Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Nehemie 4 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


KHAOLO 4.

1 MI ga rihala, eare Sanbalate a utlua ha re aga lorako, a tuka, mi a gakarioa segolu, a shotla Bayuda.

2 Mi a bua ha pele ga bana ba ga rague le entua ea Samaria, a re, Bayuda ba ba motlohu ba, ba rihañ? a ba tla ithatahatsa? a ba tla tlabela? a ba tla uetsa ka tsatsi le leñue? a ba tla tserisa maye mo mekoeñ ea lirobego a a hisicoeñ?

3 Mi Tobie oa Moamona o la a le ha go ena, mi a re, Leha ba aga, ha phukuye e tlatloga, e tla rutla lorako loa bona loa maye.

4 Utlua, Morimo oa rona, gone re nyaricoe thata: mi bosetsa khobo ea bona mo tlogoñ tsa bona, mi u ba nele thopoñ mo hatsiñ ya bocuaro.

5 Mi u si khurumetse tsiamologo ea bona, mi a boleo yoa bona bo si phimoloe ha pele ga gago: gone ba gu gakaritse ha pele ga baagi.

6 Mi ra aga lorako; mi lorako lotle loa kitlañoa go ea ha eintleñ eñue ea lona: gone bathu ba rata go riha.

7 ¶ Mi ga rihala, eare Sanbalate, le Tobie, le Baarabia, le Baamona, le Baashedoda, ba utlua ha mamatlelelo a lithako tsa Yerusalema a coelela pele, le likhagogo li simolola go tsiyoa, ereha gona ba tukañ segolu,

8 Mi ba golagana mogo botle go tla go tlabana le Yerusalema, go re khoreletsa.

9 Leha gontse yalo ra rapela Morimo oa rona, mi ra ba bela tebelelo tsatsi le bosigo, kaga bona.

10 Mi Yude a re, Nonoho ea babelegi ea ñotlega, mi lirobego li lintsi; yalo ga rea nonoha go aga lorako.

11 Mi baganetsi ba rona ba re, Ga ba kitla ba itse, le go bona, e tsamaea re tsena gare ga bona, re ba bolaea, re khutlisa tiho.

12 ¶ Mi ga rihala ka Bayuda ba ba nnañ nabo ba tla ba re bulelela ga ten, ga tua, Ba tla tla go rona ba coa mo maheloñ aotle.

13 Ki gona ki le ka baea mo maheloñ a a kua tlatse morago ga lorako mo maheloñ a bogorimo, E, ka baea bathu kaha tsikeñ tsa bona, ba na le licaka tsa bona, le marumo a bona, le mara a bona.

14 Mi ka leba, mi ka nanoga, ka raea bagoluane, le balaori, le bathu ba ba setseñ, Si ba boiheñ: gakologeloañ Morena eo mogolu, le eo o boitsegañ, mi lo tlabanele bana ba rra‐enu, le bomoroa lona, le bomoroaria lona, le basari ba lona, le matlu a lona.

15 Mi ga rihala eare baba ba rona ba utlua ha re go itse, mi ha Morimo o cupueritse khakololo ea bona, ra boela kua lorakoñ rotle, moñue le moñue go tiho ea gague.

16 Mi ga rihala le ka tsatsi yeuo, eintla eñue ea batlañka ba me ea riha mo tihoñ, mi eintla e eñue ea bona ea tsegetsa marumo, le lithebe, le mara, le liaparo tsa phemelo; mi balaori ba bo ba le morago ga ba eintlu ea Yude botle.

17 Ba ba agañ lorako, le ba ba belegañ mebelego, le bona ba ba belesañ, moñue le moñue a riha tiho ka atla se le señue, mi a tsegeritse sebolao ka se señue.

18 Mi moñue le moñue oa baagi a bo a na le caka ea gague e cueloe ha nokeñ ea gague ka a aga. Mi ena eo o letsañ terompeta o la a le ha go ’na.

19 Mi ka raea bagoluane, le balaori, le bathu ba ba setseñ, Tiho e kholu, e atlame, mi re khaogancoe mo lorakoñ, moñue o khakala le eo moñue.

20 Helo hoñ kua lo utluañ tumo ea terompeta gona, phuthegelañ go rona gona; Morimo oa rona o tla re tlabanela.

21 Mi ra riha mo tihoñ: mi eintla eñue ea bona ea tsegetsa marumo go simolola ka tlatlogo ea mosho go ea go boco yoa linaleri.

22 Le gona ka raea bathu ka motla ouo, A moñue le moñue a tlole bosigo le motlañka ca gague mo teñ ga Yerusalema, gore ba ne tebelo ea rona bosigo, le go riha ka motsegare.

23 Mi ’na, le bana ba ga rre, le batlañka ba me, le banona ba tebelo ba ba ’ntsalañ morago, re si ka ra apola aparo tsa rona, ha e si go li isa go tlacoioa.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan