Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Mataio 26 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


KHAOLO 26.

1 MI ga rihala ka Yesu a sina uetsa mahuku aotle a, a raea barutoa ba gague, a re,

2 Loa itse morago ga malatsi ma tu e le Tlolaganyo, mi Moroa mothu o nelecoe go bapoloa.

3 Eriha gona baperiseti ba bagolu, le bakuari, le bagolu bo bathu, ba phuthegelañ mo tluñ e kholu ea moperiseti eo mogolu, eo o birioañ Kaiafe.

4 Mi ba gakololana gore ba cuare Yesu ka tsieco go molaea.

5 Mi ba re, Esiñ mo morihoñ, gore go si ne tlapeo mo bathuñ.

6 ¶ Mi yana ka Yesu a le mo Betania, mo tluñ ea ga Simone moleperoi,

7 Ga tla mosari go ena a na le letluyana ya alebasetara, ya setlolo se se leñ thata go rekoa, mi a se gorometsa mo tlogoñ ea gague ka a rutse ha liyoñ.

8 Mi ka barutoa ba gague ba bona yalo, ba galeha bogolu, ba re, Ana tsenyo e, ki eañ?

9 Gone setlolo se, se kabo se baparicoe ka theko e kholu, mi e neiloe bahumanegi.

10 Mi ka Yesu a itse mouo, a ba raea, Ana mosari eo lo mo cuenyetsañ? gone o ’ntihetse tiho e e molemo.

11 Gone bahumanegi ba na le lona ka gale; mi ’na, ga lo na le ’na ka gale.

12 Gone setlolo se erile a se gorometsa mo meleñ oa me o se tseleletse phitlo ea me.

13 Amarure kia lo raea, Mo hatsiñ yeotle kua evañgelio e, e tla reroañ gona, le gona, go tla buleloa gona se mosari eo o se ’ntihetseñ, go mo gopola.

14 ¶ Eriha gona go eañ moñue oa ba tuelev, eo o birioañ Yuda Isekariota go baperisetiñ ba bagolu,

15 Mi a re, Lo tla ’nnaeañ, mi ki tla mo lo nela? mi ba mo laolela liselevera li terte.

16 Ga motla ouo a batla lobaka lo, o ka mo ba nelañ ka lona.

17 Mi yana mo tsatsiñ ya ntla ya señkhue se se sa birisioeñ, ga tla barutoa go Yesu, ba mo raea, U rata ra gu etleleletsa kae Tlolaganyo go e ya?

18 Mi a re, Eañ mo motseñ go mañmañ, lo mo ree, Moruti a re, Motla oa me o gauhe, ki tla yela go uena Tlolaganyo le barutoa ba me.

19 Mi barutoa ba riha yaka Yesu a ba kaetse, mi ba bakanya Tlolaganyo.

20 Mi eare go na mabanyane a lula le ba tuelev.

21 Mi ka ba sa ya, a re, Amarure kia lo raea, Moñue oa lona o tla ’nkoka.

22 Mi ba hutsahala segolu, ba simolola moñue le moñue oa bona go mo raea, Morena, a ki ’na?

23 Mi a araba, a re, Eo seatla sa gague se nañ le sa me mo mogocaneñ, ki ena eo o tla ’nkokañ.

24 Moroa mothu o ea yaka go kuariloe ga gague, mi go latlega monona eo, Moroa mothu o okiloeñ ki ena: go kabo go le molemo go monona eo ha a la a si ka a tsaloa.

25 Eriha gona Yuda eo o mo okileñ o arabañ, a re, Rabi, a ki ’na? A mo raea, U buile.

26 ¶ Mi ka ba sa ya. Yesu a cula señkhue, a itumelela, a se roba, a se nela barutoa ba gague, mi a re, Culañ, lo ye; se ki mele oa me.

27 Mi a cula senoelo, a itumelela, a se ba nela, a re, Noañ lotle ga shona.

28 Gone se ki mari a me, ki mari a kholagano e nca, a a culogetseñ bontsi go icuarela libe.

29 Mi kia lo raea, Ga yana ga ’nkitla ki noa ga louñuo lo loa vine go tsatsiñ ye, ki tla lo noañ lo losha le lona mo gosiñ yoa ga Rre ka yeona.

30 Mi eare ba sina opela sehela, ba coela kua thabeñ ea Olefa.

31 Eriha gona Yesu o ba raeañ. Lona lotle lo tla khocoa ka ntla ea me sigoñ yonu; gone go kuariloe, Ki tla betsa morisa, mi linku tsa lecomane li tla balarioa.

32 Mi ki tlare ki sina coga ki tla lo etelela pele kua Galilea.

33 Mi Petero a araba, a mo raea, Leha botle ba tla khocoa ka ntla ea gago, ’na, ga ’nkitla ki khopioa ka gope.

34 Yesu a mo raea, Amarure kia gu raea, U tla ’ntatola ga teri koku e tona e si e lele mo sigoñ yonu.

35 Petero a mo raea, Leha ’nkabo ki shua nau, ga ’nkitla ki gu itatola. Barutoa botle le bona ba bua yalo.

36 ¶ Eriha gona Yesu o eañ nabo kua heloñ go birioañ Getsemane, mi a raea barutoa, Lulañ ha, ka ki sa ea hale go rapela.

37 Mi a cula Petero le bomoroa Sebedaio ba tu nae, mi a simolola go hutsahala, mi a na mo tlaleloñ e kholu.

38 Eriha gona o ba raeañ, Moea oa me o cueroe ki tlalelo ea loshu; salañ ha, mi risañ le ’na.

39 Mi a coela pele go nyenye, mi a itigela mo hatlogoñ se gague, mi a rapela, a re, Rra, ha go ka na yalo, a senoelo se, se ’mphete; leha gontse yalo, esiñ go rata ga me, a thato ea gago e rihale.

40 Mi a tla go barutoa, mi a ba hitlela ba robetse, mi a raea Petero, Au! a ga lo kake loa risa le ’na ka oura moñue hela?

41 Risañ, mi lo rapele, gore lo si tsene me thaeloñ; moea rure o bonako, mi nama e bokoa.

42 Mi a ba a ea loa bo‐tu, a rapela, a re, Rra, ha senoelo se, se sa kake sa ’mpheta, ha ki sa se noe pele, go rata ga gago a go rihale.

43 Mi ka a boea a ba a ba bona ba robetse, gone maitlo a bona a heñoa ki boroko.

44 Mi a ba tlogela, mi a ba a ea, a rapela loa bo teri, a bua mahuku auo ka aosi.

45 Eriha gona o tlañ go barutoa ba gague, a ba raea, Lo ne lo robale, lo ikhutse; bonañ, oura o atametse, Moroa mothu o nelecoe mo atleñ tsa baleohi.

46 Tlogañ, a re eeñ, bonañ, eo o ’nkokañ o atametse.

47 Mi ka a sa bua, bonañ, Yuda moñue oa ba tuelev a tla, mi a na le bontsi yo bogolu bo na le licaka le melamu, bo coa mo baperisetiñ ba bagolu, le mo bagoluñ ba bathu.

48 Mi yana eo o mo okañ, a bo naea seshupo, a re, Eo ki tla mo atlañ, eouo ki ena, mo cuareñ.

49 Mi a tla go Yesu ka bonako, a re, Rabi, rumela, mi a mo atla.

50 Mi Yesu a mo raea, Tsala, u tletseñ ha? Mi yoa atamela, mi yoa ntsetsa Yesu liatla, yoa mo cuara.

51 Mi bonañ, moñue oa bona, ba ba le ba na le Yesu, a ntsa seatla a shomola caka ea gague, mi a rema motlañka oa moperiseti eo mogolu, a mo khaola tsebe.

