Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Mike 5 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


KHAOLO 5.

1 YANA ikiseñ mogo, moroaria mashomo: re tlasecoe: ba kantse mosekisi oa Bayeserela mo lerameñ ka thupa.

2 Mi uena Beta‐lehema Eferata, u motlana go na mo mathousandeñ a Yuda, go tla ’ncoela go uena eo o tla nañ Mobusi mo Bayesereleñ; eo maco a gague a la a le a bogolugolu le bogolugolu tala.

3 Ki gona o tla ba nelelañ e tsamaea motla o rihala, eo o tla tsalañ a tsale: ereha gona bana ba ga rague ba ba setseñ, ba tla boelañ go baneñ ba Yeserela.

4 Mi o tla ema, a hurisa ka thata ea ga Yehova, le ka khalalelo ea leina ya ga Yehova Morimo oa gague; mi ba tla nna: gone yana o tla na mogolu le kua khutloñ tsa lehatse.

5 Mi eouo, o tla na kagisho, mogañ Moasiria o tlaselañ hatse ya rona, a gataka lipaliso tsa rona, re tla mo cosetsa barisa ba seven, le banona ba eit ba ba tloricoeñ.

6 Mi ba tla lakaila lehatse ya Asiria ka caka, le lehatse ya Nimrode ha matsenoñ a yeona: mi re tla gololoa go Moasiria, mogañ o tlañ mo hatsiñ ya rona, mogañ o gatañ meleloane ea rona.

7 Mi masalela a Bayakoba a tla na gare ga bathu bantsi, yaka monyo o o coañ mogo Yehova, yaka merupe mo morogoñ, e e sa leteñ mothu, le esiñ go riegela bana ba bathu.

8 E, masalela a Bayakoba a tla na mo meraheñ gare ga bathu bantsi, yaka tau mo pholoholoñ tsa sekhua, yaka tauana mo macomaneñ a liñku: e ha e ralala, e gataka, e gagola, mi ga go ope eo o gololañ.

9 Atla sa gago se tla gorisioa gorimo ga baganetsi ba gago, mi baba botle ba gago ba tla khaoloa.

10 ¶ Mi go tla rihala mo motleñ ouo, go bua Yehova, ki tla khaola lipitse tsa lona tse ri go lona, mi ki tla herisa cariota tsa lona:

11 Mi ki tla khaola metse ea hatse ya lona, mi ki tla rutla kago tsa lona tsa phemelo cotle:

12 Mi ki tla khaola litoo tse ri go lona; mi ga lo kitla lo tlola lo na le bashuabi ba maru.

13 Mi ki tla khaola licuanco tse ri setiloeñ tsa lona, le licuanco tse ri thokhameñ tsa lona mo go lona; mi ga lo kitla lo tlola lo obamela tiho ea atla tsa lona.

14 Mi ki tla mumula likhua tsa lona mo go lona: mi ki tla senya metse ea lona.

15 Mi ki tla bushulosa ka bogale le bocarara mo meraheñ, e e si kañ ea akela.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan