Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Moreri 2 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


KHAOLO 2.

1 KA re mo peluñ ea me, Ea yana, ki tla gu leka ka tlapelo, ki gona e tsegetsa yaka e molemo: mi bonañ, le se se le se le boithamako.

2 Ka raea setsego, U botseno: le go tlapelo, Seo se, se rihañ?

3 Ka batla mo peluñ ea me go inela mo boyaloeñ, (mi ka gogela pelu ea me botlaleñ;) le go tsegetsa bosilo, ka tsamaea ka bona se se molemo go baneñ ba bathu gore ba se rihe tlatse ga legorimo, mo paloñ ea malatsi a botselo yoa bona.

4 Ka itihela tiho tse ri kholu; ka ikagela matlu; ka itlomela masimo a mevina:

5 Ka itihela masimo, le masimo a a eletsegañ, mi ka tloma tlare tsa mauñuo aotle a sele go aona:

6 Ka itihela mariba a metse, go nosa sekhua sa litlare tse ri melañ ka aona:

7 Ka amogela batlañka le malata, mi ka na le bana ba ntlu ea me; le gona ka na le bontsi yo bogolu yoa matlape, le macomane, bogolu go botle ba ba le ba le pele ga me mo Yerusalema:

8 Ka ikokoanyetsa le shona selevera, le gouda, le mahumo a likhosi le a likhaolo tsa bogosi: ka itaolela baoperi ba banona le baoperi ba basari, le tse ri eletsegañ tsa bana ba bathu, le lilo tsa kopelo, le lilo tsa kopelo li sele cotle.

9 Mi ka gorisioa, mi ka totahala bogolu go botle ba ba le ba le pele ga me mo Yerusalema: le gona botlale yoa me yoa ba yoa sala le ’na.

10 Mi cotle tse maitlo a me a li eletsañ ki si ka ka li thiba go aona; ki si ka ka eola pelu ea me mo tlapeloñ epe: mi pelu ea me a le ea tlapeloa mo khokholeloñ cotle tsa me; mi e le e le kabelo ea tiho cotle tsa me.

11 Mi erile ki imenolela mo tihoñ cotle tse atla tsa me li tsa li riha, le mo khokholeloñ e ki le ka e riha ka khokholelo: mi bonañ, gotle e le e le boithamako le thekisego ea moea, mi go le go sina temohalelo tlatse ga letsatsi.

12 Mi ka imenola go bona botlale, le yona botseno, le bosilo: gone monona ohe eo o ka cuantsioañ le khosi mo tihoñ tse ri ntseñ yalo?

13 Eriha gona ki bonañ ha botlale bo na le bonatla bogolu go bosilo, yaka leseri le na le bonatla bogolu go lehihi.

14 Maitlo a letlale a mo tlogoñ ea yeona; mi seeleele se tsamaea mo hihiñ: mi le ’na, ka lemoga ha tihalo e le ñue e rihalela bona botle.

15 Mi ka re mo peruñ ea me, Ereka go ’ntihalela yaka go rihalela seeleele: ki neletseñ pelu ea me botlale? Ki gona ki buañ mo peluñ ea me, ha se le shona ki boithamako.

16 Gone go sina khakologelo ea letlale bogolu go ea seeleele ka bosakhutleñ; ka go bonala ha tse ri leeoñ yana, li tla lebaloa cotle mo metleñ e e tlañ: le letlale le shuelañ yaka seeleele?

17 Ki gona ki ilañ botselo; gone tiho e e rihiloeñ tlatse ga letsatsi e le boshula go ’na: gone cotle ki boithamako le thekisego ea moea.

18 Mi ka ila le eona khokholelo eotle e ki le ka e khokholela tlatse ga letsatsi: gone ki e tlogelela mothu eo o tla nañ hularoñ sa me.

19 Mi go itse mañ ba a tla na letlale khotsa seeleele? leha gontse yalo o tla na le taolo mo khokholeloñ eotle ea me e ki e khokholetseñ, e ki e rihileñ ka botlale tlatse ga letsatsi. Se le shona ki boithamako.

20 Ki gona ki shukologañ go shu-loholola pelu ea me mo khokholeloñ eotle e ki e khokholetseñ tlatse ga letsatsi.

21 Gone go le mothu, eo khokholelo ea gague e le e le mo botlaleñ, le mo kicoñ le mo temohaleloñ, leha gontse yalo o tla e nela mothu go na kabelo ea eo o la a sa khokholele mo go eona. Se le shona ki boithamako le boshula yo bogolu.

22 Gone mothu o na le eñ sa khokholelo eotle ea gague, le sa thekisego ea pelu ea gague, mo khokholeloñ ea gague tlatse ga letsatsi?

23 Gone malatsi aotle a gague ki libotluku, le kokego ea gague ki khakaco; le mo sigoñ pelu ea gague ga e lapologe. Se le shona ki boithamako.

24 A ga go molemo o mogolu mo mothuñ, go ya le go noa, gore moea oa gague o bone molemo oa khokholelo ea gague? Se le shona ka se lemoga, se coa mo atleñ sa Morimo.

25 Gone e mañ eo o ka yañ, khotsa e mañ eo o akohelañ mouo, bogolu go ’na?

26 Gone Morimo o nela mothu eo o molemo ha pele ga ona, botlale, le kico, le boitumelo: mi o nela moleohi kokego go phutha le go kokoanya, gore a nee ena eo o molemo ha pele ga Morimo. Se le shona ki boithamako le thekisego ea moea.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan