Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Nehemie 5 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


KHAOLO 5.

1 MI ga na khayayego e kholu ea bathu le ea basari ba bona kaga Bayuda bana ba ga rabo.

2 Gone ba le ba leeo, ba ba reñ, Rona, le bomoroa rona, le bomoroaria rona, re bantsi: ki gona re rekeleñ mabele, gore re ye, re tsele.

3 Le gona ba le ba leeo ba ba reñ, Re netse maota a rona, le masimo a mevina a rona, le matlu a rona pelo, gore re rekele loshekeri mabele.

4 Le gona ba le ba leeo ba ba reñ, Re arimile mari mo lekhethoñ ya khosi, ka maota a rona le masimo a mevina a rona.

5 Mi yana, nama ea rona e cuana le nama ea bana ba ga rra‐ecu, le bana ba rona yaka bana ba bona: mi bonañ, re katisetsa batlañka le malata bomoroa rona le bomoroaria rona, mi bañue ba bomoroaria rona, ba katise-ricoe malata: mi ga ba mo nonohoñ ea atla tsa rona go ba rekoloa; gone ba bañue ba na le maota a rona, le masimo a mevina a rona.

6 ¶ Mi erile ki utlua khayayego ea bona le mahuku a ka tuka segolu.

7 Mi pelu ea me ea gakolola mo go ’na, mi ka ganela le bagoluane, le balaori, ka ba raea, Lo tsaea intsihaco, moñue le moñue mo go ñoana rague. Mi ka ba bela phuthego e kholu.

8 Mi ka ba raea, Re rekolotse Bayuda bana ba ga rra‐ecu, ba ba le ba baparicoe mo baeteneñ kaha nonohoñ ea rona; mi a lo ko lo bapatsa bana ba ga rra‐enu? khotsa a ba ko ba baparioa go rona? Ereha gona ba ririmalañ, mi ba sina se ba ka se arabañ.

9 Le gona ka re, Se lo se rihañ ga se molemo: a ga loa cuanela go sepela mo poihoñ ea Morimo oa rona ka eintla ea khobo ea baetena baba ba rona?

10 Le ’na, le bana ba ga rre, le batlañka ba me, a re tsaea mari le mabele go bona? a re ke re tlogele intsihaco e.

11 A ko lo ba rebolele maota a bona, le masimo a mevina a bona, le masimo a metluare a bona, le matlu a bona ka yenu, le eona kabo ea bohundereda ea mari, le ea mabele, le ea boyaloa, le ea loukuane, tse lo li tseileñ go bona.

12 Ereha gona ba reñ, Re tla rebola, mi ga re kitla re batla sepe go bona; re tla riha yalo yaka u buile. Mi ka bitsa baperiseti ka ba ikanisa, gore ba rihe kaha hukuñ ye.

13 Mi ka urubatsa sehuba sa me, ka re, A Morimo o urubatse moñue le moñue mo tluñ ea gague, le mo tiheloñ ea gague, eo o sa tlomamiseñ lehuku ye, a a urubarioe yalo, a a lee-harioe. Mi phuthego eotle ea re, Amena, mi ea baka Yehova. Mi bathu ba riha kaha lehukuñ ye.

14 ¶ Le gona le ’na le bana ba ga rre re si ka ra ya liyo tsa molaori, le ka motla o ki le ka laoleloa molaori oa bona mo hatsiñ ya Yuda, go simolola ka ñuaga oa bo‐tuente go ea ñuageñ oa bo‐terte tu oa Aretahashasete khosi, eboñ nyaga li le tueleve.

15 Mi balaori ba eintla, ba ba le ba le pele ga me, ba imahatsa bathu, mi ba tsaea liyo le boyaloa go bona, bogolu go lishekela li forte tsa selevera; E, le batlañka ba bona ba busa bathu: mi ’na ga kia ka ka riha yalo, ka eintla ea poiho ea Morimo.

16 E, le gona ka coerisetsa tiho ea lorako lo pele, mi re si ka ra reka leota lepe: mi batlañka ba me ba le ba phuthegela mo tihoñ botle gona.

17 Le gona ga bo gole Bayuda le balaori ba uan hundereda le faevte ha loyeloñ loa me, bogolu go bona ba ba tlañ go rona ba coa mo baeteneñ tikologoñ ea rona.

18 Mi tse ri bakañoañ ka tsatsi le tsatsi e le le khomu e le eñue, le liñku tse ri lebalebiloeñ li sekes: le cona linunyane ki li banyerioa, le mayaloa a mantsi gañue hela ka malatsi a ten: mi ki si ka ka batla liyo tsa molaori naco, gone tihelo e le le boima mo bathuñ ba.

19 Morimo oa me ’nkhakologeleloa molemo, kaha cotleñ tse ki li rihetseñ bathu ba.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan