Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yehoshue 22 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


KHAOLO 22.

1 EREHA gona Yehoshue o bitsañ Barubena, le Bagada, le eintla eñue ea loco loa Manase,

2 Mi a ba raea, Lo tsegeritse cotle tse Moshe motlañka oa ga Yehova a li lo laoletseñ, mi lo aketse koru ea me mo cotleñ tse ki li lo laoletseñ.

3 Ga loa ka loa tlogela bana ba rra‐enu ka malatsi a le mantsi le ka yenu, mi lo tsegeritse tebelo ea taolo ea ga Yehova Morimo oa lona.

4 Mi yana Yehova Morimo oa lona o ikhutsisitse bana ba rra‐enu yaka a la a ba raea: ki gona boeañ yana, mi lo ee kua tenteñ tsa lona, kua hatsiñ ya lona ya boshua, ye Moshe motlañka oa ga Yehova o le lo neileñ kua boseyeñ yoa Yoredane.

5 Mi tlokomelañ thata go riha taolo le molao o Moshe motlañka oa ga Yehova o la a o lo laolela, go rata Yehova Morimo oa lona, le go sepela mo tseleñ tsa gague cotle, le go tsegetsa taolo tsa gague, le go mo ñaparela, le go mo rihela ka pelu tsa lona cotle, le ka meoea ea lona eotle.

6 Mi Yehoshue a ba tsegahatsa, mi a ba naea tsela; mi ba ea kua tenteñ tsa bona.

7 ¶ Gone Moshe o la a naea eintla eñue ea loco loa Manase boshua mo Bashaneñ: mi Yehoshue a naea eintla e eñue ea lona boshua mo baneñ ba rra‐bona boseyeñ yonu yoa Yoredane yoa Ueseta. Mi le gona ka Yehoshue a ba nela poeo kua tenteñ tsa bona, a ba tsegahatsa.

8 Mi a bua le bona, a re, Boelañ kua tenteñ tsa lona le mahumo a magolu, le likhomu tsa lintsintsi, le selevera, le gouda, le khotlo, le tsipi, le liaparo tse lintsintsi: abalanañ thopo ea baba ba lona le bana ba rra‐enu.

9 ¶ Mi bana ba Rubene le bana ba Gade le eintla eñue ea loco loa Manase ba boea, ba tloga mo baneñ ba Yeserele kua Shilo, o o mo hatsiñ ya Kanana go ea hatsiñ ya Gileada, hatsi ya boshua yoa bona, ye ba le ba le rua kaha molomoñ oa Yehova ka Moshe.

10 ¶ Mi ka ba hitla kua lintsiñ tsa Yoredane, o o ha hatsiñ ya Kanana, bana ba Rubene le bana ba Gade le eintla eñue ea loco loa Manase ba aga gona aletara ha Yoredaneñ, aletara e kholo go bonoa.

11 ¶ Mi bana ba Yeserele ba utlua go tua, Bonañ, bana ba Rubene le bana ba Gade, le eintla eñue ea loco loa Manase ba agile aletara go lebagana le hatsi ya Kanana, ha intsiñ tsa Yoredane, ha letsibogoñ ya bana ba Yeserele.

12 Mi ka bana ba Yeserele ba utlua mo, ba phuthela Shilo kokoano eotle ea bana ba Yeserele, go ba bololela entua.

13 Mi bana ba Yeserele ba roma Finehase moroa Eleasare moperiseti go baneñ ba Rubene, le go baneñ ba Gade, le eintla eñue ea loco loa Manase, kua hatsiñ ya Gileada,

14 Le likhosana li ten nae, eboñ khosana e le eñue ea eintlu eñue le eñue ea bo‐rabo mo licoñ tsa Bayeserela cotle; mi eñue le eñue e le le tlogo ea eintlu ea ra eona mo mathousandeñ a Bayeserela.

15 ¶ Mi tsa hitla go baneñ ba Rubene, le go baneñ ba Gade, le eintla eñue ea loco loa Manase, kua hatsiñ ya Gileada, mi tsa bua le bona, tsa re,

16 Go bua yalo kokoano eotle ea Yehova, Tlolo e lo tlorileñ ha go Morimo oa Bayeserela ka eona ki eñ, go boela go sala Yehova morago ka yenu, ka lo ikagetse aletara, gore lo cuulole ha go Yehova ka yenu?

17 Tsiamologo ea ga Peora a e re nyeihaletse e re sa itsekisioañ go eona le ka yenu, leha sebeco se le se le kokoanoñ ea ga Yehova,

18 Ka lo boela go sala Yehova morago ka yenu? mi go tla rihala ha lo cuulola ha go Yehova ka yenu, o tla na bogale le kokoano ea Bayeserela eotle ka mosho.

19 Ha hatsi ya lona ya boshua le itsekologile, khabaganyetsañ kua hatsiñ ya boshua yoa ga Yehova, kua taberenakela ea Yehova e nntseñ gona, mi ruañ mo go rona: mi si cuuloleñ ha go Yehova, mi lo si cuulole ha go rona, ka go ikagela aletara bogolu go aletara ea ga Yehova Morimo oa rona.

20 A Akane moroa Sere ga a tlola tlolo ka se se rogiloeñ, mi bogale e le le ha kokoanoñ ea Bayeserela eotle? mi monona eo ga a ka a gonogela a le esi mo tsiamologoñ ea gague.

21 ¶ Ereha gona bana ba Rubene le bana ba Gade le eintla eñue ea loco loa Manase, ba arabañ, mi ba raea tlogotlogo tsa mathousanda a Bayeserela, ba re,

22 Yehova Morimo oa merimo, Yehova Morimo oa merimo, ena, oa itse, le Bayererela ba tla itse; ha e le ka cuulolo, khotsa ha a le ka tlolo go Yehova, a a si re buluke ka yenu.

23 Ha re ikagetse aletara go boela go sala Yehova morago, khotsa go hisetsa cupelo ea phisho go eona, leha e le cupelo ea liyo, leha e le go bakanyetsa cupelo ea tebogo go eona, a Yehova a se lope;

24 Mi bogolu a ga rea ka rea riha yalo ka go boiha se, ra re, Bana ba lona ba ka bua le bana ba rona ka motla o o tlañ, ba re, Lo rihañ le Yehova Morimo oa Bayeserela?

25 Gone Yehova o rihile Yoredane moleloane gare ga rona le lona bana ba Rubene, le bana ba Gade; ga lo na kabelo mo Yehoveñ: mi bana ba lona ba ka khutlisa bana ba rona go boiha Yehova.

26 Ki gona re reileñ, Yana a re bakanyeñ re ikagele aletara, esiñ ea cupelo ea phisho, khotsa ea cupelo ea tlabo;

27 Mi gore e ne seshupo gare ga rona le lona, le mo kokomaneñ tsa rona hularoñ sa rona, gore re rihe tihelo ea ga Yehova ha pele ga gague ka cupelo tsa rona tsa phisho, le ka cupelo tsa rona tsa tlabo, le ka cupelo tsa rona tsa tebogo; gore bana ba lona ba si ree bana ba rona motla o o tlañ, Ga lo na kabelo mo Yehoveñ.

28 Mi ra re, Ha go rihala ba bua le rona, le kokomana tsa rona ka motla o o tlañ, le rona re tla re. Bonañ popego ea aletara ea ga Yehova e bo‐rra ecu ba le ba e riha, esiñ ea cupelo tsa phisho khotsa ea cupelo tsa tlabo; mi e le seshupo gare ga rona le lona.

29 A go ne khakala go rona, ha re ka cuulola ha go Yehova go boela go sala Yehova morago ka yenu, go agela cupelo tsa phisho le cupelo tsa liyo, le cupelo tsa tlabo aletara, bogolu go aletara ea Yehova Morimo oa rona e e ha pele ga taberenakela ea gague.

30 Mi ka Finehase moperiseti, le likhosana tsa kokoano le tlogotlogo tsa mathousanda a Bayeserela tse ri nañ nae, li utlua mahuku ua bana ba Rubene le bana ba Gade le bana ba Manase ba a buañ, e le le molemo mo maitloñ a bona.

31 Mi Finehase moroa Eleasare moperiseti a raea bana ba Rubene, le bana ba Gade, le bana ba Manase, Rea itse ka yenu ha Yehova a le mo go rona, gone ga loa ka loa tlola tlolo e ha go Yehova: yana lo golotse bana ba Yeserele mo atleñ sa Yehova.

32 ¶ Mi Finehase moroa Eleasare moperiseti, le likhosana, tsa boea go baneñ ba Rubene, le go baneñ ba Gade, kua hatsiñ ya Gileada, ba ea kua hatsiñ ya Kanana, go baneñ ba Yeserele, mi ba ba isetsa karabo.

33 Mi karabo e le le molemo mo maitloñ a bana ba Yeserele; mi bana ba Yeserele ba baka Morimo, mi ba si ka ba tlola ba bua ga go ba bololela entua, go senya lehatsi ye bana ba Rubene le bana ba Gade ba nntseñ go yeona.

34 Mi bana ba Rubene le bana ba Gade ba bitsa aletara e Eda: gone ki seshupo gare ga rona ha Yehova ki Morimo.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan