Yobe 17 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)KHAOLO 17. 1 MOEA oa me o khonegile, malatsi a me a khaocoe, lecue lea ’ntebelela. 2 A bashotli a ga ba ha go ’na? mi a leitlo ya me ga lea tsepegela mo li-khakacoñ tsa bona? 3 Kia gu rapela, ’mpeela pelo ha go uena; e mañ eo o tla opanyañ liatla le ’na? 4 Gone u bipetse pelu tsa bona tlaloganyo: ki gona u si kitlañ u ba gorisa. 5 Eo o buañ le litsala ka borethe, maitlo a bana ba gague a tla nyelela. 6 O ’mpeetse bathu seane; ki se se nyatsegañ ha pele ga bona. 7 Mi leitlo ya me le hihiharicoe ki khakaco: mi tokololo cotle tsa me li cuana le moroti. 8 Bathokhami ba tla gakhamalela seo se, mi eo o sinañ molatu o tla ico-seletsa moitimokanyi. 9 Mi mosiami o tla tsegetsa tsela ea gague, mi eo o nañ le liatla tse ri itsekileñ o tla hela a thatahala. 10 Mi kaga lona lotle, a ko lo boee lo ee: gone ga ’nkake ka bona letlale go lona. 11 Malatsi a me a hetile, maikaelelo a me a khaocoe, eboñ megopolo ea pelu ea me. 12 Bosigo bo hetogile motsegare mo go ’na; leseri le gauhe le lehihi. 13 Rure ki lebelela bobipo bo tla na eintlu ea me: ki arile bolao yoa me mo hihiñ. 14 Ki raea molete, U rre: le seboku, U mme, le khantsariake. 15 Mi culuhelo ea me e kae yanuñ? mi e mañ eo o tla bonañ culuhelo ea me? 16 Li tla hologela mo mephakale-goñ ea bobipo, mi re tla ikhutsa mogo mo loroleñ. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society