Yobe 30 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)KHAOLO 30. 1 MI yana ba e leñ ba bokau bogolu go ’na ba ’ntsega, ba bo‐rabo ’nko ki sa ka ka ba baea le linca tsa comane ya me. 2 Nonoho ea liatla tsa bona go ’na ki eñ, ba nonoho ea bona e herileñ. 3 Ba mokorue ka botloko le tlala; e le ba ba hurañ mo maheloñ a lokhere le a lehihi ya tobekanyo le tsenyego. 4 Ba khumola thugo mo litlareñ, mi motlopi ki liyo tsa bona. 5 Ba lelekoa mo bathuñ (ba ba göe-lela yaka magoru;) 6 Gore ba nne mo melacoaneñ e e boitsegañ, le mo meñoboñ ea ombu, le mo mahikeñ. 7 Ba küa mo litlareñ; ba kokoanela tlatse ga likhi. 8 E le bana ba masilo, E, bana ba bona ba ba sinañ maina: ba le ba lelekoa mo hatsiñ. 9 Mi yana ki sehela sa bona, E, ki lehuku ya bona ya cotlo. 10 Ba ’nkhaphahatsa, ba ’nkhaka-halela, mi ga ba ithibe go khuela mathe mo hatlogoñ sa me. 11 Gone ba latlile lori kaga me, ba ’nkatisa, mi ba repisitse mogala ha pele ga me. 12 Lirothola li nanoga mo atleñ sa me se se siameñ, li phaila nao tsa me, li ’nkhorisetsa tsela tsa cona tsa tatlego. 13 Li rutla tselana ea me; li oketsa boshula yoa me, ga li na mothusi. 14 Li tla go ’na yaka khagogo e e atlameñ ea lorako: li birikamelela pele mo tobekanyoñ. 15 Litherego li menogetse go ’na: eñue le eñue e khonatelela bogoluane yoa me yaka pheho: mi puluko ea me e heta yaka leru. 16 Mi yana moea oa me o theloa mo go ’na; malatsi a pogisho a ’ncuere. 17 Marapo a me a tlabiloe mo go ’na bosigo: mi botluku yo bo hurañ ga bo ikhutse. 18 Aparo sa me se hetogile ka nonoho e kholu ea yona: bo ’ntlama yaka lecoha ya tunika ea me. 19 O ’ntigetse mo lorageñ, mi ki rihegile yaka lorole le molora. 20 Ki khayayegela go uena, mi ga u ’nkarabe: ki eme, mi ga u ’ntlokomele. 21 U hetogile selalome go ’na: mi ua ’mpogisa ka atla se se thata sa gago. 22 U ’nculeletsa mo phehoñ: u ’mpalamisa go eona, mi u ’ntlapolosa, ua ’nthera. 23 Gone kia itse u tla ’nkisa kua loshuñ, le mo tluñ ea kokoanelo ea batseri botle. 24 Leha gontse yalo, ga o kitla o otlololela lirobego atla sa ona ha go le khayayego mo go bona mo tsenyoñ ea ona. 25 A ga kia ka ka lelela ena eo o nañ le malatsi a a thata? a moea oa me ga oa ka oa tlukuhalela mohumanegi? 26 Erile ki lebeletse molemo, ga tla boshula: mi erile ki shuluheletse leseri, ga tla boncu. 27 Liteñ tsa me lia bela, ga li ikhutse: malatsi a pogisho a ’nkhatlantsitse. 28 Ki ea ki le moncu, esiñ ka letsatsi: ki nanoga, ki khayayega mo phuthegoñ. 29 Ki mokauleñue oa liphukuye, ki molekane oa liince. 30 Letlalo ya me le lencu go ’na, mi marapo a me a hisioa ka mogote. 31 Harepe ea me le eona e hetogile khutsahalo, le oregele ea me e rihegile koru tsa baleri. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society