52 Eriha gona Yesu o mo raeañ, Shomela caka ea gago mo khatleñ ea eona, gone botle ba ba culañ caka ba tla nyelerioa ka caka.

53 A u itloma ki sa kake ka rapela Rre yana, mi o tla ’nnaea bogolu go ligion li tuelev tsa baengele?

54 Mi likualo li kabo li rihala yañ, tse li reñ, lilo tse li ne yalo?

55 Mi Yesu a raea bontsintsi mo oureñ ouo, A lo tlile go ’ncuara ka licaka le melamu yaka ki senokuane? Ki le ka lula le lona ka gale, ki ruta mo tempeleñ, mi ga loa ka loa ’ncuara.

56 Mi cotle tse, li rihetse, gore likualo tsa baperofeti li rihale. Eriha gona barutoa botle ba mo tlogelañ, ba tsaba.

57 ¶ Mi ba ba cuereñ Yesu ba mo gogela go Kaiafe moperiseti eo mogolu, kua bakuari, le bagolu ba le ba phuthegetse gona.

58 Mi Petero a mo latela a le khakala go ea kua tluñ ea moperiseti eo mogolu, mi ka a tsena a lula le batlañka go bona bokhutlo.

59 Mi yana baperiseti ba bagolu le bagolu le tseko e kholu eotle, ba batla cupo ea kako kaga Yesu, gore ba molae;

60 Mi leha bashupi ba kako bantsi ba le ba tla, ba si ka ba bona epe. Mi ga tla bashupi ba kako ba tu ba bohelo,

61 Ba re, Eo, o la a re, ’Nka rutla tempela ea Morimo, mi ka e aga ka malatsi a teri.

62 Mi moperiseti eo mogolu a ema, a mo raea, A ga u arabe sepe? Ba, ba shupañ kaga gago?

63 Mi Yesu a ririmala. Mi moperiseti eo mogolu a araba, a mo raea, Kia gu ikanisa ka Morimo o o tserileñ, gore u re bulelele ha e le uena Keresete, Moroa Morimo.

64 Yesu a mo raea, U buile; leha gontse yalo, kia lo raea, Ga yana, lo tla bona Moroa mothu a rutse mo atleñ se se siameñ sa thata, a tla ka maru a legorimo.

65 Eriha gona moperiseti eo mogolu o gagolañ aparo tsa gague, a re, O kharile Morimo, re sa rihañ bashupi? Bonañ, yana lo utluile khalo ea gague.

66 Lo gopolañ? Mi ba araba, ba re, O cuanetse go shua.

67 Eriha gona ba mo khuelañ mathe mo hatlogoñ sa gague, mi ba mo tlanya ka macuele. Mi ba bañue ba mo haphola,

68 Ba re, Keresete, re shoabashoabele, Emañ eo o gu beritseñ?

69 ¶ Mi Petero a rutse ha loapeñ, mi ga tla mohula go ena, a re, Le uena a lu u na le Yesu oa Galilea.

70 Mi a latola ha pele ga botle, a re, Ga ki itse se u se buañ.

71 Mi ka a coela kua khoroñ, mohula eo moñue a mona, a raea ba ba le ba le gona, Eo, le ena o la na le Yesu Monasarini.

72 Mi a ba a latola, ka ikano, a re, Ga ki itse monona eo.

73 Mi bokhutsanyane ga mouo ga tla ba ba emeñ gauhe, ba raea Petero, Amarure, u moñue oa bona; gone puo ea gago ea gu bonatsa.

74 Eriha gona o simololañ go hutsa le go ikana, a re, Ga ki itse monona eo. Mi koku e tona ea akoha ea lela.

75 Mi Petero a gakologeloa lehuku ye Yesu o la a le mo raea, U tla ’ntatola ga teri, koku e tona e si e lele. Mi a coela kua ntle, a lela ka botluku.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan