Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Tshenolo 7 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


KHAOLO 7.

1 MI morago ga tse ka bona baengele ba for, ba eme mo khokhocoñ tsa lehatse li le for, ba tsegeritse pheho li le for tsa lehatse, gore go si hoke pheho epe mo lehatsiñ, le esiñ mo leoatleñ, le esiñ mo setlariñ sepe.

2 Mi ka bona moengele eo moñue a tlatloga a coa kua botlabo‐tsatsi, a na le sekano sa Morimo o o tserileñ; mi a biletsa ka koru e kholu go baengele ba for, ba ba le ba necoe thata go senya lehatse le leoatle,

3 A re, Si senyeñ lehatse, leha e le leoatle, le esiñ litlare, go tlo go tsamaee re kane batlañka ba Morimo oa rona mo phatleñ tsa bona.

4 Mi ka utlua palo ea bona ba ba kanoeñ. Ba le uan hundereda le forte for thousanda, ba ba kanoeñ ba tsika cotle tsa bana ba Yeserela.

5 Ba loco loa ga Yude ba kanoe, ba tuelev thousanda. Ba loco loa ga Reubene ba kanoe ba tuelev thousanda. Ba loco loa ga Gade ba kanoe ba tuelev thousanda.

6 Ba loco loa ga Ashere ba kanoe ba tuelev thousanda. Ba loco loa ga Nafetale ba kanoe ba tuelev thousanda. Ba loco loa ga Manase ba kanoe ba tuelev thousanda.

7 Ba loco loa ga Simeone ba kanoe ba tuelev thousanda. Ba loco loa ga Leve ba kanoe ba tuelev thousanda. Ba loco loa ga Yitsakare ba kanoe ba tuelev thousanda.

8 Ba loco loa ga Sebulone ba kanoe ba tuelev thousanda. Ba loco loa ga Yosefe ba kanoe ba tuelev thousanda. Ba loco loa ga Benyamine ba kanoe ba tuelev thousanda.

9 Morago ga mouo ka bona, mi bonañ, bontsi yo bogolu yo bo sa kakeñ yoa baloa ki ope, yo bo coañ mo meraheñ eotle, le litsika, le bathu, li lipuo, bo eme ha pele ga serulo sa bogosi, le ha pele ga Kuana, bo apere aparo tse ri cueu tse ri khokhothañ, le likala tsa mekolane mo atleñ tsa yona;

10 Mi bo bitsa ka koru e kholu, bo re, Puluko e ne Morimoñ oa rona, o o rutseñ mo seruloñ sa bogosi, le go Kuana.

11 Mi baengele botle ba ema ba hola serulo sa bogosi, le bagolu, le tse ri tserileñ, mi ba oela ka lihatlogo tsa bona ha pele ga serulo sa bogosi, mi ba obamela Morimo,

12 Ba re, Amena; Tsegohalo, le khalalelo, le botlale, le boitumelelo, le tlotlo, te thata, le bonatla, li ne go Morimo oa rona ka bosina bokhutlo yotle. Amena.

13 Mi moñue oa bagolu a araba, a ’nthaea, E bo mañ ba ba apereñ aparo tse ri cueu, tse ri khokhothañ? mi ba coa kae?

14 Mi ka mo raea, Morena, go itse uena. Mi a ’nthaea, Ba, ki ba ba ruleñ mo pogishoñ tse ri kholu, mi ba tlacuitse aparo tse ri khokhothañ tsa bona, mi ba li shueuharitse mo mariñ a Kuana.

15 Ki gona ba leñ ha pele ga serulo sa bogosi sa Morimo, mi ba o rihela tsatsi le bosigo mo tempeleñ ea ona; mi eo o rutseñ mo seruloñ sa bogosi o ta ba rutihalela.

16 Ga ba kitla ba tlola ba utlua tlala, le gona ga ba kitla ba tlola ba nyoroa; le letsatsi ga le kitla le ba tlabela, le esiñ mogote ope.

17 Gone Kuana e e ha gare ga serulo sa bogosi e tla ba hurisa, mi e tla ba gogela kua mecoeriñ ea metse a a tserileñ; mi Morimo o tla phimola likeleri cotle mo maitloñ a bona.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan