Yesaye 30 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)KHAOLO 30. 1 GO latlega bana ba ba tenegañ, go bua Yehova, ba ba logañ mano, mi esiñ ka ’na: ba thela licupelo, mi esiñ ka moea oa me, go okeletsa seleo mo seleoñ: 2 Ba ba eañ ba hologela Egepeto, mi ba sa botse molomo oa me, go ithatahatsa ka thata ea ga Faroe, le go tsabela kua morotiñ oa Egepeto! 3 Mi thata ea ga Faroe, e tla na litloñ tsa lona, le tsabelo e eañ kua morotiñ oa Egepeto e tla na tsilohalo ea bona. 4 Gone likhosana tsa bona li kua Tsoana, mi baroñoi ba bona ba hitlile kua Hanesa. 5 Ba tlabisioa ki litloñ botle ki bathu ba ba sa kakeñ ba ba lemohalela, le esiñ go thusa, khotsa go lemohalela; mi ba na go na litloñ le khobo. 6 ¶ Pelesho ea tse ri tserileñ tsa Souta. Mo hatsiñ ya bohutsana le tlalelo, kua tau le tau e e thata li coañ gona, le shaushauane, le noga ea molelo e e hohañ, ba belesetsa lithoto tsa bona ha maruliñ a lieselana, le mahumo a bona ha liroteñ tsa likamela, mo bathuñ ba ba si kitlañ ba ba lemohalela. 7 Gone Baegepeto ki mouane, ba tla thusetsa lehela: ki gona ki bitsañ yalo, ki re, Rahaba ye le iketlañ. 8 ¶ Ea, yana, u kuale se mo loma-tinyaneñ, ha pele ga bona, mi se tsenye mo bukeñ; gore se ne mo metleñ e e tlañ, go na cupo ka bosakhutleñ: 9 Gone ba ki bathu ba ba cuulolañ; bana ba ba akañ; bana ba ba ganañ go utlua molao oa ga Yehova: 10 Ba ba raeañ balebalebi, Si boneñ; le go baperofeti, Si re perofesetseñ tse li siameñ, buañ le rona ka lilo tsa borethe, re perofesetseñ litsieco; 11 Hapogañ tsela; tlogelañ tselana; khutlisañ Moitsephi oa Bayeserela ha pele ga rona. 12 Ki gona ka mouo go buañ Moitsephi oa Bayeserela yalo, A ere ka lo latlile lehuku ye, lo ikantse patiko le cokamo, le go itlabetsa ka cona: 13 Ki gona tsiamololo e, e tla nañ go lona yaka khagogo e e akohelañ go oa, e e khumpogañ mo lorakoñ lo lo gorimo, thabanyo ea lona e tla tla ka coganeco, le ka ponyo. 14 Thabanyo ea lona e tla na yaka thabanyo ea seculo sa mopi, se o se rabanyañ, a sa se rekegele: se go si kitlañ go bonoa sekeñkana mo likeñ-kaneñ tsa shona, go tsaea molelo mo ishoñ ka shona, khotsa go ga metse mo leribeñ. 15 Gone go bua yalo Yehova Morena, Moitsephi oa Bayeserela; Lo tla bulukoa ki poeo le tirimalo; lo tla na le bogañka mo boiketloñ le boikanyo; mi lo loa gana. 16 Mi loa re, Nya: re tla tsaba ka lipitse; ki gona lo tla tsabañ: mi, re tla palama pitse tse ri siañ; ki gona bakhukheri ba lona ba tla siañ. 17 Ba thousanda ka khalemelo ea moñue; lo tla tsabisioa ki khalemelo ea ba faev: e tsamaea lo tlogeloa yaka sesipi ha tloreñ ea thaba, khotsa yaka banera mo thabaneñ. 18 ¶ Leha gontse yalo Yehova o tla leta go lo tlomogela pelu, o tla nanoga go lo utluela botluku: gone Yehova e le Morimo oa tsiamisho: go tsegoharicoe botle ba ba mo lebelelañ. 19 Gone bathu ba Tsiona ba tla nna mo Yerusalema: ga lo kitla lo tlola lo lela: rure o tla lo tlomogela pelu bogolu ha a utlua koru ea khayayego ea lona; etlare a e utlua o tla lo araba. 20 Leha Yehova a lo naea liyo tsa tlalelo, le metse a patikego, baruti ba lona ga ba kitla ba tlola ba icuba, mi maitlo a lona a tla bona baruti ba lona: 21 Mi tsebe tsa lona li tla utlua lehuku hularoñ sa lona, ha lo hapogela go ye le siameñ, khotsa go ya molema, le re, Tsela ki e; sepelañ go eona. 22 Mi likhurumelo tsa licuanco tsa selevera tse ri setiloeñ tsa lona, lo tla li kaea itsephololo, le liaparo tsa licuanco tsa gouda tse ri thecoeñ tsa lona: lo tla li latla yaka katana sa secualo; lo tla li raea, Tlogañ hanu. 23 Eriha gona o tla naeañ peu ea ona e lo tla e yalañ mo mbuñ pula, mi señkhue sa louñuo loa lehatse, se tla nona le letlotlo: likhomu tsa lona li tla hula mo mahuloñ a magolu mo tsatsiñ yeuo. 24 Mi likhomu le lieselana tse ri lemañ mbu, li tla ya liyo tse ri peki-loeñ, tse ri olosicoeñ ka seolosho, le sesekelo. 25 Mi go tla na melacoana, le kelelo tsa metse mo thabeñ tsa bogorimo cotle, le mo thabaneñ tse ri gorisicoeñ cotle, mo tsatsiñ ya khailo, mogañ liturio li oañ. 26 Mi seri ya khueri le tla na yaka seri ya letsatsi, mi seri ya letsatsi le tla totahala ga seven, yaka seri ya malatsi a le seven, mo tsatsiñ ye Yehova o tla hapañ khagogo ea bathu ba gague ka yeona, a horisa kuenesho ea totlo ea bona. 27 ¶ Bonañ, leina ya ga Yehova le coa khakala: bogale yoa gague boa hisa, mi mosi o kueletlanye: pounama tsa gague li tletse bocarara, mi leme loa gague lo cuana le molelo o o nyeletsañ. 28 Mi moea oa gague o cuana le kelelo e e penologañ, e e hitlañ go thamoñ, o tla tsetsetha merahe ka loselo loa boithamako: mi mogala o o timetsañ, o tla na mo marameñ a bathu. 29 Lo tla na le kopelo yaka mo sigoñ yo moletlo o rihoañ ka yona; le boitumelo yoa pelu, yaka moñue eo o guantañ ka molori oa lohare, go ea go thabeñ ea ga Yehova, le go hikeñ ya Bayeserela. 30 Mi Yehova o tla utluatsa koru ea gague ea khalalelo, a bontsa phole-go ea cogo ya gague, ka bogale yo bo galehañ, le khabu ea molelo o o nyeletsañ, le moroalela, le phothoselo, le sehako. 31 Gone Baasiria ba tla thubagañoa ki koru ea ga Yehova, o tla ba gatla ka tsamma. 32 Mi khatlo eñue le eñue ea tsamma e e laocoeñ, e Yehova o tla e latsañ go bona, e tla na le litemberela, le liharepe: mi o tla tlabana le bona ka tlabano tse ri tlapeañ. 33 Gone Tofeta o rulagancoe bogolugolu; E, o etlelericoe khosi: o epe-coe teñ le katlamo: mokoa oa ona ki molelo, le likhoñ tse ri kholu; moea oa ga Yehova yaka kelelo ea sulefura o tla o cuba. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society