Yeremie 35 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)KHAOLO 35. 1 LEHUKU ye le ya rihalela Yeremie ye le coañ go Yehova ka malatsi a Yehoyakime moroa Yosie khosi ea Yuda, ya re, 2 Ea kua tluñ ea Barekaba, u bue le bona, mi u ba tlise mo tluñ ea ga Yehova, go ñue ea matluana, mi u ba nee boyaloa go bo noa. 3 Mi ka tsaea Yasanie moroa Yeremie, moroa Habatsinie, le bana ba ga rague, le bomoroaue botle, le ba ntlu ea Barekaba botle: 4 Mi ka ba isa mo tluñ ea ga Yehova, mo ntluaneñ ea bomoroa Hanane moroa Yegedalie, monona oa Morimo, e e le le ha ntluaneñ ea likhosana, e e gorimo ga ntluana ea Maseye moroa Shalume, morisa oa moyako. 5 Mi ka baea liñkho tse ri tletseñ boyaloa, le linoelo, mi ka ba raea, Noañ boyaloa. 6 Mi ba re, Ga re kitla re noa boyaloa: gone Yonadabe moroa Rekabe rra ecu, a re laotse, a re, Si noeñ boyaloa, lona, le esiñ bana ba lona ka bosakhutleñ: 7 Le gona si ageñ matlu, le go yala peu, le go tloma masimo a mevina, le go na nao: mi nnañ mo litenteñ ka malatsi aotle a lona; gore lo tsele ka malatsi mantsi mo hatsiñ ye lo baeñ go yeona. 8 Re aketse yalo koru ea ga Yonadabe moroa Rekabe rra ecu kaha cotleñ tse o li re laoletseñ, esiñ go noa boyaloa ka malatsi aotle a rona, rona, le basari ba rona, le bomoroa rona, le bomoroaria rona; 9 Le esiñ go ikagela matlu go nna go aona: le gona ga re na masimo a mevina, le maota, le peu: 10 Mi ra nna mo litenteñ, mi ra akela, ra riha kaha cotleñ tse Yonadabe rra ecu o li re laoletseñ. 11 Mi ga rihala ka Nebukadenetsare khosi ea Babelona a tsena mo lehatsiñ, ra re, Tlañ, a re eeñ Yerusalema, re tsabe ntua ea Bakaledia le ntua ea Basiria: ki gona re nntseñ mo Yerusalema. 12 ¶ Ereha gona lehuku ya ga Yehova le rihalelañ Yeremie, le re, 13 Go bua yalo Yehova oa lintua, Morimo oa Bayeserela: Ea, u ree banona ba Yuda le banni ba Yerusalema, A ga lo kitla lo cula thuto go retsa mahuku a me? go bua Yehova. 14 Mahuku a ga Yonadabe moroa Rekabe, a o la a laolela bana ba gague, gore ba si noe boyaloa, a tlomamisicoe; gone ba aketse taolo ea rabo, gone ba si ka ba bo noa le ka yenu: mi ’na ki buile le lona, ka phakela go bua; mi ga loa ka loa ’nthetsa: 15 Mi ka roma baperofeti batlañka ba me botle go lona, ka go phakela go roma, ka re, A moñue le moñue oa lona a boee yana mo tseleñ ea gague e e boshula, mi lo tlabolole tiho tsa lona, mi si ineleñ merimo e sele go e rihela, mi lo tla nna mo hatsiñ ye ki le lo neileñ le bo‐rra enu: mi ga loa ka loa sekega tsebe tsa lona, le esiñ go ’nthetsa. 16 Ecua bomoroa Yonadabe moroa Rekabe ba tlomamisitse taolo ea rabo, e o e ba laoletseñ; mi bathu ba, ga ba ka ba ’nthetsa; 17 Ki gona go buañ yalo Yehova Morimo oa lintua, Morimo oa Bayeserela: Bonañ, ki tla tlisetsa Yuda le banni botle ba Yerusalema boshula yotle yo ki bo buileñ kaga bona: gone ki buile le bona, mi ba si ka ba utlua; mi ki bileritse go bona, mi ga ba ka ba araba. 18 ¶ Mi Yeremie a raea ba ntlu ea Barekaba, Go bua yalo Yehova oa lintua, Morimo oa Bayeserela: Ka lo aketse taolo ea ga Yonadabe rra enu, lo tsegeritse taolo tsa gague cotle, le go riha kaha cotleñ tse o li lo laoletseñ, 19 Ki gona go buañ yalo Yehova oa lintua, Morimo oa Bayeserela: Ga go kitla go khaoloa go Yonadabe moroa Rekabe monona go ema ha pele ga me ka bosakhutleñ. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society