonoe basari mo hatsiñ yeotle ba baiñtle yaka bomoroaria Yobe: mi rabo a ba naea boshua le bana ba ga rabo. 16 ¶ Yobe a tsela linyaga li uan hundereda le forte morago ga mouo, a bona bomoroaue le bomoroa bomoroaue, eboñ likokomana li for. 17 Mi Yobe a shua, a cohetse a tletse malatsi. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society