Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Mataio 23 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


KHAOLO 23.

1 ERIHA gona Yesu o buañ le bontsintsi le go barutoa ba gague,

2 A re, bakuari le Bafarisai ba lula mo seruloñ sa ga Moshe.

3 Ki gona cotle tse ba li lo bulelelañ go li buluka, li bulukeñ, lo li rihe; mi lo si rihe kaha ba rihañ ka gona; gone ba bua, mi ba sa rihe.

4 Gone ba boha lipelesho tse ri thata go belegoa, mi ba li baea mo maruliñ a bathu; mi ba gana go li ama ka moñue oa menuana ea bona.

5 Mi tiho cotle tsa bona, ba li riha gore ba bonoe ki bathu; mi ba atlamisa lifelaketeri tsa bona, mi ba totisa makantsa a liaparo tsa bona,

6 Mi ba rata lirulo tse ri kua pele mo merihoñ, le lirulo tse ri kholu mo masenagogeñ,

7 Le litumerisho mo mebileñ ea thekelo, le go birioa ki bathu, Rabi, Rabi.

8 Mi lona, si birioeñ Rabi, gone moñue e le mogogi oa lona, e boñ Keresete, mi lona lo bakauleñue lotle.

9 Mi lo si bitse ope Rra enu mo hatsiñ; gone moñue e le Rra enu, eo o mo magorimoñ.

10 Le gona lo si birioe bagogi, gone moñue e le mogogi oa lona, e boñ Keresete.

11 Mi eo o mogolu mo go lona, o tla na motlañka oa lona.

12 Mi leha e le mañmañ eo o ikhorisañ, o tla nolaharioa; mi eo o inolahatsañ, o tla gorisioa.

13 ¶ Go latlega lona, bakuari le Bafarisai, baitimokanyi; gone lo cualela bathu bogosi yoa magorimo; gone lo sa tsene, mi ba ba tsenañ lo sa ba lese go tsena.

14 Mi go latlega lona, bakuari le Bafarisai, baitimokanyi; gone lo metsa matlu a batlologari, mi lo riha merapelo go na seipato; ki gona lo tla bonañ tsekisho e kholu bogolu.

15 Go latlega lona, bakuari le Bafarisai, baitimokanyi; gone loa ralala leoatle le lehatse go riha moperoseliti a le moñue hela; mi ere a sina rihoa, loa mo riha ñuana oa molete oa molelo ga tu bogolu go lona.

16 Go latlega lona, bagogi ba lo hohuhetseñ, ba lo reñ, Leha e le mañmañ eo o tla ikanañ ka tempela, e tla bo e si sepe; mi leha e le mañmañ eo o tla ikanañ ka gouda oa tempela, o molatu naeo.

17 Masilo le lihohu ki lona; go gogolu ehe? Gouda, khotsa tempela e e tsephisañ gouda?

18 Mi leha e le mañmañ eo o tla ikanañ ka aletara, e tla bo e si sepe; mi leha e le mañmañ eo o tla ikanañ ka neo e e mo go eona, o molatu naeo.

19 Masilo le lihohu ki lona; go gogolu ehe? Neo, khotsa aletara e e tsephisañ neo?

20 Ki gona eo o ikanañ ka aletara, o ikana ka eona, le cotle tse ri mo go eona;

21 Mi ena eo o ikanañ ka tempela, o ikana ka eona, le eo o agañ mo go eona.

22 Mi ena eo o ikanañ ka legorimo, o ikana ka serulo sa bogosi sa Morimo, le ka ona o o lulañ mo go shona.

23 Go latlega lona, bakuari le bafarisai, baitimokanyi, gone loa leha liten tsa menta, le aneto, le kumine, mi loa lesa lilo tse ri kholu bogolu tsa molao, e boñ tsiamisho, le boicuarelo, le tumelo. Tse lo kabo lo li rihile, mi tse riñue lo si ka loa li lesa.

24 Bagogi ba lo hohuhetseñ ki lona, loa minolosa montsane, mi loa metsa kamela.

25 Go latlega lona, bakuari le Bafarisai, baitimokanyi, gone lo iñtlahatsa senoelo, le seyana ka kua ntle, mi kua teñ li tletse thopo le tsiamololo.

26 Mofarisai oa sehohu ki uena, iñtlahatsa ka kua teñ ga senoelo pele, le seyana, gore ka kua ntle ga shona le gona go iñtlaharioe.

27 Go latlega lona, bakuari le Bafarisai, baitimokanyi, gone lo cuana le liphupu tse ri shueuharicoeñ ka kua ntle, mi li tletse marapo a bashui, le go bola gotle, kua teñ.

28 Le lona loa iponatsa mo bathuñ lo le basiami yalo ka kua ntle, mi lo tletse boitimokanyo le tsiamololo mo teñ.

29 Go latlega lona, bakuari le Bafarisai, baitimokanyi, gone loa aga liphupu tsa baperofeti, mi loa khabisa liphupu tsa basiami,

30 Lo re, Re kabo re le ra na mo metleñ ea bo‐rra ecu, re kabo re sa ka ra na baabalani nabo mo mariñ a baperofeti.

31 Yalo loa shupa kaga lona, ha lo le bana ba ba ba bolaileñ baperofeti.

32 Le lona tlaleletsañ selekanyo sa bo‐rra enu.

33 Linoga ki lona, le losika loa lishaushauane ki lona, lo tla tsaba yañ tsekisho ea molete oa molelo?

34 Ki gona, bonañ, Kia roma baperofeti le matlale, le bakuari go lona; mi bañue ba bona lo tla ba bolaea, lo ba bapola; mi bañue ba bona lo tla ba betsa mo masenagogeñ a lona, lo ba bogisa go motse le motse;

35 Gore mari aotle a a siameñ a hitle go lona, a a culogetseñ mo hatsiñ, ga mari a ga Abele mosiami le go mariñ a ga Sakarie moroa Barakie eo lo molaetseñ ha gare ga tempela le aletara.

36 Amarure, kia lo raea, cotle tse li tla tla mo sikeñ lo.

37 Yerusalema, Yerusalema, eo o bolaeañ baperofeti, u khobotletse ka maye ba ba romecoeñ go uena! ’nkabo ki phuthile bana ba gago ka gale ga kai, yaka eona koku e phuthela mamphoroana a eona tlatse ga liphuka tsa eona, mi u ganne!

38 Bona, ntlu ea gago u e tlogelecoe letlotla.

39 Gone kia lo raea, Ga yana ga lo kitla lo tlola lo ’mpona, go tlo go tsamae lo re, Go tsegohala ena eo o tlañ mo ineñ ya ga Yehova.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan