Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Tshenolo 9 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


KHAOLO 9.

1 MI moengele oa bo‐faev a rumisa, mi ka bona naleri e oela ha hatsi e coa legorimoñ; mi e necoe sekopelo sa molete o o sa khutleñ.

2 Mi ea khurumolola molete o o sa khutleñ; mi musi oa coa mo moleteñ, yaka musi oa bokepisho yo bogolu; mi letsatsi le loapi ga hihiharioa ki musi oa molete.

3 Mi ga tla litsie mo lehatsiñ li coa mo musiñ, mi li necoe thata, yaka liphepheñ tsa lehatse li na le thata.

4 Mi li laolecoe, gore li si senye boyañ yoa lehatse, le esiñ botalana bope, le esiñ setlare señue; ha e si bathu bosi ba ba sinañ sekano sa Morimo mo phatleñ tsa bona.

5 Mi tsa bo li necoe thata, gore li si ba bolaee, mi gore li ba tlukuhatse ka khueri li faev; mi botluku yoa cona yoa bo bo cuana yaka botluku yoa phepheñ, ha e tlabile mothu.

6 Mi bathu, ba tla batla loshu mo metleñ eouo, mi ga ba kitla ba lo bona; mi ba tla eletsa go shua, mi loshu lo tla ba tsaba.

7 Mi cuano ea litsie e le entse yaka lipitse tse ri etlelericoeñ tlabano; mi gabo gole liroalo tsa bogosi yaka gouda mo tlogoñ tsa cona, mi lihatlogo tsa cona li cuana yaka lihatlogo tsa bathu.

8 Mi li na le moriri yaka moriri oa basari, mi meno a cona a cuana yaka meno a litau.

9 Mi li na le thebe tsa lihuba, li cuana yaka thebe tsa lihuba tsa tsipi, mi morumo oa o liphuka tsa cona, o cuana yaka morumo oa licariota tsa lipitsi li le lintsi, ha li tabogela tlabanoñ.

10 Mi li na le megatla yaka liphepheñ, mi li na le lipolela mo megatleñ ea cona; mi thata ea cona e le le go tlukuhatsa bathu ka khueri li faev.

11 Mi li na le khosi ea cona, moengele oa molete o o sa khutleñ, eo leina ya gague e leñ Abadone mo puoñ ea Sehebera, mi a na le leina ga gague Apolione mo puoñ ea Segerika.

12 Tatlego ñue e hetile; mi bonañ, go sa tla tatlego li tu kua morago.

13 Mi moengele oa bo‐sekes a rumisa, mi ka utlua koru mo nakeñ li le for tsa aletara ea gouda e e ha pele ga Morimo,

14 E raea moengele oa bo‐sekes eo o nañ le terompeta, Hunolola baengele ba for ba ba golegiloeñ ha nokeñ e e kholu ea Euferate.

15 Mi baengele ba for ba gololoa, ba ba le ba etlelericoe oura, le tsatsi, le khueri, le ñuaga, gore ba bolaee ntla ea bo‐teri ea bathu.

16 Mi palo ea ntua ea bapalami, e le le tu meriada ea meriada: mi ka utlua palo ea bona.

17 Mi ka bona le cona lipitse mo sepontsishoñ, le ba ba li palameñ, ba na le thebe tsa lihuba tsa molelo, le tsa bobururu yoa legorimo, le tsa sulefura; mi tlogo tsa lipitse li cuana yaka tlogo tsa litau, mi go elela mulelo, le musi, le sulefura mo melomoñ ea cona.

18 Ntla ea bo‐teri ea bathu ea bolaoa, ki lipeco li le teri tse, eboñ ka molelo, le ka musi, le ka sulefura, tse ri elelañ molomoñ ea cona.

19 Gone thata ea cona e mo melomoñ ea cona, le mo megatleñ ea cona; gone megatla ea cona e cuana yaka linoga, mi li na le litlogo; mi li senya ka cona.

20 Mi bathu ba ba setseñ ba ba sa balaoeñ ki litsenyo tse, ba si ka ba ikuatlaela tiho tsa atla tsa bona, gore ba si obamele bademona, le merimo ea liseto ea gouda, le ea selevera, le ea khotlo, le ea leincue, le ea logoñ; e e sa boneñ, leha e le go utlua, leha e le go tsamaea;

21 Mi le gona ba si ka ba ikuatlaela lipolao tsa bona, leha e le litoo tsa bona, leha e le khokahalo tsa bona, leha e le bogoru yoa bona.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan