Tshenolo 20 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)KHAOLO 20. 1 MI ka bona moengele a hologa mo legorimoñ, a na le sekopelo sa molete o o sa khutleñ, a na le keten e kholu mo atleñ sa gague. 2 Mi a cuara derako, noga ea bogolugolu, e e leñ Diabolo, le Satane, mi a mo golega ka linyaga li le thousanda, 3 Mi a mo rigela mo moleteñ o o sa khutleñ, a mo kopelela teñ, mi a mo kanela, gore a si tlole a tsietsa merahe, go tlo go tsamaee nyaga li thousanda li hete; mi morago ga mouo a gololoe ka bokhutsanyane. 4 Mi ka bona lirulo tsa bogosi, mi ba rutse mo go cona, mi ba neiloe katlolo; mi ka bona meoea ea ba ba khaocoeñ litlogo ka ntla ea cupo ea ga Yesu, le ka lehuku ya Morimo, ba ba le ba sa obamele se se tserileñ, le esiñ secuanco sa shona, le ba ba sa cuoaioeñ locuao mo phatleñ tsa bona, khotsa mo atleñ tsa bona; mi ba tsela, mi ba laola yaka likhosi le Keresete ka linyaga li le thousanda. 5 Mi bashui ba ba setseñ ba si ka ba ba ba tsela ga tsamaea nyaga li thousanda tsa heta. E, Ki eona cogo ea ntla ea bashui. 6 Go tsegoharicoe, go itsephile, eo o nañ le kabelo mo cogoñ ea ntla: loshu loa bo‐tu ga lo na thata mo go ba bantseñ yalo, mi ba tla na baperiseti ba Morimo le ba ga Keresete, mi ba tla laola nae yaka likhosi ka nyaga li le thousanda. 7 Mi etlare nyaga li le thousanda li sina go heta, Satane o tla gololoa mo kholegoñ ea gague, 8 Mi o tla coa go tsietsa merahe, e e mo khokhocoñ li le for tsa lehatse, Gogo le Magogo, go ba phuthela mogo tlabanoñ, ba palo ea bona e keteñ moshaua oa leoatle. 9 Mi ba coelela moleñ oa lehatse, mi ba hola botlaolelo yoa baitsephi, le motse o o rategañ; mi ga hologa molelo o coa Morimoñ kua legorimoñ, oa ba ’mmetsa. 10 Mi Diabolo eo o ba tsieritseñ, a rigeloa mo letseñ ya molelo le sulefura, ha se se tserileñ le moperofeti oa tsieco o gona, mi ba tla utluisioa botluku tsatsi le bosigo ka bosina bokhutlo yotle. 11 Mi ka bona serulo sa bogosi se segolu se se shueu, le eo o rutseñ mo go shona, eo sehatlogo sa gague lehatsi le legorimo le ya se tsaba; mi ga si ka ga boneloa bonno yoa aona. 12 Mi ka bona bashui, banye le bagolu, ba eme ha pele ga Morimo; mi libuka tsa petlekoa; mi buka e ñue ea petlekoa, e e leñ buka ea botselo; mi bashui ba atloloa ka tse ri kuariloeñ mo bukeñ, kaha tihoñ tsa bona. 13 Mi leoatle lea ntsa bashui ba ba le ba le mo go yeona; mi loshu le bobipo yoa ntsa bashui ba ba le ba le mo go yona; mi ba atloloa moñue le moñue kaha tihoñ tsa gague. 14 Mi loshu le bobipo yoa rigeloa mo letseñ ya molelo. Lo ki lona loshu loa bo‐tu. 15 Mi leha e le mañmañ eo o sa bonoeñ a kuariloe mo bukeñ ea botselo, eo a rigeloa mo letseñ ya molelo. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society