Tito 2 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)KHAOLO 2. 1 MI, uena, bua lilo tse ri cuanetseñ thuto e e horileñ; 2 Gore banona ba bagogaie ba ne tekano, bopelunomi, le tsisimogo, le mo tumeloñ e e horileñ, le mo loratoñ, le mo bopeluñtelele. 3 Le basari ba bagogaie le bona gore ba ne mo tsamaoñ e e cuanetseñ baitsephi, esiñ bakhari, esiñ go inela boyaloeñ yo bogolu, a ba ne baruti ba lilo tse ri molemo; 4 Gore ba rute basari ba meroba go na tekano, le go rata banona ba bona, le go rata bana ba bona, 5 Go na botlale, le boitseko, le go buluka ntlu, le go na molemo, le go utlua banona ba bona, gore lehuku ya Morimo le si khaloe. 6 Makau le aona u a kaele go na tekano. 7 U icupe u le sekao sa tiho tse ri molemo mo liloñ cotle, le bosapekoa mo thutoñ, le bopelunomi, le tsiamo, 8 Ka lehuku ye le horileñ ye le sa kakeñ ya latloa, gore eo o le ganetsañ a tlayoe ki litloñ, ka a sina sepe sa boshula go se bua ga gago. 9 Batlañka u ba kaele go utlua beñ ba bona, go ba khatla mo liloñ cotle; esiñ go ganela; 10 Esiñ go senya, mi a ba shupe boikanyo yotle yo bo molemo; gore ba khabise thuto ea Morimo Morebuluki mo liloñ cotle. 11 Gone tsegohaco ea Morena e e bulukañ e phatsimetse bathu botle, 12 Mi e ruta, gore re tlogele boikepo le likhatlego tsa lehatse, le go tsela ka boikanyo, le tsiamo, le poihomorimo mo hatsiñ yenu; 13 Ka go lebelela culuhelo e e tsegoharicoeñ, le ponatsego ea khalalelo ea Morimo o mogolu, le ea Morebuluki Yesu Keresete; 14 Eo o re ineletseñ, gore a re rekolole mo tsiamololoñ cotle, le go itsephisetsa bathu ba sele go ena, ba ba tloahalañ mo tihoñ tse ri molemo. 15 U bue tse, mi u kaele, mi u buele ka taolo eotle. A go si ne ope eo o gu nyatsañ. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society