Yobe 19 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)KHAOLO 19. 1 MI Yobe a araba, a re, 2 Lo tla hutsahatsa moea oa me go lele go le kai, le go ’nthubaganya ka mahuku? 3 Lo ’nkhobile yana ga ten: ga lo tlayoe ki litloñ go ’nkhatisa. 4 Mi ha gontse yalo rure ki timetse, timelo ea me e tla sala le ’na. 5 Ha lo inkhoriseletsa rure, le go ’mpuelela khobo ea me; 6 Itseñ yanuñ, ha Morimo o ’nthi-begeritse, mi o ’ntikanyeritse ka lotloa loa ona. 7 Bonañ, ki bitsa ga tsenyo, mi ga ki utluoe: ki khayayega, mi ga go na tsiamisho. 8 O beile tsela ea me, ea tsamaea ki sa kake ka heta, mi o beile lehihi mo tselaneñ tsa me. 9 O ’nkapotse khalalelo ea me, mi o tlositse kerone ea tlogo ea me. 10 O ’nthutlile tikologoñ, mi kia ea: mi o katositse culuhelo ea me yaka setlare. 11 O ’ntimegetse bogale yoa ona, mi o nkaea ki moñue oa baganetsi ba ona. 12 Mashomo a ona a tla mogo, mi ba’ nkhorisetsa tsela ea bona, mi ba tlaolela tikologoñ ea tenta ea me. 13 O isitse bana ba ga rre khakala go ’na, mi ba ba ’nkitseñ ba eñhetse rure go ’na. 14 Bagauhi ba me ba khutlile, mi tsala tsa me li ’ntebetse. 15 Ba ba tlolañ mo tluñ ea me, le malata a me, ba ’nkaea moeñ: ki moeñ mo maitloñ a bona. 16 Ka bitsa motlañka oa me, mi a si ka a araba: ka mo kokotlela ka molomo oa me. 17 Moea oa me o boeñ go mosari oa me, mi ka kokotlela ka bana ba mele oa ga mme. 18 E, le banyana ba ’nnyatsa; ha ki nanoga ba ’mpuela. 19 Bathu ba bosaitsioeñ yoa me ba ’nkhaphahatsa botle: mi ba ki ba ratileñ ba ’mphetogetse 20 Sapo ya me le ñaparela letlalo ya me le nama ea me, mi ki pherile le letlalo ya meno a me. 21 Lona tsala tsa me, ’nkutluelañ botluku, ’nkutluelañ botluku; gone atla sa Morimo se ’nkamile. 22 Lo ’mpogisetsañ yaka Morimo, lo sa khore nama ea me? 23 Au, a mahuku a me a kabo a kualoa yanuñ! au, a kabo a ralegoa mo lomateñ! 24 Gore a setoe mo lehikeñ ka bosakhutleñ ka mapo loa tsipi le ka loda! 25 Gone kia itse morekolori oa me o tserile, mi o tla nanoga morago mo lehatsiñ: 26 Mi ha nama e, e señoa morago ga letlalo ya me, leha gontse yalo ki tla bona Morimo mo nameñ ea me: 27 O ki tla o iponelañ, mi maitlo a me a tla bona, mi esiñ moeñ: liphio tsa me li tlologeleloa liteñ tsa me. 28 Ki gona lo tla reñ, Re mogise-tsañ, ecua mocoe oa lehuku o bonoa mo go ’na? 29 Boihañ caka: gone bocarara ki tsiamologo e e berioañ ka caka, gore lo itse tsekisho e leeo. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society