Moreri 9 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)KHAOLO 9. 1 AMARURE ka nela pelu ea me go cotleñ tse, gore ki tlaloganye cotle ka thanolo, ha basiami le matlale, le tiho tsa bona li mo atleñ sa Morimo: le lona lorato le kilo, mothu a sa itse ka cotle tse ri ha pele ga gague. 2 Cotle li rihalela botle mo cuanoñ; tihalo e le eñue e rihalela mosiami le moikepi; oa molemo le moitseki, le eo o sa itsekañ; ena eo o tlabelañ, le ena eo o sa tlabeleñ; go cuana le eo molemo, moleohi o ntse yalo; ena eo o ikanañ yaka eo o boihañ ikano. 3 Yo ki boshula mo liloñ cotle tse ri rihalañ tlatse ga letsatsi, ha tihalo e le eñue e rihalela botle: E, le gona, pelu tsa bana ba bathu li tletse boshula, le botseno bo mo peluñ tsa bona ka ba sa tserile; mi morago ga mouo ba ea kua bashuiñ. 4 Gone go le culuhelo go ena eo o kopancoeñ le batseri botle: gone nca e e tserileñ e molemo bogolu go tau e e shuleñ. 5 Gone batseri ba itse ha ba tla shua; mi bashui ga ba itse sepe, le gona ga ba tlole ba na le tuelo; gone khakologelo ea bona e lebecoe. 6 Le lona lorato loa bona le tloo ea bona, le pelutsetla ea bona, e herile le yana; le gona ga ba tlole ba na le kabelo ka bosakhutleñ mo go sepe se se rihalañ tlatse ga letsatsi. 7 Ea, mi u ye señkhue sa gago ka boitumelo, mi noa boyaloa yoa gago ka pelu e e monate; gone le gona Morimo o nateheloa ki tiho tsa gago. 8 A liaparo tsa gago li ne li cueu ka gale; mi a tlogo ea gago e si tlokaha-leloe ki loukuane. 9 Tsela ka boitumelo le mosari eo u mo ratañ mo malatsiñ aotle a botselo yoa gago yoa boithamako, a Morimo o a gu neileñ tlatse ga letsatsi, mo malatsiñ aotle a gago a boithamako: e ki eona kabelo ea gago mo tseloñ yonu, le ea khokholelo ea gago e u e khokholelañ tlatse ga letsatsi. 10 Cotle tse, atla sa gago se li bonañ go li riha, riha tse ka nonoho ea gago; gone go sina tiho, le togomano, le kico, le botlale mo bobipoñ, kua u eañ gona. 11 Ka menoga, mi ka bona tlatse ga letsatsi, ha tsiano e le e si go ba ba siañ, le tlabano e le e si go linatla, le gona liyo li si go ba botlale, le gona lohumo lo si go batlaloganyi, le gona tsalano e le e si go baitse; mi motla le tihalo li rihalela botle ba. 12 Gone le ena mothu ga a itse motla oa gague: yaka litlapi tse ri cuaroañ ka seru sa boshula, le yaka linonyane tse ri cuaroañ ka seru; bana ba bathu le bona ba raecoe yalo mo motleñ oa boshula, mogañ o oelañ go bona ka coganeco. 13 Le botlale yo ki bo bonye tlatse ga letsatsi, mi bo le bo le bogolu go ’na: 14 Go le go le motsana, le banona banye mo go ona; mi ga tla khosi e kholu go ona, ea o tlasela, mi ea o agela likago tsa tlabanelo tse ri kholu; 15 Mi ga bonoa mo go ona monona oa mohumanegi eo o tlalehileñ, eo o la a golola motse ka botlale yoa gague: mi go si ope eo o la a gopola monona eouo oa mohumanegi. 16 Eriha gona ki reñ, Botlale bo molemo bogolu go thata: leha gontse yalo botlale yoa mohumanegi boa nyarioa, le mahuku a gague ga a utluioe. 17 Mahuku a matlale, a utluioa mo tirimaloñ bogolu go go gala ga gague eo o busañ mo lieleeleñ. 18 Botlale ki molemo bogolu go lilo tsa tlabano: mi moleohi a le moñue hela o hetsa tsa molemo lintsi. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society