Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yeremie 12 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


KHAOLO 12.

1 YEHOVA, u siame, ha ’nko ki ganela le uena: leha gontse yalo a ki bue nau ga tsekisho tsa gago: Tsela ea baikepi e tlogonolohalelañ? mi botle ba ba rihañ bonoñuane rure, ba agiserioañ?

2 U ba tlomile, ba namile mecoe, ba gorile, mi ba uñua louñuo: u gauhe mo melemoñ ea bona, mi u khakala mo liphioñ tsa bona.

3 Mi Yehova, ua ’nkitse: ua ’mpona, u leka pelu ea me ha go uena: ba shuatolele tlaboñ yaka liñku, mi ba lomololele tsatsi ya khailo.

4 Lehatsi le tla hutsahala go lele go le kai, le merogo ea hatsi yeotle e shuaba, ka boshula yoa ba ba nnañ go yeona? likhomu li nyelericoe le linunyane; gone ba reile, Ga go ope eo o tla bonañ bokhutlo yoa rona.

5 ¶ Ha u tabogile le ba linao ba gu lapisitse, ki gona u tla ganelelañ le lipitse? mi leha u na le boikanyo mo hatsiñ ya kagisho, u tla rihañ mo kho-gomogoñ ea Yoredana?

6 Gone le bana ba ga rago, le ba ntlu ea ga rago, le bona ba gu rihetse bonoñuane; E, ba biritse morago ga gago ka bogolu: u si ba rumele, leha ba bua ka tsalano nau.

7 ¶ Ki tlogetse ntlu ea me, ki tlobogile boshua yoa me; ki tsentse moratoi oa moea oa me mo atleñ tsa baba ba gague.

8 Boshua yoa me bo cuana le tau e e mo sekhueñ go ’na; bo ’nculeleritse koru ea yona: ki gona ki bo ilañ.

9 Boshua yoa me bo cuana le lenoñ ye le bogueba go ’na, linunyane tsa bonoñ li tikologoñ ea yona; tlañ, lo phuthe libatana tsa naga cotle, a li tlisioe liyoñ.

10 Barisa bantsi ba sentse tsimo ea me ea movina, ba higitlantse leota ya me, mi ba rihile leota ya me ye le eletsegañ bogareganaga yoa tsenyego.

11 Ba le rihile tsenyego, mi ka le le tsenyego le ’nkhutsahalela; lehatse yeotle le senyericoe rure, leha gontse yalo go si ope eo o go tsegetsañ ka pelu.

12 Basenyi ba tlile mo maheloñ a gorimo aotle a bogareganaga: gone caka ea ga Yehova e nyeletsa go simolola ka khutlo sa lehatse go ea kua khutloñ se señue sa yeona: ga go nama epe e e nañ le kagisho.

13 Ba yarile mabele, mi ba tla roba metlua: ba itlukuharitse, mi ga ba na temohalo: mi lo tla tlayoa ki litloñ ki totahalo ea lona, ka bogale yoa ga Yehova yo bo hisañ.

14 ¶ Go bua yalo Yehova kaga bañ ka ’na ba boshula, ba ba amañ boshua yo ki bo ruisitseñ Bayeserela, bathu ba me; Bonañ, ki tla ba khumola mo hatsiñ ya bona, mi ki tla mumula ba ntlu ea Yuda mo go bona.

15 Mi go tla rihala, ki sina ba mumula ki tla boea, ki ba utluela botluku, mi ki tla bosetsa moñue le moñue mo boshueñ yoa gague, le moñue le moñue mo hatsiñ ya gague.

16 Mi go tla rihala, ha ba ithuta tsela tsa bathu ba me ka tloahalo, go ikana ka leina ya me, Yehova o tserile; (yaka ba rutile bathu ba me go ikana ka Baale;) ereha gona ba tla agioañ mo bathuñ ba me.

17 Mi ha ba gana go utlua, ki tla mumulela morahe o rure, ki o herisa, go bua Yehova.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan