Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Mataio 9 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


KHAOLO 9.

1 MI ka a tsena mo shepeñ, a khabaganya, a hitla motseñ oa gague.

2 Mi bonañ, ba mo leretsa monona oa teteselo a letse mo bolaoñ; mi Yesu ka a bona tumelo ea bona, a raea monona oa teteselo, Moroaka, u namatsege, libe tsa gago u li icuarecoe.

3 Mi bonañ, bañue ba bakuari ba ithaea ba re, Eo, oa khala.

4 Mi Yesu ka a bona megopolo ea bona, a re, Lo gopolelañ lilo tsa boshula mo peruñ tsa lona?

5 Ki gohe go nolo, go tua, Libe tsa gago li icuarecoe, khotsa go ka tua, Tloga, u eme, u tsamae?

6 Mi gore lo itse ha Moroa mothu a na le thata go icuarela libe mo lehatsiñ, (mi a raea eo o teteselañ,) Tloga, u eme, culetsa sealo sa gago, mi u ee kua tluñ ea gago.

7 Mi ka a coga, a ea kua tluñ ea gague.

8 Ka bontsintsi bo bona yalo, yoa gakhamala, yoa galaletsa Morimo, o o netseñ bathu thata e e ntseñ yalo.

9 ¶ Mi ka Yesu a coa gona, a bona monona eo o birioañ Mataio, a rutse mo tluñ ea khethelo, mi a mo raea, ’Ntsala morago. Mi ka a ema a mo sala morago.

10 ¶ Mi ga rihala ka a lula ha liyoñ mo tluñ ea ga Mataio, bonañ, bontsi yoa baphuthi ba lekhetho le baleohi ba tla, ba lula ha liyoñ le Yesu le barutoa ba gague.

11 Mi ka Bafarisai ba bona yalo, ba raea barutoa ba gague, Moruti oa lona o yelañ le baphuti ba lekhetho le baleohi?

12 Mi ka Yesu a utlua yalo, a ba raea, Ba ba horileñ ga ba re ñaka sepe, mi e tlokoa ki ba ba bobolañ.

13 Mi eañ lo ithute lehuku ye le reñ, Ki rata boicuarelo mi esiñ cupelo: gone ga kia tlela go biletsa basiami tlabologoñ, e le baleohi.

14 ¶ Eriha gona go tlañ barutoa ba ga Yohane go ena, ba re, Ana Bafarisai le rona ga re yeleñ ka gantsi, mi barutoa ba gago ga ba rihe go bisa go ya?

15 Mi Yesu a ba raea, A tsala tsa ntlu ea monyaroi li ka ithiba go ya ka monyari a na naco? Mi malatsi a tla tla monyari o tla tlosioa go cona, eriha gona li tla rihañ go bisa go ya.

16 Mi ga go ope eo o bitielañ seaparo se se onetseñ ka sebata se sesha; gone se se bitietseñ se tla gagola seaparo, mi khagogo e keketsega.

17 Le gona bathu ga ba tsele boyaloa yo bosha mo makukeñ a a onetseñ, gone a tla phanyega, mi boyaloa bo culoge, mi makuka a senyege; mi ba tsela boyaloa yo bosha mo makukeñ a masha, mi go bulukege gotle.

18 ¶ Mi ka a sa bua lilo tse nabo, bonañ, ga tla molaori moñue, a mo obamela, a re, Moroariake o shule yana; mi ntlo, u bee atla sa gago go ena, mi o tla tsela.

19 Mi ka Yesu a nanoga a mo sala morago, le bona barutoa ba gague.

20 Mi bonañ, mosari eo o la a na le tabogo ea mari ka linyaga li tuelev, a tla morago ga gague, a ama peleri ea seaparo sa gague;

21 Gone a ithaea, Ha ’nka ama apao sa gague, ki tla hola.

22 Mi Yesu a retologa, mi ka a mona, a re, Nametsega, moroariaka, tumelo ea gago e gu horisitse. Mi mosari a hola ka oura ouo.

23 Mi ka Yesu a tseno mo tluñ ea molaori, a bona ba ba lotsañ litlaka, le bathu ba cositse morumo.

24 A ba raea, Thibogañ: gone moroetsana ga a shua, mi o robetse. Mi ba mo ñoñola.

25 Mi erile bathu ba sina ntsioa, a tsena, a mo cuara ka atla sa gague, mi moroetsana a ruloa.

26 Mi pako ea mouo, ea halalela mo hatsiñ yeotle yeuo.

27 ¶ Mi ka Yesu a coa gona, lihohu li tu tsa mo sala morago, tsa bitsa, tsa re, Moroa Davide, re utluele botluku.

28 Mi o rile a sina tsena mo tluñ, liholu tsa ea go ena, mi Yesu a li raea, A loa rumela ha ’nka riha seo se? Tsa mo raea, E, Morena.

29 Mi a ama maitlo a cona, a re, A go lo rihahalele yaka tumelo ea lona.

30 Mi maitlo a cona a bulega, mi Yesu a ba laolela thata, a re, Lo itise gore go si itse ope.

31 Mi ba, ka ba coa, ba halatsa pako ea gague mo hatsiñ yeotle ye.

32 ¶ Mi ka ba coa, bonañ, ba lere monona moñue eo o sa bueñ, a cueroe ki modemona.

33 Mi erile modemona a sina khoromelerioa ntle, eo o sa bueñ a bua; mi bontsintsi yoa gakhamala, yoa re, Ga go e si go ke go bonoe yalo mo Yesereleñ.

34 Mi Bafarisai, ba re, Oa khoromeletsa ntle bademona ka mogolu oa bedemona.

35 Mi Yesu a tlatlologanya metse le metsana, a ruta mo masenagogeñ, a bulela Evañgelio ea pusho, a horisa pobolo cotle, le maloetse aotle, mo bathuñ.

36 ¶ Mi ka a bona bontsintsi a bo utluela botluku, gone bo lapisioa, bo halaricoe, yaka lecomane ye le sinañ morisa.

37 Eriha gona o raeañ barutoa ba gague, Thobo e kholu amarure, mi barobi ba botlana;

38 Ki gona rapelañ Morena oa thobo, gore a romele barihi thoboñ.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan