Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yehoshue 17 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


KHAOLO 17.

1 LOCO loa bana ba Manase le lona lo na le kabelo; gone e le le oa burure oa ga Yosefe; ki go re, Makire, oa burure oa ga Manase, ra Gileade: gone e le le motlabani, ki gona a na le Gileada le Bashana.

2 Bana ba Manase ba ba setseñ le bona ba na le kabelo kaha tsikeñ tsa bona; eboñ bana ba Abiesere, le bana ba Heleke, le bana ba Aseriele, le bana ba Shekeme, le bana ba Hefere, le bana ba Shemide: bauo e le le bana ba lonona ba Manase, moroa Yosefe kaha tsikeñ tsa bona.

3 ¶ Mi Tselofehade, moroa Hefere, moroa Gileade, moroa Makire moroa Manase, a bo a sina tsemane, a na le tsetsana: mi ua ki maina a bomoroarie, eboñ Makere, le Noe, le Hogele, le Mileke, le Tiretse.

4 Mi ba atamela ha pele ga Eleasare moperiseti, le ha pele ga Yehoshue moroa Nune, le ha pele ga likhosana, ba re, Yehova o la a laola Moshe go re naea boshua mo baneñ ba rra‐ecu. Ki gona o o la a ba naea boshua mo baneñ ba rague rabo kaha molomoñ oa ga Yehova.

5 Mi likabelo li ten tsa abeloa Manase; hatsi ya Gileada le ya Bashana, a a kua boseyeñ yoa Yoredane, a sa baleloe le tseuo;

6 Gone bomoroaria Manase ba na le boshua mo bomoroaueñ: mi bomoroa Manase ba ba setseñ ba na le hatsi ya Gileada.

7 ¶ Mi moleloane oa Bamanase o lo oa simolola ka Ashera oa hitla Mikemeta, o o ha pele ga Shekema; mi moleloane oa ea ha eintleñ e e siameñ go banniñ ba Ena‐tapua.

8 Bamanasa ba na le hatsi ya Tapua: mi Tapua o o mo moleloaneñ oa Bamanasa, e le le oa bana ba Eferaime:

9 Mi moleloane oa hologela kua molacoaneñ oa Kana ha eintleñ ea Souta ea molacoana: metse euo ea Baeferaima e mo metseñ ea Bamanasa: mi moleloane oa Bamanasa o mo eintleñ ea Noreta ea molacoana, mi khutlo tsa ona e le le ha leoatleñ:

10 Eintla ea Souta e le le ea Baeferaima, mi eintla ea Noreta ea Bamanasa, mi leoatle ki moleloane oa bona; mi lia khatlana mo Baashereñ kua Noreta, le mo Bayisakareñ kua Iseta.

11 Mi Bamanasa ba na le metse e e mo boshueñ yoa Bayisakara le yoa Baashera, eboñ Beta‐shana le metse ea ona, le Yibeleama le metse ea ona, le banni ba Dora le metse ea ona, le banni ba Ena‐Dora le metse ea ona, le banni ba Tanaka le metse ea ona, le banni ba Megido le metse ea ona, eboñ mahatsi a teri.

12 Mi bana ba Manase ba reteleloa go leleka banni ba metse euo, gone Bakanana ba hela ba nna mo hatsiñ yeuo.

13 Mi ga rihala ka bana ba Yeserele ba thatahala ba khethisa Bakanana, mi ba si ka ba ba lelekela rure.

14 ¶ Mi bana ba Yosefe ba bua le Yehoshue, ba re, U re neletseñ kabelo e le eñue, le kabo e le eñue go li rua, ecua re bathu bantsi, ka Yehova a re tsegaharitse le go yana?

15 Mi Yehoshue a ba raea, Ha lo bathu ba bantsi, eañ kua sekhueñ, mi lo itemele gona mo hatsiñ ya Baperesa, le ya Barefaia, ha thaba tsa Eferaima li lo pitlaganyetse.

16 Mi bana ba Yosefe ba re, Thaba tse ga lia re lekana: mi Bakanana botle ba ba nntseñ mo hatsiñ ya mogorogoro ba na le cariota tsa tsipi; le ba Beta‐sheana le metse ea ona, le ba mogorogoro oa Yisereëla.

17 Mi Yehoshue a bua le ba eintlu ea Yosefe, eboñ Baeferaima le Bamanasa, a re, Lo bathu ba bantsi, mi lo na le nonoho e kholu: ga lo kitla lo na le kabelo e le eñue:

18 Mi lithaba li tla na tsa lona; mi ka li le sekhua, lo se reme: mi khutlo tsa cona li tla na tsa lona: gone lo tla leleka Bakanana, leha ba na le cariota tsa litsipi, mi leha ba le thata.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan